Scriptures
Jakobe 5


Kgaolo 5

Jakobe o nankola Sinose malebang le setshwantsho sa ditlhare tsa matlhware tsa naga le tsa gae—Di setshwano sa Iseraele le Baditšhaba—Phatlalatso le kgobokanyo ya Iseraele e bolelelwa pele—Go umakwa ka ga Banifae le Baleimene le ntlo yotlhe ya Iseraele—Baditšhaba ba tlaa lomelelwa mo Iseraele—Kgabagare tshimo ya mofine e tlaa fisiwa. E ka nna dingwaga di le 544 go ya go di le 421 pele ga ga Keresete.

1 Bonang, bakaulengwe ba me, a ga lo gakologelwe fa lo kile lwa bala mafoko a ga moporofiti Sinose, a a neng a a bua go ntlo ya Iseraele, a re:

2 Obamelang, O lona ntlo ya Iseraele, mme lo utlwe mafoko a me, moporofiti wa Morena.

3 Gonne bonang, go bua jalo Morena, ke tlaa lo tshwantshanya, O ntlo ya Iseraele, jaaka setlhare sa motlhware sa gae, se monna a se tsereng mme a se otla mo tshimong ya gagwe ya mofine; mme sa gola, mme sa tla go tsofala, mme sa simolola go bola.

4 Mme go ne ga diragala gore mong wa tshimo ya mofine a ye pele, mme a bona gore setlhare sa gagwe sa motlhware se simolotse go bola; mme a re: Ke tlaa se kgaola dikala, mme ke epe mo tikologong ya sone, mme ke se otle, gore kgotsa se ka tlhoga dikala tse di nana, e bile di le metsi, mme se seke se nyelele.

5 Mme go ne ga diragala gore o ne a se kgaola dikala, mme a epa mo tikologong ya sone, mme a se otla go ya ka fa lefokong la gagwe.

6 Mme go ne ga diragala gore morago ga malatsi a le mantsi, se ne sa simolola go tlhoga ka selekanyo sengwe go le gonnye, dikala tse di nana e bile di le metsi; mme bonang, bogodimo bogolo jwa sone jwa simolola go swa.

7 Mme go ne ga diragala gore mong wa tshimo ya mofine a se bone, mme a re go batlhanka ba gagwe: Go nkutlwisa botlhoko gore ke latlhegelwe ke setlhare se; ka jalo he, tsamayang lo ye go kumula dikala tsa motlhware wa naga, mme lo di tlise kwano go nna; mme re tlaa kumula dikala tseo tse dikgolo tse di simololang go swaba, mme re tlaa di latlhela mo molelong gore di tle di fisiwe.

8 Mme bonang, go bua Morena wa tshimo ya mofine, ke tsaya bontsi jwa dikala tse di nana e bile di le metsi, mme ke tlaa di lomelela gongwe le gongwe fa ke batlang; mme ga go re sepe fa go ka nna gore modi wa setlhare se o swe, ke ka tla ka babalela leungo la sone go nna; ka jalo he, ke tlaa tsaya dikala tse di nana e bile di le metsi tse, mme ke tlaa di lomelela gongwe le gongwe fa ke batlang.

9 Tsaya wena dikala tsa setlhare sa motlhware sa naga, mme o di lomelele, mo boemong jwa tsone; mme tse tse ke di kumutseng ke tlaa di latlhela mo molelong mme ke di tshube, gore di tle di seka tsa kgoreletsa fa fatshe mo tshimong ya me ya mofine.

10 Mme go ne ga diragala gore motlhanka wa Morena wa tshimo ya mofine o ne a dira ka fa lefokong la Morena wa tshimo ya mofine, mme a lomelela dikala tsa setlhare sa motlhware wa naga.

