Scriptures
Hilamene 6


Kgaolo 6

Basiami ba Baleimene ba rera go baleofi ba Banifae—Batho boo babedi ba a tswelela mo nakong ya kagiso le letlotlo—Lusifa, mokwadi wa sebe, o fuduwa dipelo tsa baleofi le dirukutlhi tsa ga Kedienthene mo dipolaong le boleofi—Dirukutlhi di tsaya puso ya Banifae. E ka nna dingwaga di le 29 go ya go di le 23 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore fa ngwaga wa masome a marataro le bobedi wa puso ya baatlhodi o sena go fela, dilo tse tsotlhe di ne di diragetse mme Baleimene ba ne ba nna, karolo e tona ya bone, batho ba tshiamo, mo e leng gore tshiamo ya bone e ne ya feta ya Banifae, ka ntlha ya tsepamo ya bone le nitamo ya bone mo tumelong.

2 Gonne bonang, go ne go le ba le bantsi ba Banifae ba ba neng ba thatafetse le go sena boikotlhao le boleofi jo botona, mo e leng gore ba ne ba gana lefoko la Modimo le go rera gotlhe le go porofita mo go neng ga tla mo go bone.

3 Le fa go ntse jalo, batho ba kereke ba ne ba nna le boipelo jo bogolo ka ntlha ya go sokololwa ga Baleimene, ee, ka ntlha ya kereke ya Modimo, e e neng e tlhomilwe gareng ga bone. Mme ba ne ba tsalana mongwe le yo mongwe, mme ba ipela mongwe le yo mongwe, mme ba nna le boipelo jo bogolo.

4 Mme go ne ga diragala gore bontsi jwa Baleimene ba ne ba tla mo lefatsheng la Sarahemola, mme ba ne ba bega go batho ba Banifae mokgwa wa tshokologo ya bone, mme ba ba rotloeletsa mo tumelong le boikotlhao.

5 Ee, mme bontsi bo ne jwa rera ka thata e kgolo mo go feteletseng le taolo, mo go tliseng tlase bontsi jwa bone mo boteng jwa boikokobetso, go nna balatedi ba ba boikokobetso ba Modimo le Kwanyana.

6 Mme go ne ga diragala gore bontsi jwa Baleimene ba ne ba ya mo lefatsheng le le bokone; ga mmogo le Nifae le Lihae ba ne ba ya mo lefatsheng le le bokone, go rera go batho. Mme jalo ga fela ngwaga wa masome a marataro le boraro.

7 Mme bonang, go ne go na le kagiso mo lefatsheng, mo e leng gore Banifae ba ne ba ya mo karolong efe le efe e ba batlang ya lefatshe, e ka nna gareng ga Banifae kgotsa Baleimene.

8 Mme go ne ga diragala gore Baleimene le bone ba ne ba ya gongwe le gongwe kwa ba neng ba batla, e ka nna gareng ga Baleimene kgotsa gareng ga Banifae; mme jalo ba ne ba nna le go tlhakatlhakana mo go gololesegileng mongwe le yo mongwe, go reka le go rekisa, go bona poelo, go ya ka fa keletsong ya bone.

9 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tla go huma mo go feteletseng, mmogo Baleimene le Banifae; mme ba ne ba nna le bontsi jo bo feteletseng jwa gauta, le jwa selefera, le jwa mekgwa yotlhe ya ditshipi tsa botlhokwa, mmogo mo lefatsheng borwa le mo lefatsheng bokone.

10 Mme jaanong lefatshe borwa le ne le bidiwa Lihae, mme lefatshe bokone le ne le bidiwa Miuleke, le reeletswe morago ga morwa Setekia; gonne Morena o ne a tlisa Miuleke mo lefatsheng bokone, mme Lihae mo lefatsheng borwa.

11 Mme bonang, go ne go na le mekgwa yotlhe ya gauta mo mafatsheng a ka bobedi, le ya selefera, le borale jo bo botlhokwa jwa mofuta mongwe le mongwe; mme go ne gape go na le banna ba badiri ba ba matsetseleko, ba ba neng ba dira mefuta yotlhe ya borale mme ba ne ba e phepafatsa; mme jalo ba ne ba huma.

12 Ba ne ba godisa mabele ka bontsi, mmogo mo bokone le mo borwa; mme ba ne ba tswelela thata mo go feteletseng, mmogo kwa bokone le kwa borwa. Mme ba ne ba ntsifala mme ba gola nonofa mo go feteletseng mo lefatsheng. Mme ba ne ba godisa matsomane a mantsi le matlhape, ee, magwere a mantsi.

13 Bonang basadi ba bone ba ne ba dira ka bonatla le go loga, mme ba ne ba dira mekgwa yotlhe ya letsela, ya letsela le le logilweng bontle le letsela la mofuta mongwe le mongwe, go apesa go sa ikategang ga bone. Mme jalo ngwaga wa masome a marataro le bone o ne wa feta ka kagiso.

