Scriptures
Hilamene 5


Kgaolo 5

Nifae le Lihae ba itebaganya le go rera—Maina a bone a ba laletsa go sega matshelo a bone jaaka ba tla pele ba bone—Keresete o rekolola ba ba ikotlhayang—Nifae le Lihae ba dira basokologi ba le bantsi mme ba tsenngwa mo kgolegelong, mme molelo o a ba dikaganyetsa—Leru la lefifi le bipa batho ba le makgolo a mararo—Lefatshe le a tshikhinyega mme lentswe le laela batho go ikotlhaya—Nifae le Lihae ba bua le baengele, mme matshwititshwiti a dikaganyetswa ke molelo. E ka nna dingwaga di le 30 pele ga ga Keresete.

1 Mme go ne ga diragala gore mo go one ngwaga o, bonang, Nifae a neela setilo sa katlholo kwa monneng yo leina la gagwe e neng e le Sisoramo.

2 Gonne jaaka melao ya bone le dipuso tsa bone di ne di tlhomilwe ka lentswe la batho, mme bao ba ba neng ba tlhopha bosula ba ne ba le bantsi go gaisa ba ba neng ba tlhopha molemo, jalo he ba ne ba butswela tshenyego, gonne melao e ne e senyegile.

3 Ee, mme se e ne e se sotlhe; e ne e le batho ba ba gagametseng melala, mo e leng gore ba ne ba ka seka ba busiwa ka molao le fa e le tshiamiso, fa e se fela go ya kwa tshenyegong ya bone.

4 Mme go ne ga diragala gore Nifae o ne a lapile ka ntlha ya boikepi jwa bone; mme a neela setilo sa katlholo, mme a tsaya mo go ene go rera lefoko la Modimo mo malatsing otlhe a gagwe a a neng a setse, ga mmogo le morwarraagwe Lihae, malatsi otlhe a a neng a setse a gagwe;

5 Gonne ba ne ba gakologelwa mafoko a rraabo Hilamene a neng a a buile go bone. Mme a ke mafoko a a neng a a buile:

6 Bonang, barwaaka, ke eletsa gore lo gakologelwe go tshegetsa ditaelo tsa Modimo; mme ke eletsa gore lo begele go batho mafoko a. Bonang, ke lo file maina a batsadi ba rona ba ntlha ba ba duleng kwa lefatsheng la Jerusalema; mme se ke se dirile gore fa lo gakologelwa maina a lona lo ka ba gakologelwa; mme fa lo ba gakologelwa lo ka gakologelwa ditiro tsa bone; mme fa lo gakologelwa ditiro tsa bone lo ka itse gore go builwe jang, e bile go kwadilwe, gore ba ne ba le molemo.

7 Jalo he, barwaaka, ke eletsa gore lo dire seo se se leng molemo, gore go ka tla ga buiwa ka lona, ga mmogo le go kwalwa, le jaaka go builwe mme ga kwalwa ka ga bone.

8 Mme jaanong barwaaka, bonang ke na le ka selekanyo sengwe go feta go se eletsa go lona, keletso e e leng, gore lo ka seka lwa dira dilo tse gore lo ikgantshe, mme gore lo ka dira dilo tse go ipeela letlotlo kwa legodimong, ee, le le sa khutleng, le le sa feleng ka bonya; ee, gore lo tle lo nne le mpho e e botlhokwa eo ya botshelo jo bosakhutleng, e re nang le lebaka go gopola gore e filwe borraarona.

9 O gakologelwang, gakologelwang, barwaaka, mafoko a kgosi Benjamine a a neng a a bua go batho ba gagwe; ee, gakologelwang gore ga gona mokgwa ope o mongwe kgotsa tsela e ka yone motho a ka bolokwang, fela ka madi a a letlanyang a ga Jesu Keresete, yo o tlaa tlang; ee, gakologelwang gore o tla go rekolola lefatshe.

10 Mme gakologelwang gape mafoko a a Emiuleke a a buileng go Seeseramo, mo motseng wa Emonaeha; gonne o mo reile a re Morena e le ruri o tlaa tla go rekolola batho ba gagwe, mme gore ga ana go tla go ba rekolola ba le mo dibeng tsa bone, mme go ba rekolola go tswa mo dibeng tsa bone.