11 Mme Morena wa tshimo ya mofine o ne a dira gore se epiwe mo tikologong, le go kgaolwa dikala, le go otlwa, a re go motlhanka wa gagwe: go nkutlwisa botlhoko gore ke tshwanetse go latlhegelwa ke setlhare se; ka jalo he, gore gongwe ke ka somarela medi ya sone gore e seka ya nyelela, gore ke tle ke e somarele go nna, ke dirile selo se.

12 Ka jalo he, tsamaya tsela ya gago; lebelela setlhare, mme o se otle, go ya ka fa mafokong a me.

13 Mme tse ke tlaa di baya mo kgaolong e e kwa thokothoko ya tshimo ya me ya mofine, gongwe le gongwe fa ke go tlhophang, ga go re sepe mo go wena; mme ke dira se gore ke ka tla ka somarela go nna dikala tsa tlholego tsa setlhare; mme gape, gore ke ka tla ka beela maungo a sone paka e e tlang, go nna; gonne go nkutlwisa botlhoko gore ke latlhegelwe ke setlhare se le maungo a sone.

14 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine a tsamaye tsela ya gagwe, mme a fitlha dikala tsa tlholego tsa setlhare sa motlhware sa gae mo dikgaolong tse di kwa thokothoko tsa tshimo ya mofine, dingwe mo go e nngwe dingwe mo go e sele, go ya ka fa thato le kgatlhego ya gagwe.

15 Mme go ne ga diragala gore nako e telele ya feta, mme Morena wa tshimo ya mofine o ne a raya motlhanka wa gagwe a re: Tla, a re ye tlase mo tshimong ya mofine, gore re tle re dire mo tshimong ya mofine.

16 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine, ga mmogo le motlhanka, ba ya tlase mo tshimong ya mofine go dira. Mme go ne ga diragala gore motlhanka a re go mong wa gagwe: Bona, leba fa; bona setlhare.

17 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine o ne a leba mme a bona setlhare se mo go sone go neng go lomeletswe dikala tsa motlhware wa naga; mme se ne se tlhogile mme se simolotse go nna le maungo. Mme o ne a bona gore se ne se le molemo; mme maungo a sone a ne a le jaaka maungo a tlholego.

18 Mme o ne a raya motlhanka a re: Bona, dikala tsa setlhare sa naga di tsere longola lwa modi wa sone, gore modi wa sone o tlisitse nonofo e ntsi; mme ka ntlha ya nonofo e ntsi ya modi wa sone dikala tsa naga di ntshitse maungo a gae. Jaanong, fa re ne re sa lomelela mo teng dikala tse, setlhare se se ka bo se nyeletse. Mme jaanong, bona, ke tlaa baya maungo a le mantsi, a setlhare sa one se a ntshitseng; mme maungo a sone ke tla a baya kgatlhanong le paka, go nna ka bonna.

19 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine a reye motlhanka a re: Tla, a re ye kwa kgaolong ya tshimo ya mofine e e kwa thokothoko mme re bone fa dikala tsa tlholego tsa setlhare le tsone di sa ntsha maungo a mantsi, gore ke tle ke beye maungo a tsone kgatlhanong le paka, go nna ka bonna.

20 Mme go ne ga diragala gore ba ye kwa mong a neng a fitlhile dikala tsa tlholego tsa setlhare, mme o ne a raya motlhanka a re: bona tse; mme o ne a bona sa ntlha gore se ne se ntshitse maungo a mantsi; mme a bona gape gore se ne se le molemo. Mme o ne a raya motlhanka a re: Tsaya maungo mangwe a sone, mme o a beele paka, gore ke ka tla ka a somarela go nna ka bonna; gonne bona, ga re ene, nako e telele e ke se otlile, mme se ntshitse maungo a mantsi.

21 Mme go ne ga diragala gore motlhanka a re go mong wa gagwe: Go tlile jang wena fa go lema setlhare se, kgotsa kala e ya setlhare? Gonne bona, e ne e le lefelo le le mmu o o senang dikotla go feta mo lefatsheng lotlhe la tshimo ya gago ya mofine.

