Scriptures
Hilamene 2


Kgaolo 2

Hilamene morwa Hilamene o nna moatlhodi mogolo—Kedienthene o etelela pele setlhopha sa ga Kishekumene—Motlhanka wa ga Hilamene o bolaya Kishekumene, mme setlhopha sa ga Kedienthene se tshabela mo nageng. E ka nna dingwaga di le 50 go ya go di le 49 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a mane le bobedi wa puso ya baatlhodi, morago ga Moronaeha a sena go tlhoma kagiso gape fa gare ga Baleimene le Banifae, bonang go ne go se ope go nna mo setilong sa katlholo; jalo go ne ga simolola go nna le komano gape gareng ga batho mabapi le gore ke mang yo o tshwanetseng go nna setilo sa katlholo.

2 Mme go ne ga diragala gore Hilamene, yo e neng e le morwa Hilamene, o ne a tlhongwa go nna setilo sa katlholo, ke lentswe la batho.

3 Mme bonang, Kishekumene, yo o neng a bolaile Phahorane, o ne a lalela Hilamene go mmolaya le ene; mme o ne a engwe nokeng ke setlhopha sa gagwe, ba ba neng ba tsene mo kgolaganong gore ope a seka a itse boleofi jwa gagwe.

4 Gonne go ne go na le mongwe Kedienthene, yo o neng a le moitseanape mo go feteletseng mo mafokong a mantsi, ga mmogo le mo tirong ya gagwe, go tsweledisa tiro ya sephiri ya polao le ya go thukutha; jalo he o ne a nna moeteledipele wa setlhopha sa ga Kishekumene.

5 Jalo he o ne a ba fora, ga mmogo le Kishekumene, gore fa ba ka mmaya mo setilong sa katlholo o tlaa fa go bao ba e neng e le ba setlhopha sa gagwe gore ba bewe mo setilong sa thata le taolo gareng ga batho; jalo he Kishekumene o ne a batla go bolaya Hilamene.

6 Mme go ne ga diragala gore jaaka a ne a ya pele kwa ntlheng ya setilo sa katlholo go bolaya Hilamene, bonang mongwe wa batlhanka ba ga Hilamene, a ne a le kwa ntle bosigo, mme a tsere, ka go itira motho o sele, kitso ka ga maano ao a a neng a logilwe ke setlhopha se go bolaya Hilamene—

7 Mme go ne ga diragala gore a rakane le Kishekumene, mme a mo neela sesupo; jalo he Kishekumene a dira gore go itsege go ene maikaelelo a keletso ya gagwe, a eletsa gore a mo ise kwa setilong sa katlholo gore a tle a bolaye Hilamene.

8 Mme fa motlhanka wa ga Hilamene a ne a itsile pelo yotlhe ya ga Kishekumene, le gore jang se e ne e le maikaelelo a gagwe go bolaya, le gore e ne e le maikaelelo a bao botlhe ba e neng e le ba setlhopha sa gagwe go bolaya, le go thukutha, le go tsaya thata, (mme se e ne e le leano la bone la sephiri, le makunutu a bone) motlhanka wa ga Hilamene a raya Kishekumene a re: A re ye pele kwa setilong sa katlholo.

9 Jaanong se se ne sa itumedisa Kishekumene mo go feteletseng, gonne o ne a gopola gore o ka diragatsa maikaelelo a gagwe; mme bonang, motlhanka wa ga Hilamene, jaaka ba ne ba ya pele kwa setilong sa katlholo, o ne a tlhaba Kishekumene le tota go ya kwa pelong, gore a we a sule kwa ntle ga go koma. Mme a siana mme a bolelela Hilamene dilo tsotlhe tse a neng a di bonye, le go utlwa, le go di dira.

10 Mme go ne ga diragala gore Hilamene o ne a romela pele go tsaya setlhopha se sa dirukuthi le babolai ba sephiri, gore ba tle ba bolawe go ya ka fa molaong.

11 Mme bonang, fa Kedienthene a bona gore Kishekumene o ne a sa bowe o ne a boifa gore kgotsa o sentswe; jalo he a dira gore setlhopha sa gagwe se mo sale morago. Mme ba tshaba go tswa mo lefatsheng, ka tsela ya sephiri, mo nageng; mme jalo fa Hilamene a romela pele go ba tsaya ba ne ba seka ba bonwa gope.

12 Mme go le gontsi ka ga Kedienthene yo go tlaa buiwa go tsweng fa. Mme jalo ga fela ngwaga wa masome a mane le bobedi wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba Nifae.

13 Mme bonang, mo bofelong jwa buka e lo tlaa bona gore Kedienthene yo o ne a baka thankgolo, ee, e ka nna tshenyo gotlhelele ya batho ba Nifae.

14 Bonang ga ke reye bokhutlo jwa buka ya ga Hilamene, mme ke raya bokhutlo jwa buka ya ga Nifae, e mo go yone ke tsereng pego yotlhe e ke e kwadileng.