11 Mme o na le thata e filwe go ene go tswa go Rara go ba rekolola mo dibeng tsa bone ka ntlha ya boikotlhao; jalo he o rometse baengele ba gagwe go tla go bega dikgang ka ga mabaka a boikotlhao, jo bo tlisang thata ya Morekolodi, go poloko ya botho jwa bone.

12 Mme jaanong, barwaaka, gakologelwang, gakologelwang gore ke mo lefikeng la Morekolodi wa rona, yo e leng Keresete, Morwa Modimo, yo lo tshwanetseng go aga motheo wa lona; gore fa diabole a tlaa romela diphefo tsa gagwe tse dikgolo, ee, metsu ya gagwe mo sefefong, ee, fa sefako sa gagwe sotlhe le matsubutsubu a magolo a gagwe a tlaa betsa mo go lona, a tlaa seke a nne le thata mo godimo ga lona go lo gogela kwa tlase kwa serung sa bohutsana le khutsafalo e e sa feleng, ka ntlha ya lefika le lo agileng mo go lone, le e leng motheo wa boammaaruri, motheo o mo go one fa batho ba ka aga ba ka sekeng ba we.

13 Mme go ne ga diragala gore a e ne e le mafoko a Hilamene a neng a a ruta go barwawe; ee, o ne a ba ruta dilo di le dintsi tse di sa kwalwang, gape le dilo di le dintsi tse di kwadilweng.

14 Mme ba ne ba gakologelwa mafoko a gagwe; mme jalo he ba ne ba ya pele, ba tshegetsa ditaelo tsa Modimo, go ruta lefoko la Modimo gareng ga batho botlhe ba Nifae, go simolola kwa motseng Letlepu;

15 Mme go tsweng foo go ya pele kwa motseng wa Kidi; le go tswa kwa motseng wa Kidi go ya kwa motseng wa Miuleke;

16 Le tota go tswa mo motseng mongwe go ya kwa go o mongwe, go fitlhelela ba ile pele gareng batho botlhe ba Nifae ba ba neng ba le mo lefatsheng le le go ya borwa; le go tswa koo go tsena mo lefatsheng la Sarahemola, gareng ga Baleimene.

17 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba rera ka thata e kgolo, mo e leng gore ba ne ba didimatsa bontsi jwa ditsuolodi tseo ba ba neng ba tsamaile go tswa mo Banifaeng, mo e leng gore ba ne ba tla pele mme ba tla go ipolela dibe tsa bone mme ba ne ba kolobelediwa go boikotlhao, mme gone foo ba boela kwa Banifaeng go leka go baakanya go bone melato yotlhe e ba e dirileng.

18 Mme go ne ga diragala gore Nifae le Lihae ba ne ba rera go Baleimene ka thata e kgolo mo go kalo le taolo, gonne ba ne ba na le thata le taolo e neilwe go bone gore ba ka bua, mme ba ne gape ba na le se ba tshwanetseng go se bua se neilwe go bone—

19 Jalo he ba ne ba bua mo kgakgamalong e kgolo ya Baleimene, mo go ba lemotsheng, mo e leng gore go ne go na le dikete di le boroba bobedi tsa Baleimene ba ba neng ba le mo lefatsheng la Sarahemola le mo tikologong ba kolobelediwa go boikotlhao, mme ba ne ba dirwa gore ba dumela boleo jwa dingwao tsa borraabo.

20 Mme go ne ga diragala gore Nifae le Lihae ba ne ba tswelela go tswa koo go ya kwa lefatsheng la Nifae.

21 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tsewa ke mophato wa Baleimene mme ba latlhelwa mo kgolegelong; ee, le tota mo kgolegelong yone eo e Amone le bakaulengwe ba gagwe ba neng ba latlhelwa mo go yone ke batlhanka ba ga Limohae.

22 Mme morago ga ba sena go latlhelwa mo kgolegelong malatsi a le mantsi kwa ntle ga dijo, bonang, ba ne ba ya pele mo kgolegelong go ba tsaya gore ba ka tla ba ba bolaya.