22 Mme Morena wa tshimo ya mofine o ne a re go ene: Se nkgakolole; ke ne ke itse gore ke lefelo le le humanegileng la lefatshe; ka jalo he, ke ne ka go raya ka re, ke se otlile nako e telele e, mme o bona gore se ntshitse maungo a mantsi.

23 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine a reye motlhanka wa gagwe a re: Leba fa; bona ke lemile kala e nngwe ya setlhare gape; mme o itse gore felo fa ga lefatshe go ne go humanegile go feta ga ntlha. Mme, bona setlhare. Ke se otlile nako e telele e, mme se ntshitse maungo a mantsi; jalo he, a kgobokanye, mme o a beye kgatlhanong le paka, gore ke tle ke a babalele go nna ka bonna.

24 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine a re gape go motlhanka wa gagwe: Leba fa, mme bona kala e nngwe gape, e ke neng ka e lema; bona gore le yone ke ne ka e otla, mme e ntshitse maungo.

25 Mme o ne a raya motlhanka a re: Leba fa mme o bone ya bofelo. Bona, e ke e lemile mo lefelong fa go molemo mo lefatsheng; mme ke e otlile nako e telele e, mme karolo fela ya setlhare e ntshitse maungo a gae, mme karolo e nngwe ya setlhare e ntshitse maungo a naga; bona, ke otlile setlhare se jaaka tse dingwe.

26 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine a reye motlhanka a re: Kumula dikala tse di sa ntshang maungo a a molemo, mme o di latlhele mo molelong.

27 Mme bonang, motlhanka o ne a re go ene: A re se kgaole dikala, mme re epe mo tikologong ya sone, mme re se otle sebaka se seleelenyana, gore gongwe se ka ntsha maungo a a molemo go wena, gore o tle o kgone o se beye kgatlhanong le paka.

28 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine le motlhanka wa Morena wa tshimo ya mofine ba ne ba otla maungo otlhe a tshimo ya mofine.

29 Mme go ne ga diragala gore nako e telele e ne e fetile, Mme Morena wa tshimo ya mofine a raya motlhanka wa gagwe a re: Tla, a re ye tlase kwa tshimong ya mofine, gore re tle re dire gape mo tshimong ya mofine. Gonne bona, nako e tla gaufi, mme bokhutlo ka bonako bo e tla; ka jalo he, ke tshwanetse go baya maungo kgatlhanong le paka, go nna ka bonna.

30 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine le motlhanka ba ya kwa tshimong ya mofine; mme ba ne ba tla kwa setlhareng se dikala tsa sone tsa tlholego di neng di robilwe, mme dikala tsa naga di neng di lomeletswe; mme bonang maungo a mefuta yotlhe a ne a imela setlhare.

31 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine a utlwe mangwe maungo, mefuta yotlhe go ya ka palo ya one. Mme Morena wa tshimo ya mofine o ne a re: Bona, nako e telele e re otlile setlhare se, mme ke ipeetse maungo a mantsi kgatlhanong le paka.

32 Mme bona, nako eno se ntshitse maungo a mantsi, mme ga go ape a one a a molemo. Mme bona, go na le mefuta yotlhe ya maungo a a maswe; mme ga go mpusetse sepe, go sa kgathalesege tiro yotlhe ya rona; mme jaanong go nkutlwisa botlhoko gore ke latlhegelwe ke setlhare se.

33 Mme Morena wa tshimo ya mofine o ne a raya motlhanka a re: Re tlaa dira eng ka setlhare se, gore ke tle ke somarele gape maungo a a molemo a sone go nna ka bonna?

34 Mme motlhanka o ne a raya mong wa gagwe a re: Bona, ka ntlha ya gore o ne wa lomelela dikala tsa setlhare sa motlhware sa naga, di otlile medi, gore di bo di tshela mme ga di a nyelela; ka jalo he o bona gore di santse di le molemo.

