Scriptures
Hilamene 3


Kgaolo 3

Banifae ba le bantsi ba fudugela kwa lefatsheng le le kwa bokone—Ba aga mantlo a semente mme ba baya dipego tse di kwadilweng di le dintsi—Masome a dikete a a sokololwa mme ba a kolobediwa—Lefoko la Modimo le isa batho kwa polokong—Nifae morwa Hilamene o nna setilo sa katlholo. E ka nna dingwaga di le 50 go ya go di le 49 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a mane le boraro wa puso ya baatlhodi, go ne go sena komano gareng ga batho ba ga Nifae fa e se fela boikgogomosonyana jo bo neng bo le mo kerekeng, jo bo neng jwa dira ditsuololonyana gareng ga batho, merero e e neng ya rarabololwa mo bokhutlong jwa ngwaga wa masome a mane le boraro.

2 Mme go ne go sena dikomano gareng ga batho mo ngwageng wa masome a mane le bone; le e seng gore go ne go na le dikomano mo ngwageng wa masome a mane le botlhano.

3 Mme go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a mane le borataro, ee, go ne ga nna le komano e ntsi le ditsuololo tse dintsi; tse mo go tsone go neng ga nna le bontsi jo bo feteletseng ba ba neng ba emelela go tswa mo lefatsheng la Sarahemola, mme ba ya pele kwa lefatsheng le le kwa bokone go tsaya lefatshe boswa.

4 Mme ba ne ba tsamaya sekgala se se golo mo go feteletseng, mo e leng gore ba ne ba tla kwa bo idiiding jo bo tona jwa metsi le dinoka tse dintsi.

5 Ee, mme le tota ba ne ba anamela pele mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe, mo dikarolong dife kana dife tse di neng di sa diriwa letlotla e bile di sena dikota, ka ntlha ya banni ba bantsi ba ba neng pele ba tsere lefatshe boswa.

6 Mme jaanong go ne go sena karolo epe ya lefatshe e e neng e le letlotla, kwa ntle fela ga dikota; mme ka ntlha ya go senngwa mo gogolo ga batho ba ba neng ba nnile mo lefatsheng pele, le ne le bidiwa letlotla.

7 Mme go ne go na fela le dikota tse dinnye mo sefatlhogong sa lefatshe, le fa go ntse jalo batho ba ba neng ba ya pele ba ne ba nna le boitseanape jo bo feteletseng mo tirisong ya semente; jalo he ba ne ba aga matlo a semente, a mo go one ba neng ba nna.

8 Mme go ne ga diragala gore ba ntsifale mme ba anama, mme ba ya pele go tswa kwa lefatsheng le le borwa go ya kwa lefatsheng le le bokone, mme ba ne ba anama mo e leng gore ba ne ba simolola go apesa sefatlhogo sa lefatshe lotlhe, go tswa kwa lewatleng borwa go ya kwa lewatleng bokone, go tswa kwa lewatleng bophirima go ya kwa lewatleng botlhaba.

9 Mme batho ba ba neng ba le mo lefatsheng le le go ya bokone ba ne ba nna mo ditanteng, le mo matlong a semente, mme ba ne ba letlelela setlhare sefe kana sefe se se runyang mo sefatlhogong sa lefatshe gore se gole, gore ka nako ba ka nna le dikota go aga matlo a bone, ee, metse ya bone, le ditempele tsa bone, le disenagoge tsa bone, le mafelo a a boitshepho a bone, le mekgwa yotlhe ya dikago tsa bone.

10 Mme go ne ga diragala ka dikota di ne di tlhaela mo go feteletseng mo lefatsheng le le bokone, ba ne ba romela pele di le dintsi ka tsela ya go dirisa dikepe.

11 Mme jalo ba ne ba dira gore batho ba ba mo lefatsheng le le bokone gore ba kgone go aga metse e le mentsi, mmogo ya dikgong le ya semente.

12 Mme go ne ga diragala gore go ne go le ba le bantsi ba batho ba ga Amone, ba e neng e le Baleimene ka matsalo, le bone ba ne ba ya pele mo lefatsheng le.

13 Mme jaanong go na le dipego tse di kwadilweng di le di ntsi di beilwe tsa ditsamaiso tsa batho ba, ke bontsi jwa batho ba, tse di manontlhotlho e bile di le di tona, mabapi le bone.