23 Mme go ne ga diragala gore Nifae le Lihae ba ne ba dikaganyeditswe jaaka e kete ka molelo, le tota mo e leng gore ba ne ba seka ba leka go baya diatla tsa bone mo go bone ka ntlha ya gore ba ne ba tshaba gore kgotsa ba ka tla ba šha. Le fa go ntse jalo, Nifae le Lihae ba ne ba sa šhe; mme ba ne jaaka ba eme mo gareng ga molelo mme ba sa šhe.

24 Mme fa ba bona gore ba ne ba dikaganyeditswe ke mosipuri wa molelo, le gore o ne o sa ba fise, dipelo tsa bone di ne tsa tsaya kgothatso.

25 Gonne ba ne ba bona gore Baleimene ba ne ba seka ba leka go baya diatla tsa bone mo go bone; le fa e le go leka go tla gaufi go bone, mme ba ema jaaka e kete ba ne ba rathilwe bomumu ka kgakgamalo.

26 Mme go ne ga diragala gore Nifae le Lihae ba ne ba ema pele mme ba simolola go bua go bone, ba re: Se boifeng, gonne bonang, ke Modimo o lo bontshitseng selo se se gakgamatsang se, mo go sone lo bontshiwang gore ga lo kake lwa baya diatla tsa lona mo go rona go re bolaya.

27 Mme bonang, fa ba sena go bua mafoko a, lefatshe le ne la tshikhinyega mo go feteletseng, mme dipota tsa kgolegelo di ne tsa tshikhinyega jaaka e kete di ne di le gaufi le go pitikologela fa fatshe; mme bonang, di ne tsa seka tsa wa. Mme bonang, bao ba ba neng ba le mo kgolegelong e ne e le Baleimene le Banifae ba e neng e le ditsuolodi.

28 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba khurumetswa ka leru la lefifi, mme poifo e e boitshegang e e masisi ya tla mo go bone.

29 Mme go ne ga diragala gore go tle lentswe jaaka e kete le ne le le fa godimo ga leru la lefifi, le re: Ikotlhaeng lona, ikotlhayeng lona, mme lo seka lwa tlhola lo batla gape go senya batlhanka ba me ba ke ba rometseng go lona go bega dikgang tse di molemo.

30 Mme go ne ga diragala gore fa ba utlwa lentswe le, mme ba bone gore e ne e se lentswe la tladi, le fa e le lentswe la modumo o mogolo wa dikhuduego, mme bonang, e ne e le lentswe le le sa tshikhinyegeng la bori jo bo itekanetseng, jaaka e kete ke go seba, mme le ne la tlhaba le kwa bothong tota—

31 Le go sa kgathalesege bori jwa lentswe le, bonang lefatshe le ne la tshikhinyega mo go feteletseng, mme dipota tsa kgolegelo tsa roroma gape, jaaka e kete e ne e le gaufi le go pitikologela fa fatshe; mme bonang leru la lefifi, le le neng le ba khurumeditse, le ne la seka la phatlalala—

32 Mme bonang lentswe le ne la tla gape, le re: Ikotlhayeng lona, ikotlhayeng lona, gonne motse wa bogosi jwa legodimo o fa seatleng; mme lo seka lwa tlhola lo batla go senya batlhanka ba me. Mme go ne ga diragala gore lefatshe le tshikinyege gape, mme dipota tsa roroma.

33 Mme gape la boraro lentswe la tla, mme le ne la bua go bone mafoko a a gakgamatsang a a ka sekeng a ntshiwa ke motho; mme dipota di ne tsa roroma gape, mme lefatshe la tshikhinyega jaaka e kete le ne le tla fatoga ka bogare.

34 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba ne ba seka ba siya ka ntlha ya leru la lefifi le le neng le ba khurumeditse; ee, mme gape ba ne ba sa tsamaye ka ntlha ya poifo e e neng e tlile mo go bone.

35 Jaanong go ne go le mongwe gareng ga bone yo e neng e le Monifae ka matsalo, yo o neng nako nngwe a kile a bo e le wa kereke ya Modimo mme a itsuolola mo go bone.