35 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine a re go motlhanka wa gagwe: Setlhare se ga se mpusetse sepe, mme medi ya sone ga e mpusetse sepe fela fa e le gore se tlaa ntsha maungo a a bosula.

36 Le fa go ntse jalo, ke itse gore medi e molemo, mme gonne ka ntlha ya maikaelelo a me ke e babaletse; mme ka ntlha ya nonofo e ntsi ya yone go fitlha jaanong e ntshitse go tswa mo dikaleng tsa naga, maungo a a molemo.

37 Mme bona, dikala tsa naga di godile mme tsa feta medi ya sone; mme ka ntlha ya gore dikala tsa naga di fekeeditse medi ya sone se ntshitse maungo a le mantsi a a bosula; mme ka ntlha ya gore se ntshitse maungo a mantsi mo go kanakana a a bosula o bona gore se simolola go nyelela; mme se tloga ka bonako se butswa, gore se tle se latlhelwe mo molelong, fa e se re ka dira sengwe go sone go se somarela.

38 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine a re go motlhanka wa gagwe: A re ye tlase mo dikgaolong tsa tshimo ya mofine tse di kwa tlhokotlhoko, mme re bone fa dikala tsa tlholego le tsone di ntshitse maungo a a bosula.

39 Mme go ne ga diragala gore ba ye tlase kwa dikarolong tse di kwa tlhokotlhoko tsa tshimo ya mofine. Mme go ne ga diragala gore ba bone gore maungo a dikala tsa tlholego le one a ne a senyegile; ee, a ntlha le a bobedi le a bofelo; mme otlhe a ne a senyegile.

40 Mme maungo a naga a sa bofelo a ne a fekeeditse karolo eo ya setlhare, e e neng e ntsha maungo a a molemo, le mo e leng gore kala e ne ya swaba ya ba ya swa.

41 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine a lela, mme a re go motlhanka: Ke eng se ke ka bong ke se dirile go feta go tshimo ya me ya mofine?

42 Bona, ke ne ke itse gore maungo otlhe a tshimo ya mofine, fa e se kwa ntle ga a, a ne a senyegile. Mme jaanong tse tse di kileng nako nngwe tsa ntsha maungo a a molemo le tsone di senyegile; mme jaanong ditlhare tsotlhe tsa tshimo ya mofine ya me di molemo mo lefeleng fa e se go kgaolelwa tlase le go latlhelwa mo molelong.

43 Mme bona se sa bofelo, se dikala tsa sone di swabileng, ke ne ke se lemile mo lefelong le le molemo la lefatshe; ee, le tota le le neng le kgethegile mo go nna godimo ga dikgaolo tsotlhe tsa lefatshe la tshimo ya me ya mofine.

44 Mme o bonye gape gore ke kgaoletse fatshe se se neng se tlatsa lefelo le la lefatshe, gore ke tle ke leme setlhare se mo boemong jwa sone.

45 Mme o bonye gore karolo ya sone e ne ya ntsha maungo a a molemo, mme karolo ya sone ya ntsha maungo a naga; mme ka ntlha ya gore ke ne ka seka ka kumola dikala tsa sone mme ka di latlhela mo molelong, bona, di fekeeditse kala e e molemo gore e bo e swabe.

46 Mme jaanong, bona, go sa kgathalesege tlhokomelo yotlhe e re e tshereng ya tshimo ya me ya mofine, ditlhare tsa yone di senyegile, mo e leng gore di ntshitse maungo a a seng molemo; mme tse ke ne ke solofetse go di somarela, gore ke ka bo ke beile maungo a tsone kgathanong le paka, go nna ka bonna. Mme, bona, di nnile jaaka setlhare sa motlhware sa naga, mme ga di na botlhokwa fa e se go kgaolelwa tlase le go latlhelwa mo molelong; mme go nkutlwisa botlhoko gore di ntatlhegele.