14 Mme bonang, karolo e nngwe mo lekgolong ya ditsamaiso tsa batho ba, ee, pego ya Baleimene le Banifae, le dintwa tsa bone, le dikomano, le ditsuololo, le go rera ga bone, le diporofito tsa bone, le go tsamaisa ka dikepe ga bone le go aga dikepe ga bone, le go aga ditempele ga bone, le disenagoge tsa bone le mafelo a a boitshepho a bone, le tshiamo ya bone, le boleofi jwa bone, le dipolao tsa bone, le go thukutha ga bone, le go rukutlha ga bone, le mekgwa yotlhe ya bodiabole le boaka, ga di kake tsa tsena mo tirong e.

15 Mme bonang, go na le dibuka di le dintsi le dipego tse di kwadilweng tse dintsi tsa mofuta mongwe le mongwe, mme di ne di tshegeditswe bogolo thata ke Banifae.

16 Mme di ne di neelwa tlase go tswa tshikeng go ya go e nngwe ke Banifae, le go fitlhelela ba wela mo tlolong molao mme ba bolawa, ba rukuthiwa, ba tsongwa, mme ba kgweelediwa pele, mme ba bolawa, le go phatlaladiwa mo sefatlhong sa lefatshe, mme ba kopakopana le Baleimene go fitlhelela ba sa tlhole ba bidiwa Banifae, ba nna baleofi, le mengala, le diganka le bosetlhogo, ee, le go nna Baleimene tota.

17 Mme jaanong ke boela gape kwa pegong ya me; jalo he, se ke se buileng se fetile morago ga go sena go nna le dikomano tse dikgolo, le dikhuduego, le dintwa, le ditsuololo gareng ga batho ba Nifae.

18 Ngwaga wa masome a mane le borataro wa puso ya baatlhodi wa fela;

19 Mme go ne ga diragala gore go ne go santse go na le komano e kgolo mo lefatsheng, ee, tota le mo ngwageng wa masome a mane le bosupa, ga mmogo le mo ngwageng wa masome a mane le boroba bobedi.

20 Le fa go ntse jalo Hilamene o ne a nna setilo sa katlholo ka tshiamiso le tekatekano; ee, o ne a tlhokomela go tshegetsa ditao, le dikatlholo, le ditaelo tsa Modimo; mme o ne a dira seo se se neng se siame mo ponong ya Modimo ka tswelelo; mme o ne a tsamaya fa morago ga ditsela tsa ga rraagwe, mo e leng gore o ne a tswelela mo lefatsheng.

21 Mme go ne ga diragala gore o ne a na le barwa ba le babedi. A naya go yo mogolo leina la Nifae, mme go yo mmotlana, leina la Lihae. Mme ba ne ba simolola go gola go Morena.

22 Mme go ne ga diragala gore dintwa le dikomano tsa simolola go ema, ka selekanyo se sennye, gareng ga batho ba Banifae, mo ntlheng ya bofelo ya ngwaga wa masome a mane le boroba bobedi wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba Nifae.

23 Mme go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a mane le boroba bongwe wa puso ya baatlhodi, go ne ga nna le kagiso ka tswelelo e tlhomilwe mo lefatsheng, lotlhe kwa ntle ga makunutu a sephiri a Kedienthene wa serukutlhi a neng a a tlhoma mo dikarolong tsa lefatshe tse go neng go thibeletswe thata mo go tsone, tse mo nakong eo di neng di sa itsege go bao ba ba neng ba le kwa tlhogong ya puso; jalo he ba ne ba sa senngwa go tswa mo lefatsheng.

24 Mme go ne ga diragala gore mo go one ngwaga o go ne go na le tswelelopele e e feteletseng mo gogolo mo kerekeng, mo e leng gore go ne go na le dikete tse di neng tsa tsena kereke mme ba kolobediwa go boikotlhao.

25 Mme go ne go le gogolo jalo tswelelo pele ya kereke, gape go ne go le go ntsi jalo masego a a neng a tshololelwa mo bathong, gore le baperesiti bagolo le baruti tota ba ne ba gakgametse go fetisa selekanyo.