36 Mme go ne ga diragala gore a mo retolole, mme bonang, a bona go ralala leru la lefifi difatlhogo tsa ga Nifae le Lihae; mme bonang, di ne di phatshima mo go feteletseng, le jaaka difatlhogo tsa baengele tota. Mme a bona gore ba ne ba tsholeleditse matlho a bone kwa legodimong; mme ba ne ba le mo seemong jaaka e kete ba bua kgotsa ba tsholeletsa mantswe a bone kwa setshiding sengwe se ba neng ba se bona.

37 Mme go ne ga diragala gore monna yo o ne a goela go matshwititshwiti, gore ba ka gadima le go leba. Mme bonang, go ne go na le thata efilwe go bone gore ba gadime mme ba lebe; mme ba ne ba bona difatlhogo tsa ga Nifae le Lihae.

38 Mme ba ne ba re go monna: bona, dilo tse tsotlhe di raya eng, mme ke mang yo banna ba ba buang le ene?

39 Jaanong leina la monna e ne e le Aminatabe. Mme Aminatabe a ba raya a re: Ba bua le baengele ba Modimo.

40 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba re go ene: Re ka dira eng, gore leru le la lefifi le tlosiwe mo go re khurumetseng?

41 Mme Aminatabe a ba raya a re: Lo tshwanetse lo ikotlhaye, mme lo gowe go lentswe, le go fitlhelela le nna le tumelo mo go Keresete tota, yo o rutilweng go lona ke Alema, le Emiuleke, le Seeseramo; mme fa lo ka dira se, leru la lefifi le tlaa tlosiwa mo go le khurumetseng.

42 Mme go ne ga diragala gore botlhe ba ne ba simolola go goela go lentswe la gagwe yo o neng a tshikhintse lefatshe; ee, ba ne ba goa le go fitlhelela leru la lefifi le phatlalala.

43 Mme go ne ga diragala gore fa ba latlhela matlho a bone mo tikologong, mme ba bona gore leru la lefifi le ne le phatlaletse mo go ba khurumetseng, bonang, ba ne ba bona gore ba ne ba dikaganyeditswe, ee, motho mongwe le mongwe, ke mosipuri wa molemo.

44 Mme Nifae le Lihae ba ne ba le fa gare ga bone; ee, ba ne ba dikaganyeditswe; ee, ba ne ba le jaaka mo gare ga molelo o o tukang, mme le go ntse jalo o ne wa seka wa ba utlwisa botlhoko, le fa e le gore o tshware dipota tsa kgolegelo; mme ba ne ba tletse boipelo joo jo bo sa buiweng mme ba tletse kgalalelo.

45 Mme bonang, Mowa o o Boitshepho wa Modimo o ne wa fologa go tswa kwa legodimong, mme o ne wa tsena mo dipelong tsa bone, mme ba ne ba tletse jaaka e kete ka molelo, mme ba ne ba ka bua pele mafoko a a gakgamatsang.

46 Mme go ne ga diragala gore go ne ga tla lentswe go bone, ee, lentswe le le ntle, jaaka e kete e ne e le go seba, le re:

47 Kagiso, kagiso e nne go lona, ka ntlha ya tumelo ya lona mo go yo o Rategang Thata wa me, yo o neng a le go tswa kwa motheong wa lefatshe.

48 Mme jaanong, fa ba utlwa se ba latlhela matlho a bone kwa godimo jaaka e kete go bona kwa lentswe le neng le tswa teng; mme bonang, ba ne ba bona magodimo a bulega, mme baengele ba fologela go tswa mo legodimong mme ba ba ruta.

49 Mme go ne go le batho ba ka nna makgolo a mararo ba ba neng ba bona le go utlwa dilo tse; mme ba ne ba bidiwa go ya pele le go sa gakgamale, le e seng gore ba belaele.

50 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba ya pele, mme ba ruta batho, ba bega go ya le dikgaolwana tsotlhe tse di mo tikologong dilo tse ba di utlwileng le go di bona, mo e leng gore karolo e tona ya Baleimene e ne ya ba dumela, ka ntlha ya bogolo jwa bosupi jo ba neng ba bo amogetse.

51 Mme bontsi jotlhe jo bo neng bo dumela bo ne jwa baya fatshe dibetsa tsa bone tsa ntwa, ga mmogo le letlhoo la bone le dingwao tsa borraabo.

52 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba neela go Banifae mafatshe a bonno jwa bone.