Scriptures
Hilamene 15


Kgaolo 15

Morena o otlhaile Banifae ka ntlha ya gore o ne a ba rata—Baleimene ba ba sokolotsweng ba tlhomame e bile ba nitame mo tumelong—Morena o tlaa nna kutlwelobotlhoko go Baleimene mo malatsing a bofelo. E ka nna dingwaga di le 6 pele ga ga Keresete.

1 Mme jaanong, bakaulengwe ba me ba ba rategang, bonang, ke bega go lona gore fa e se lo ka ikotlhaya matlo a lona a tlaa tlogelwa go lona a le matlotla.

2 Ee, fa e se lo ka ikotlhaya, basadi ba lona ba tlaa nna le lebaka le legolo la go hutsafala mo letsatsing le ba tlaa bong ba amusa; gonne lo tlaa leka go tshaba mme go tlaa bo go sena lefelo la botshabelo; ee, mme khutsafalo go bone ba ba imana, gonne ba tlaa bo ba le bokete mme ba sa kgone go tshaba; jalo he, ba tlaa gatakwa mme ba tlogelwa go nyelela.

3 Ee, khutsafalo go batho ba ba ba bidiwang batho ba Nifae kwa ntle ga ba ka ikotlhaya, fa ba tlaa bona ditshupo tse tsotlhe le ditseanyo tse di tlaa supiwang go bone; gonne bonang, ba ne ba nnile batho ba ba tlhophilweng ba Morena; ee, batho ba Nifae o ba ratile, mme gape a ba otlhaile; ee, mo malatsing a boikepi jwa bone o ba otlhaile ka ntlha ya gore o a ba rata.

4 Mme bonang bakaulengwe ba me, Baleimene o ne a ba tlhoile ka ntlha ya gore ditiro tsa bone di ne di nnile bosula ka tswelelo, mme se ka ntlha ya boikepi jwa dingwao tsa borraabo. Mme bonang, poloko e tlile go bone ka go rera ga Banifae; mme ka ntlha ya maikaelelo a Morena o lelefaditse malatsi a bone.

5 Mme ke ka re gore lo bone gore karolo e tona ya bone ba mo tseleng ya tiro ya bone, mme ba tsamaya ka tlhokomelo fa pele ga Modimo, mme ba tlhokomela go tshegetsa ditaelo tsa gagwe le ditao tsa gagwe le dikatlholo tsa gagwe go ya ka fa molaong wa ga Moše.

6 Ee, ka re go lona, gore karolo e tona ya bone ba dira se, mme ba kgaratlha ka tlhoafalo e e senang letsapa gore ba ka tlisa bakaulengwe ba bone ba ba setseng mo kitsong ya boammaaruri; jalo he go ba le bantsi ba ba tlatsang dipalo tsa bone ka letsatsi le letsatsi.

7 Mme bonang, lo a itse ka bolona, gonne lo se bone, gore bontsi jotlhe jwa bone jaaka ba tlisiwa mo kitsong ya boammaaruri, le go itse boleo le dingwao tse di bodiabole tsa borraabo, mme ba isiwa go dumela mafoko a Modimo a a boitshepho a a kwadilweng, ee, diporofito tsa baporofiti ba ba boitshepho, tse di kwadilweng, tse di ba isang kwa tumelong mo Moreneng, le kwa boikotlhaong, tumelo le boikotlhao tse di tlisang phetogo ya pelo go bone—

8 Jalo he, fela jaaka bontsi jo bo tlileng mo go se, lo itse ka bolona ba tlhomame le go nitama mo tumelong, le mo selong se ka sone ba dirilweng go gololesega.

9 Mme lo itse gape gore ba epetse dibetsa tsa bone tsa ntwa, mme ba tshaba go di tsaya gore e se re kgotsa ka mokgwa mongwe ba dire sebe; ee, lo ka bona gore ba tshaba go dira sebe—gonne bonang ba ka itetlelela gore ba gatakwe le go bolawa ke baba ba bone, mme ga ba kake ba tsholetsa ditšhaka tsa bone kgatlhanong le bone, mme se ka ntlha ya tumelo ya bone mo go Keresete.

10 Mme jaanong, ka ntlha ya nitamo ya bone fa ba dumela mo selong seo se ba se dumelang, gonne ka ntlha ya tlhomamo ya bone fa ba sena go lemotshiwa, bonang, Morena o tlaa ba segofatsa le go lelefatsa malatsi a bone, go sa kgathalesege boikepi jwa bone—

11 Ee, le fa ba ka nyennyafala mo tlhoka tumelong Morena o tlaa lelefatsa malatsi a bone, go fitlhelela nako e tla e go builweng ka yone ke borraarona, le gape ke moporofiti Sinose, le baporofiti ba bangwe ba bantsi, mabapi le tsosoloso ya bakaulengwe ba rona, Baleimene, gape mo kitsong ya boammaaruri—

12 Ee, ka re go lona, mo dinakong tsa bofelo ditsholofetso tsa Morena di thapololetswe go bakaulengwe ba rona, Baleimene; le go sa kgathalesege dipogisego tse dintsi tse ba tlaa nnang le tsone, le go sa kgathalesege gore ba tlaa kgweediwa go ya kwa le go tswa kwa mo sefatlhogong sa lefatshe, mme ba tsongwe, mme ba tlaa itewa le go phatlaladiwa kwantle, ba sena lefelo la botshabelo, Morena o tlaa nna kutlwelobo tlhoko mo go bone.

13 Mme se ke go ya ka fa seporofitong, gore ba tlaa tlisiwa gape mo kitsong ya boammaaruri, e e leng kitso ya Morekolodi wa bone, le modisa yo mogolo wa bone wa boammaaruri, mme ba balelwe gareng ga dinku tsa gagwe.

14 Jalo he ka re go lona, go tlaa nna botoka mo go bone go gaisa go lona kwa ntleng ga lo ka ikotlhaya.

15 Gonne bonang, ditiro tse dikgolo di bontshitswe go bone tse di bontshitsweng go lona, ee, go bone ba ba nyenyafetseng mo tlhoka tumelong ka ntlha ya dingwao tsa borraabo, lo ka iponela ka bolona gore ba ne ba ka seka gape ba tlhola ba nyenyefala mo tlhoka tumelong.

16 Jalo he, go bua Morena: Ga ke kake ka ba senya gotlhelele, mme ke tlaa dira gore mo letsatsing la tlhalefo ya me ba tlaa boela gape go nna, go bua Morena.

17 Mme jaanong bonang, go bua Morena, mabapi le batho ba Banifae: Fa e se ba ka ikotlhaya, mme ba tlhokomela go dira thato ya me, ke tlaa ba senya gotlhelele, go bua Morena, ka ntlha ya tlhoka tumelo ya bone go sa kgathalesege ditiro tse dikgolo tse dintsi tse ke di dirileng gareng ga bone; mme fela jaaka e le ruri Morena a tshela dilo tse di tlaa nna, go bua Morena.