Scriptures
Hilamene 4


Kgaolo 4

Ditsuolodi tsa Banifae le Baleimene ba kopanya masole mme ba tsaya lefatshe la Sarahemola—Go fenngwa ga Banifae go tla ka ntlha ya boleo jwa bone—Kereke e a nyenyafala, mme batho ba nna bokowa jaaka Baleimene. E ka nna dingwaga di le 38 go ya go di le 30 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a matlhano le bone go ne go na le ditsuololo di le dintsi mo kerekeng, mme go ne gape go na le komano gareng ga batho, mo e leng gore go ne go na le tshololo ya madi e ntsi.

2 Mme karolo e e boingaolo e ne ya bolawa mme ya kgweediwa go tswa mo lefatsheng, mme ba ne ba ya go kgosi ya Baleimene.

3 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba leka ka bonatla go fuduwa Baleimene mo ntweng kgatlhanong le Banifae; mme bonang, Baleimene ba ne ba boifa mo go feteletseng, mo e leng gore ba ne ba seka ba obamela mafoko a ditsuolodi.

4 Mme go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a matlhano le borataro wa puso ya baatlhodi, go ne go na le ditsuolodi tse di ileng go tswa mo Banifaeng go ya go Baleimene; mme ba ne ba kgona le ba bangwe bao mo go ba fuduweng mo tšhakgalong kgatlhanong le Banifae; mme ba ne botlhe mo ngwageng oo ba baakanyetsa ntwa.

5 Mme mo ngwageng wa masome a matlhano le bosupa ba ne ba tla kgatlhanong le Banifae go lwa, mme ba ne ba simolola tiro ya loso; ee, mo e leng gore mo ngwageng wa masome a matlhano le boroba bobedi wa puso ya baatlhodi ba ne ba kgona mo go tseyeng lefatshe la Sarahemola; ee, ga mmogo le mafatshe otlhe, le tota go ya kwa lefatsheng le le neng le le gaufi le lefatshe la Letlepu.

6 Mme Banifae le mephato ya ga Moronaeha ba ne ba kgweelediwa le go ya mo lefatsheng la Letlepu tota;

7 Mme koo ba ne ba tlisa tshireletso kgatlhanong le Baleimene, go tswa kwa lewatleng la bophirima, le tota go ya botlhaba; lone e le loeto lwa letsatsi mo Monifaeng, mo tseleng e ba neng ba tiisitse tshireletso ya yone mme ba beile mephato ya bone go sireletsa lefatshe la bone la bokone.

8 Mme jalo ditsuolodi tseo tsa Banifae, ka thuso ya mophato o montsi wa Baleimene, ba ne ba tsaya dithoto tsotlhe tsa Banifae tse di neng di le mo lefatsheng le le go ya borwa. Mme tse tsotlhe di ne tsa dirwa mo dingwageng tsa masome a matlhano le boroba bobedi le boroba bongwe wa puso ya baatlhodi.

9 Mme go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a marataro wa puso ya baatlhodi, Moronaeha o ne a kgona ka mephato ya gagwe mo go tseyeng dikarolo tse dintsi tsa lefatshe; ee, ba ne ba tsaya gape metse e le mentsi e e neng e wetse mo diatleng tsa Baleimene.

10 Mme go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a marataro le bongwe wa puso ya baatlhodi ba ne ba kgona mo go tseyeng gape le sephatlo tota sa dikgaolo tsa bone tsotlhe.

11 Jaanong tatlhegelo e kgolo e ya Banifae, le polao e kgolo e e neng e le gareng ga bone, di ka bo di sa diragala fa e ne e se ka boleofi jwa bone le bodiabole jwa bone tse di neng di le gareng ga bone; ee, mme bo ne bo le gareng ga bao gape ba ba neng ba ipolela e le ba kereke ya Modimo.

12 Mme e ne e le ka ntlha ya boikgogomoso jwa dipelo tsa bone, ka ntlha ya dikhumo tsa bone tse di feteletseng, ee, e ne e le ka ntlha ya kgatelelo ya bone mo bahumaneging, ba tima dijo tsa bone ba ba bolailweng ke tlala, ba tima diaparo tsa bone ba ba sa ikategang, mme ba itaya bakaulengwe ba bone ba ba boikokobetso mo letlhaeng, ba ikgatlha ka seo se se boitshepho, ba gana mowa wa seporofiti le tshenolo, ba bolaya, ba rukutlha, ba aka, ba utswa, ba dira boaka, ba ema ka dikomano tse dikgolo, ba ngwegela kwa lefatsheng la Nifae, gareng ga Baleimene—

13 Mme ka ntlha ya jo boleo jo bogolo jwa bone, le go ikgantsha ga bone mo nonofong ya bone, ba ne ba tlogelwa mo nonofong ya bone; jalo he ba ne ba seka ba tswelela, mme ba bogisiwa le go itewa, le go kgweediwa fa pele ga Baleimene, go fitlhelela ba latlhegetswe ke taolo e ka nna ya mafatshe otlhe a bone.