47 Mme ke eng se ke ka bong ke se dirile gape mo tshimong ya me ya mofine? A ke ne ka ngotla seatla sa me, e leng gore ga ke a e otla? Nnyaa, ke e otlile, mme ke epile mo tikologong ya yone, mme ke kgaotse dikala, mme ke ne ka e tshela motshitelo; mme ke tlhapoletse seatla sa me e ka nna boleele ja letsatsi lotlhe, mme bokhutlo bo tla gaufi. Mme go nkutlwisa botlhoko gore ke tshwanetse go kgaolela fatshe ditlhare tsotlhe tsa tshimo ya me ya mofine, le go di latlhela mo molelong gore di she. Ke mang yo o sentseng tshimo ya me ya mofine?

48 Mme go ne ga diragala gore motlhanka a reye mong wa gagwe a re: A ga se boitlotlomatso jwa tshimo ya gago ya mofine—a dikala tsa yone ga di a fekeetsa medi e e molemo? Mme ka ntlha ya gore dikala di ne tsa fekeetsa medi ya tsone, bona di godile ka bonako go feta nonofo ya medi, di itseela nonofo mo go tsone. Bona, ka re, a se ga se sone se dirileng gore ditlhare tsa tshimo ya mofine ya gago di bo di senyegile?

49 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine a reye motlhanka a re: A re ye kwa mme re kgaole ditlhare tsa tshimo ya mofine, mme re di latlhele mo molelong, gore di tle di seka tsa tlatsa lefatshe la tshimo ya me ya mofine, gonne ke dirile gotlhe. Ke eng se ke ka bong ke se diretse tshimo ya mofine go feta?

50 Mme, bona, motlhanka o ne a raya Morena wa tshimo ya mofine a re: Di tlogele sebakanyana se seleele.

51 Mme Morena o ne a re: Ee, ke tlaa di tlogela sebakanyana se seleele, gonne go nkutlwisa botlhoko gore ke latlhegelwe ke ditlhare tsa tshimo ya me ya mofine.

52 Ka jalo he, a re tsee dingwe dikala tsa tse tse ke di lemileng mo dikgaolong tse di kwa tlhokotlhoko tsa tshimo ya me ya mofine, mme a re di lomelele mo setlhareng se di duleng mo go sone; mme a re kumule go tswa mo setlhareng dikala tseo tse maungo a tsone a leng botlhoko go gaisa, mme re lomelele dikala tsa tlholego tsa setlhare mo boemong jwa tsone.

53 Mme se ke tlaa se dira gore setlhare se seka sa nyelela, gore, kgotsa ke ka somarela go nna medi ya sone mo maikalelong a me.

54 Mme, bona, medi ya dikala tsa tlholego tsa setlhare se ke neng ke se lemile gongwe le gongwe fa ke batlang di sa ntse di tshela; ka jalo he, gore ke tle ke di somarele le tsone go maikaelelo a me, ke tlaa tsaya dingwe tsa dikala tsa setlhare se, mme ke tlaa di lomelela mo go tsone. Ee, ke tlaa lomelela mo go tsone dikala tsa setlhare sa mmaatso, gore ke tle ke somarele ga mmogo le medi go nna ka bonna, gore fa di tla bo di nonofile mo go lekaneng gongwe di ka ntshetsa go nna maungo a a molemo, mme ke ka tla ka nna le kgalalelo mo maungong a tshimo ya me ya mofine.

55 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba tsaya mo setlhareng sa tlholego se se neng se fetogile sa naga, mme ba lomelela mo ditlhareng tsa tlholego, tse le tsone di neng di fetogile tsa naga.

56 Mme ba ne gape ba tsaya tsa ditlhare tsa tlholego tse di neng di fetogile tsa naga, mme ba di lomelela mo setlhareng sa mmaatso.