14 Mme mo ngwageng wa masome a marataro le botlhano ba ne gape ba nna le boipelo jo bogolo le kagiso, ee, thero e ntsi le diporofito tse dintsi mabapi le seo se se tlaa tlang. Mme jalo ga feta ngwaga wa masome a marataro le botlhano.

15 Mme go ne ga diragala gore mo ngwageng wa masome a marataro le borataro wa puso ya baatlhodi, bonang, Sisoramo o ne a bolawa ka seatla se se sa itsiweng jaaka a ne a ntse mo setilong sa katlholo. Mme go ne ga diragala gore mo ngwageng one oo, gore morwawe, yo o neng a tlhomilwe ke batho mo boemong jwa gagwe, le ene o ne a bolawa. Mme jalo ga fela ngwaga wa masome a marataro le borataro.

16 Mme mo tshimologong ya ngwaga wa masome a marataro le bosupa batho ba ne ba simolola go nna baleofi mo go feteletseng gape.

17 Gonne bonang, Morena o ne a ba segofaditse sebaka se seleele jaana ka dikhumo tsa selefatshe gore ba ne ba sa fuduwelwa go tšhakgalong, go dintwa, le fa e le go tshololong ya madi; jalo he ba ne ba simolola go baya dipelo tsa bone mo dikhumong tsa bone; ee, ba ne ba simolola go batla go nna le poelo gore ba ka tla ba tsholetsega mongwe godimo ga yo mongwe; jalo he ba ne ba simolola go dira dipolao tsa sephiri, le go rukutlha, le go senya, gore ba ka tla ba nna le poelo.

18 Mme jaanong bonang, babolai bao le dirukutlhi e ne e le setlhopha se se neng se bopilwe ke Kishekumene le Kedienthene. Mme jaanong go ne ga diragala gore ba ne ba le bantsi, le gareng ga Banifae tota, ba setlhopha sa ga Kedienthene. Mme bonang, ba ne ba le bantsi gareng ga karolo ya Baleimene ya boleofi go feta. Mme ba ne ba bidiwa dirukutlhi le babolai ba ga Kedienthene.

19 Mme e ne e le bone ba ba neng ba bolaya moatlhodi mogolo Sisoramo, le morwawe, fa ba le mo setilong sa katlholo; mme bonang, ba ne ba seka ba bonwa.

20 Mme jaanong go ne ga diragala gore fa Baleimene ba bona gore go ne go na le dirukutlhi gareng ga bone ba ne ba utlwa botlhoko mo go feteletseng; mme ba ne ba dirisa tsela ngwe le ngwe mo thateng ya bone go ba senya go tswa mo sefatlhogong sa lefatshe.

21 Mme bonang, Satane o ne a fuduwa dipelo tsa karolo e tona ya Banifae, mo e leng gore ba ne ba kopana le setlhopha seo sa dirukutlhi, mme ba tsena mo dikgolaganong tsa bone le maikano a bone, gore ba tlaa sireletsana mongwe le yo mongwe mo seemong sefe kana sefe se se thata se ba tlaa bewang mo go sone, gore ba seka ba sotlegela dipolao tsa bone, le borukutlhi jwa bone, le go utswa ga bone.

22 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba na le ditshupo tsa bone, ee, ditshupo tsa bone tsa sephiri, mafoko a bone a sephiri; mme se gore ba ka tla ba farologanya morwarraabone yo o tseneng mo kgolaganong, gore mo boleong bofe kana bofe jo morwarraabone a ka bo dirang a seka a golafadiwa ke morwarraagwe, le fa e le bao ba ba neng e le ba setlhopha sa gagwe, ba ba neng ba tsere kgolagano e.

23 Mme jalo ba ka bolaya, le go thukutha, le go utswa, le go dira boaka le mekgwa yotlhe ya boleo, kgathanong le melao ya lefatshe la bone ga mmogo le melao ya Modimo wa bone.

24 Mme mang le mang wa bao ba e neng e le ba setlhopha sa bone yo o neng a tlaa senola go lefatshe boleo jwa bone le bodiabole jwa bone, o tshwanetse go sekisiwa, e seng ka fa melaong ya lefatshe la bone, mme ka fa melaong ya boleo jwa bone, e e neng e filwe ke Kedienthene le Kishekumene.

25 Jaanong bonang, ke maikano le dikgolagano tse tsa sephiri tse Alema a neng a laela morwawe gore di seka tsa tsamaya pele mo lefatsheng, e se re kgotsa di ka nna tsela ya go tlisa batho mo tshenyegong.

26 Jaanong bonang, maikano ao a sephiri le dikgolagano di ne tsa seka tsa tla pele go Kedienthene go tswa mo dipegong tse di kwadilweng tse di neng tsa neelwa Hilamene; mme bonang, di ne tsa tsenngwa mo pelong ya ga Kedienthene ke setshedi sone seo se se neng sa okisa batsadi ba rona ba ntlha go ja leungo le le ileditsweng—

27 Ee, setshedi sone seo se se neng sa dira leano le Kaine, gore fa a ka bolaya morwarraagwe Abele ga go kitla go itsege mo lefatsheng. Mme o ne a dira maano le Kaine le balatedi ba gagwe go tswa ka nako eo go ya pele.

