Scriptures
Hilamene 10


Kgaolo 10

Morena o fa Nifae thata ya go kana—O fiwa thata ya go bofa le go bofolola mo lefatsheng le mo legodimong—O laela batho go ikotlhaya kgotsa ba nyelele—Mowa o mo tsaya go tswa matshwititshwiting go ya matshwititshwiting. E ka nna dingwaga di le 21 go ya go di le 20 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore go ne ga tsoga kgaogano gareng ga batho, mo e leng gore ba ne ba kgaogana fa le kwa mme ba tsamaya ditsela tsa bone, ba tlogela Nifae a le nosi, jaaka a ne a eme gareng ga bone.

2 Mme go ne ga diragala gore Nifae a tsamaye tsela ya gagwe go ya ntlheng ya ntlo ya gagwe, a akanya ka boteng ka ga dilo tse Morena a di supileng go ene.

3 Mme go ne ga diragala gore fa a santse a akanya ka boteng jalo—a wetse kwa tlase thata ka ntlha ya boleo jwa batho ba Banifae, ditiro tsa bone tsa sephiri tsa lefifi, le dipolao tsa bone, le borukutlhi jwa bone, le mekgwa yotlhe ya boikepi—mme go ne ga diragala jaaka a ne a akanya ka boteng jalo mo pelong ya gagwe, bonang, lentswe le ne la tla go ene le re:

4 Go sego wena, Nifae, ka ntlha ya dilo tseo tse o di dirileng; gonne ke bone ka fa o begileng lefoko ka teng o sena letsapa, le ke le fileng go wena, go batho ba. Mme ga o a ka wa ba boifa, mme ga o a ka wa batla botshelo jwa gago, mme o batlile thato ya me, le go tshegetsa ditaelo tsa me.

5 Mme jaanong, ka ntlha ya gore o dirile se o sena letsapa mo go jalo, bona, ke tlaa go segofatsa ka metlha; mme ke tlaa go dira mogolo mo lefokong le mo ditirong, mo tumelong le mo ditirong; ee, le tota gore dilo tsotlhe di ka dirwa go wena go ya ka fa lefokong la gago, gonne ga o na go kopa seo se se kgatlhanong le thato ya me.

6 Bona, wena o Nifae, mme Nna ke Modimo. Bona, ke se bega go wena fa pele ga baengele ba me, gore o tlaa nna le thata godimo ga batho ba, mme o tlaa itaya lefatshe ka tlala, le ka leroborobo, le tshenyo, go ya ka fa boleong jwa batho ba.

7 Bona, ke naya go wena thata, gore eng le eng se o tlaa se kanang mo lefatsheng se tlaa kanwa mo legodimong; mme eng le eng se o tlaa se bofololang mo lefatsheng se tlaa bofololwa mo legodimong; mme jalo o tlaa nna le thata gareng ga batho ba.

8 Mme jalo, fa o ka re go tempele e e tlaa thubega ka bogare, go tlaa diragala.

9 Mme fa o ka re go thaba e, A o latlhelwe fa fatshe mme o nne borethe, go tlaa diragala.

10 Mme bona, fa o ka re Modimo o tlaa itaya batho ba, go tlaa diragala.

11 Mme jaanong bona, ke a go laela, gore o tlaa ya mme o bege go batho ba, gore go bua jalo Morena Modimo, yo e leng Mothatayotlhe: Fa e se lo ka ikotlhaya lo tlaa itewa, le go ya tshenyegong tota.

12 Mme bonang, go ne ga diragala gore fa Morena a sena go bua mafoko a go Nifae, o ne a ema mme a seka a ya kwa ntlong ya gagwe, mme a boela kwa matshwititshwiting a a neng a gasame mo sefatlhogong sa lefatshe, mme a simolola go bega go bone lefoko la Morena le le neng le builwe go ene, mabapi le go senngwa ga bone fa ba ne ba ka seka ba ikotlhaya.

13 Jaanong bonang, go sa kgathalesege kgakgamatso e kgolo eo e Nifae a neng a e dirile mo go ba boleleleng mabapi le loso lwa moatlhodi mogolo, ba ne ba thatafatsa dipelo tsa bone mme ba seka ba obamela mafoko a Morena.

14 Jalo he Nifae o ne a bega go bone lefoko la Morena, a re: Fa e se lo ka ikotlhaya, go bua jalo Morena, lo tlaa itewa le go ya kwa tshenyegong.

15 Mme go ne ga diragala gore fa Nifae a sena go bega go bone lefoko, bonang, ba ne ba nna ba thatafatsa dipelo tsa bone mme ba seka ba obamela mafoko a gagwe; jalo he ba ne ba kgoba kgatlhanong le ene, mme ba batla go baya diatla tsa bone mo go ene gore ba ka tla ba mo latlhela mo kgolegelong.

16 Mme bonang, thata ya Modimo e ne e na le ene, mme ba ne ba ka seka ba mo tsaya go mo latlhela mo kgolegelong, gonne o ne a tsewa ke Mowa mme a tsamaisiwa go tswa mo gareng ga bone.

17 Mme go ne ga diragala gore jalo o ne a ya pele mo Moweng, go tswa matshwititshwiting go ya matshwititshwiting, a bega lefoko la Modimo, le go fitlhelela a le begile go bone botlhe, kgotsa a le rometse pele gareng ga batho botlhe.

18 Mme go ne ga diragala gore ba seka ba obamela mafoko a gagwe; mme go ne ga simolola go nna le dikomano, mo e leng gore ba ne ba kgaogana ka bo bone mme ba simolola go bolaana ka tšhaka.

19 Mme jalo ga fela ngwaga wa masome a supa le bongwe wa puso ya baatlhodi godimo ga batho ba Nifae.