57 Mme Morena wa tshimo ya mofine a raya motlhanka a re: Se kumule dikala tsa naga go tswa mo ditlhareng, fa e se tse di botlhoko go gaisa; mme mo go tsone o tlaa lomelela go ya ka fa go seo se ke se buileng.

58 Mme re tlaa otla gape ditlhare tsa tshimo ya mofine, mme re tlaa kgaola dikala tsa tsone; mme re tlaa kumola go tswa mo ditlhareng dikala tse di buduleng, tse di tshwanelang go swa mme re tlaa di latlhela mo molelong.

59 Mme se ke se dira gore, gongwe, medi ya tsone e ka nonofa ka ntlha ya bomolemo jwa yone; le ka ntlha ya go fetolwa ga dikala, gore molemo o ka fekeetsa bosula.

60 Mme ka ntlha ya gore ke somaretse dikala tsa tlholego le medi ya tsone, le gore ke ne ka lomelela dikala tsa tlholego gape mo setlhareng sa mmaatso, mme ka somarela medi ya setlhare sa mmaatso, gore, gongwe, ditlhare tsa tshimo ya mofine ya me di ka ntsha maungo a a molemo gape; le gore ke ka nna le boipelo gape mo maungong a tshimo ya mofine ya me, le gore gongwe, ke ka ipela mo go feteletseng gore ke somaretse medi le dikala tsa leungo la ntlha—

61 Ka jalo he, ya kwa, mme o bitse batlhanka, gore re tle re dire ka tlhoafalo ka nonofo ya rona mo tshimong ya mofine, gore re tle re baakanye tsela, gore ke tle ke ntshe gape maungo a tlholego, leungo la tlholego le e leng le le molemo e bile le le botlhokwa godimo ga otlhe a mangwe maungo.

62 Ka jalo he, a re tsamaeng kwa mme re dire ka nonofo ya rona nako ya bofelo, gonne bona, bokhutlo bo tla gaufi, mme ke la bofelo ke tla bo ke kgaola tshimo ya me ya mofine dikala.

63 Lomelelang mo teng dikala; simololang kwa go tsa bofelo gore di tle di nne tsa ntlha, le gore tsa ntlha di tle di nne tsa bofelo, mme lo epe mo tikologong ya ditlhare, tse dikgologolo le tse dinana, tsa ntlha le tsa bofelo; le tsa bofelo le tsa ntlha, gore tsotlhe di ka tla tsa otliwa gape lwa bofelo.

64 Ka jalo he, epang mo tikologong ya tsone, mme lo di kgaole dikala, mme lo di tshele motshitelo gape, lwa bofelo, gonne bokhutlo bo tla gaufi. Mme fa go ka nna gore malomelo a a bofelo a tlaa gola, mme a ntsha maungo a tlholego, jaanong foo le tlaa di baakanyetsa tsela, gore di ka tla tsa gola.

65 Mme jaaka di simolola go gola lo tlaa ntsha dikala tse di ntshitseng maungo a a botlhoko, go ya ka fa nonofong ya tse di molemo le selekanyo sa tsone; mme lo tlaa seke lo ntshe tse di maswe tsa tsone tsotlhe nako e le nngwe, e se re kgotsa medi ya tsone e bo e nonofile thata mo tomelelong, mme tomelelo ya tsone e tlaa nyelela, mme ke latlhegelwe ke ditlhare tsa tshimo ya me ya mofine.

66 Gonne go nkutlwisa botlhoko gore ke latlhegelwe ke ditlhare tsa tshimo ya me ya mofine; ka jalo he le tlaa ntsha tse di maswe go ya ka fa tse di molemo di tlaa golang, gore medi le kwa godimo di tle di lekalekane ka nonofo, go fitlhelela tse di molemo di fekeetsa tse di maswe, mme tse di maswe di kgaolelwe fatshe mme di latlhelwe mo molelong, gore di seka tsa kgoreletsa fa fatshe ga tshimo ya me ya mofine; mme jalo ke tlaa feela tse di maswe go tswa mo tshimong ya me ya mofine.