14 Mme bonang, Moronaeha o ne a rera dilo di le dintsi go batho ka ntlha ya boikepi jwa bone, ga mmogo le Nifae le Lihae, ba e neng e le barwa Hilamene, ba ne ba rera dilo di le dintsi go batho, ee, mme ba ne ba porofita dilo di le dintsi go bone mabapi le boikepi jwa bone, le se se tlaa ba diragalelang fa ba ka seka ba ikotlhaela dibe tsa bone.

15 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba ikotlhaya, mme go lekana le jaaka ba ne ba ikotlhaya ba ne ba simolola go tswelela.

16 Gonne fa Moronaeha a bona gore ba ne ba ikotlhaya o ne a leka go ba etelela pele go tswa lefelong go ya lefelong, go tswa mo motseng go ya motseng, le go fitlhelela ba tsere gape sephatlo sa dilwana tsa bone le sephatlo sa mafatshe otlhe a bone.

17 Mme jalo ga fela ngwaga wa masome a marataro le bongwe wa puso ya baatlhodi.

18 Mme go ne ga diragala mo ngwageng wa masome a marataro le bobedi wa puso ya baatlhodi, gore Moronaeha o ne a seka a tlhola a kgona go tsaya dikgaolo dipe mo Baleimeneng.

19 Jalo he ba ne ba tlogela maikaelelo a bone a go tsaya mafatshe a bone a a setseng, gonne go ne go le gontsi mo go kalo Baleimene mo e leng gore go ne ga tla go sa kgonege gore Banifae ba ka tsaya thata e ntsi godimo ga bone; jalo he Moronaeha o ne a dirisa mephato yotlhe ya gagwe mo go tlhokomeleng dikarolo tseo tse a neng a di tsere.

20 Mme go ne ga diragala, ka ntlha ya bogolo jwa palo ya Baleimene Banifae ba ne ba le mo poifong e kgolo, gore kgotsa ba tlaa fekeediwa, mme ba gatakwe, le go bolawa, le go senngwa.

21 Ee, ba ne ba simolola go gakologelwa diporofito tsa ga Alema, ga mmogo le mafoko a ga Mosaeya; mme ba bona gore ba ne ba le batho ba ba melala e e gagametseng, le gore ba ne ba dirile lefela ditaelo tsa Modimo;

22 Le gore ba ne ba fetotse mme ba gataka ka fa tlase ga dinao tsa bone melao ya ga Mosaeya, kgotsa seo se Morena a mo laetseng go se neela go batho; mme ba ne ba bona gore melao ya bone e ne e senyegile, le gore ba ne ba fetogile batho ba ba boleo, mo e leng gore ba ne ba le boleo le jaaka Baleimene tota.

23 Mme ka ntlha ya boikepi jwa bone kereke e ne e simolotse go nyenyafala; mme ba ne ba simolola go sa dumele mo moweng wa seporofiti le mo moweng wa tshenolo; mme dikatlholo tsa Modimo di ne di ba lebile mo sefatlhogong.

24 Mme ba ne ba bona gore ba ne ba nnile bokowa, jaaka bakaulengwe ba bone, Baleimene, le gore Mowa wa Morena o ne o sa tlhole o ba babalela; ee, o ne o dule mo go bone ka gonne Mowa wa Morena ga o nne mo ditempeleng tse di seng boitshepho—

25 Jalo he Morena o ne a emisa go ba babalela ka thata ya gagwe e e gakgamatsang e e senang bolekane, gonne ba ne ba wetse mo seemong sa go tlhoka tumelo le boleo jo bo boitshegang; mme ba ne ba bona gore Baleimene ba ne ba le bantsi mo go feteletseng go ba feta, mme kwa ntle ga ba ka ngaparela go Morena Modimo wa bone ba ne ba tlaa nyelela mo go senang botilo.

26 Gonne bonang, ba ne ba bona gore nonofo ya Baleimene e ne e le kgolo fela jaaka nonofo ya bone, le monna go monna tota. Mme jalo ba ne ba wetse mo tlolong molao e kgolo e; ee, jalo ba ne ba nnile bokoa, ka ntlha ya tlolo molao ya bone, mo sebakeng se e seng sa dingwaga tse dintsi.