28 Mme gape ke sone setshidi seo se se neng sa tsenya mo dipelong tsa batho go aga kago e e godileng bogodimo jo bo lekanetseng gore ba ka tla ba fitlha kwa legodimong. Mme e ne e le sone setshedi seo se se neng sa etelela pele batho ba ba neng ba tswa kwa kagong e e godileng eo go tsena mo lefatsheng le; se se neng sa anamisa ditiro tsa lefifi le bodiabole godimo ga sefatlhogo sa lefatshe lotlhe, go fitlhelela se gogela batho tlase kwa tshenyegong gotlhelele, le kwa moleteng o o senang bokhutlo.

29 Ee, ke sone setshidi seo se se tsentseng mo pelong ya ga Kedienthene go nna a tsweledisa ditiro tsa lefifi, le, polao ya sephiri; mme o e tlisitse pele go tswa kwa tshimologong ya motho le go ya tlase mo nakong eno.

30 Mme bonang, ke ene yo e leng ene mokwadi wa sebe sotlhe. Mme bonang, o tsweledisa ditiro tsa gagwe tsa lefifi le dipolao tsa sephiri, mme ba fitisetsa tlase maano a bone, le maikano a bone, le dikgolagano tsa bone, le dithulaganyo tsa bone tsa boleo jo bo boitshegang, go tswa tshikeng go ya tshikeng go ya jaaka a ka tshwara dipelo tsa bana ba batho.

31 Mme jaanong bonang, o tshwere mo gogolo dipelo tsa Banifae; ee, mo e leng gore ba nnile boleo mo go feteletseng; ee, karolo e tona ya bone e fapogile go tswa mo tseleng ya tshiamo, mme ba gataka ka fa tlase ga dinao tsa bone ditaelo tsa Modimo, mme ba fetogela go ditsela tsa bone, mme ba ne ba ikagela disetwa tsa gauta ya bone le selefera ya bone.

32 Mme go ne ga diragala gore boikepi jo jotlhe bo ne jwa tla mo go bone mo sebakeng sa dingwaga di se dintsi, mo e leng gore karolo e tona ya jone e tlile go bone mo ngwageng wa masome a marataro le bosupa wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba Nifae.

33 Mme ba ne ba gola mo boikeping jwa bone mo ngwageng wa masome a marataro le boroba bobedi gape, mo kutlobotlhokong e kgolo le khutsafalo ya basiami.

34 Mme jalo re bona gore Banifae ba ne ba simolola go nyennyafala mo tlhoka tumelong, mme ba gola mo boleong le bodiabole, fa Baleimene ba simolola go gola mo go feteletseng mo kitsong ya Modimo wa bone; ee, ba ne ba simolola go tshegetsa ditao tsa gagwe le ditaelo, le go tsamaya mo boammaaruring le tlhamalalo fa pele ga gagwe.

35 Mme jalo re bona gore Mowa wa Morena o ne wa simolola go tswa mo Banifaeng, ka ntlha ya boleo le bothata jwa dipelo tsa bone.

36 Mme jalo re bona gore Morena o ne a simolola go tshololela Mowa wa gagwe mo Baleimeneng, ka ntlha ya bomotlhofo le thato ya bone ya go dumela mo mafokong a gagwe.

37 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba ne ba tsoma setlhopha sa dirukutlhi tsa ga Kedienthene; mme ba ne ba rera lefoko la Modimo gareng ga karolo ya bone e e neng e le boleo go feta, mo e leng gore setlhopha se sa dirukutlhi se ne sa senngwa gotlhelele go tswa gareng ga Baleimene.

38 Mme go ne ga diragala ka fa seatleng se sengwe, gore Banifae ba ne ba ba aga le go ba ema nokeng, go simolola ka karolo ya bone e e neng e le boleo go feta, go fitlhelela ba aname go feta le lefatshe lotlhe la Banifae, mme ba okisitse karolo e tona ya basiami go fitlhelela ba tla go dumela mo ditirong tsa bone le go nna le seabe mo meputsong ya bone, le go kopana le bone mo dipolaong tsa bone tsa sephiri le makunutu.

39 Mme jalo ba ne ba tsaya tsamaiso yotlhe ya puso, mo e leng gore ba ne ba gataka ka dinao tsa bone le go itaya le go gagola le go hularela bahumanegi le ba ba bonolo, le balatedi ba ba boikokobetso ba Modimo.

40 Mme jalo re bona gore ba ne ba le mo seemong se se boitshegang, mme ba butswela tshenyego e e senang bokhutlo.

41 Mme go ne ga diragala gore jalo ga fela ngwaga wa masome a marataro le borabo bobedi wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba ga Nifae.