26 Mme go ne ga diragala gore tiro ya Morena e ne ya tswelela pele go ya mo go kolobetseng le go kopanya le kereke ya Modimo, batho ba bantsi, ee, le masome a dikete tota.

27 Jalo re ka bona gore Morena o kutlwelobotlhoko go botlhe ba ba ratang, mo boammaaruring jwa dipelo tsa bone, ba bitsa leina la gagwe le le boitshepho.

28 Ee, jalo re bona gore kgoro ya legodimo e butswe go botlhe, tota le kwa go bao ba ba tlaa dumelang mo leineng la ga Jesu Keresete, yo e leng Morwa Modimo.

29 Ee, re bona gore mang le mang yo o ratang o ka tshwara lefoko la Modimo, le le bofefo le thata, le le tlaa fatolang ka bogare boferefere jotlhe le dirai le maretshwa a ga diabole, mme le ise monna wa ga Keresete mo tseleng e e pitlaganeng e bile e le tshesane go kgabaganya seru seo se se senang bokhutlo sa bohutsana se se baakanyeditsweng go ribegetsa baleofi—

30 Mme la gorosa botho jwa bone, ee, botho jwa bone jo bo sa sweng, kwa seatleng sa moja sa Modimo mo motseng wa bogosi jwa legodimo, go nna fa fatshe le Aberahame le Isake, le Jakobe, le botlhe borraarona ba ba boitshepho, go sa tlhole re tswela gape kwa ntle.

31 Mme mo ngwageng o go ne go na le go ipela mo go tsweletseng mo lefatsheng la Sarahemola, le mo dikgaolwaneng tsotlhe tse di mo tikologong, le mo lefatsheng lotlhe le le neng le tshotswe ke Banifae.

32 Mme go ne ga diragala gore go ne go na le kagiso le boipelo jo bogolo mo go feteletseng mo nakong e e neng e setse ya ngwaga wa masome a mane le boroba bongwe; ee, mme gape go ne go na le kagiso e e tsweletseng le boipelo jo bogolo mo ngwageng wa masome a matlhano wa puso ya baatlhodi.

33 Mme mo ngwageng wa masome a matlhano le bongwe wa puso ya baatlhodi go ne go na le kagiso gape, kwa ntle ga boikgomoso jo bo neng jwa simolola go tsena mo kerekeng—e seng mo kerekeng ya Modimo, mme mo dipelong tsa batho ba ba neng ba ipolela e le ba kereke ya Modimo—

34 Mme ba ne ba tsholetsegetse godimo mo boikgogomosong, le mo go tshwenyeng bontsi jwa bakaulengwe ba bone tota. Jaanong se e ne e le bosula jo bogolo, jo bo neng jwa dira karolo e e boikokobetso ya batho go sotlega matshwenyego a magolo, le go ralala dipogisego tse dintsi.

35 Le fa go ntse jalo ba ne ba ikitsa dijo le go rapela kgapetsa, mme ba gola go nonofa le go nonofa go feta mo boikokobetsong jwa bone, le tsepamo le tsepamo mo tumelong ya ga Keresete, go ya mo go tlatseng botho jwa bone ka boipelo le kgomotsego, ee, le kwa go itshekisong le go itshephisa dipelo tsa bone, itshephiso eo e e tlang ka ntlha ya go neela ga bone dipelo tsa bone go Modimo.

36 Mme go ne ga diragala gore ngwaga wa masome a matlhano le bobedi le o ne wa felela ka kagiso, kwa ntle ga boikgogomoso jo bogolo mo go feteletseng jo bo neng bo tsene mo dipelong tsa batho; mme e ne e le ka ntlha ya dikhumo tsa bone tse dikgolo mo go feteletseng le tswelelo pele ya bone mo lefatsheng; mme bo ne jwa gola mo go bone ka letsatsi le letsatsi.

37 Mme go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a matlhano le boraro wa puso ya baatlhodi, Hilamene a swa, mme morwawe yo motona Nifae a simolola go busa mo boemong jwa gagwe. Mme go ne ga diragala gore o ne a nna setilo sa katlholo ka tshiamiso le tekatekano, ee, o ne a tshegetsa ditaelo tsa Modimo, mme a tsamaya mo ditseleng tsa ga rraagwe.