67 Mme dikala tsa setlhare sa tlholego ke tlaa di lomela gape mo setlhareng sa tlholego;

68 Mme dikala tsa setlhare sa tlholego ke tlaa di lomelela mo dikaleng tsa tlholego tsa setlhare; mme jalo ke tlaa di tlisa mmogo gape, gore di tle di ntshe maungo a tlholego, mme di tlaa nna dingwe fela.

69 Mme tse di maswe di tlaa latlhwa, ee, le go tswa mo lefatsheng lotlhe la tshimo ya me ya mofine; gonne bonang, ke gangwe fela fela jaana fa ke tlaa kgaolang tshimo ya me ya mofine dikala.

70 Mme go ne ga diragala gore Morena wa tshimo ya mofine a rome motlhanka wa gagwe; mme motlhanka o ne a tsamaya mme a dira jaaka Morena a ne a mo laotse, mme a tla le batlhanka ba bangwe; mme ba ne ba se kae.

71 Mme Morena wa tshimo ya mofine o ne a ba raya a re: Tsamayang kwa, mme lo dire mo tshimong ya mofine, ka nonofo ya lona. Gonne bonang, e ke nako ya bofelo e ke tlaa otlang tshimo ya me ya mofine; gonne bokhutlo bo gaufi fa seatleng, mme paka ka bofefo e a tla; mme fa lo dira ka nonofo ya lona le nna, lo tlaa ipela mo maungong a ke tlaa a ipeelang kgatlhanong le nako e e tlaa tlang ka bonako.

72 Mme go ne ga diragala gore batlhanka ba ne ba tsamaya mme ba dira ka nonofo ya bone; mme Morena wa tshimo ya mofine le ene o ne a dira le bone; mme ba ne ba obamela ditaelo tsa Morena wa tshimo ya mofine mo dilong tsotlhe.

73 Mme go ne ga simolola go nna maungo a tlholego gape mo tshimong ya mofine; mme dikala tsa tlholego tsa simolola go gola le go tswelela mo go feteletseng; mme dikala tsa naga tsa simololwa go kumulwa le go latlhwa; mme ba ne ba sadisa medi le kwa godimo ga sone ka go lekana; go ya ka fa nonofong ya sone.

74 Mme jalo ba ne ba dira ka tlhoafalo yotlhe, go ya ka fa ditaelong tsa Morena wa tshimo ya mofine, le go fitlhelela tse di maswe di sena go latlhiwa go tswa mo tshimong ya mofine, mme Morena a somaretse go ene gore ditlhare di nnile gape maungo a tlholego; mme di ne tsa nna jaaka mmele o le mongwe; mme maungo a ne a lekalekana; mme Morena wa tshimo ya mofine o ne a somaretse go ene maungo a tlholego, a a neng a le botlhokwa go gaisa mo go ene go tswa kwa tshimologong.

75 Mme go ne ga diragala gore fa Morena wa tshimo ya mofine a bona gore leungo la gagwe le ne le le molemo, le gore tshimo ya gagwe ya mofine e ne e sa tlhole e senyegile, o ne a bitsa batlhanka ba gagwe, mme a ba raya a re: Bonang, mo nakong e ya bofelo re otlile tshimo ya me ya mofine; mme le bonye gore ke dirile go ya ka fa thatong ya me; mme ke somaretse maungo a tlholego, gore a molemo, le go tshwana jaaka a ne a ntse kwa tshimologong. Mme go segofaditswe lona; gonne ka ntlha ya gore le ntse le tlhoafetse mo go direng le nna mo tshimong ya me ya mofine, mme lwa tshegetsa ditaelo tsa me, mme lwa tsisa go nna gape maungo a tlholego, gore tshimo ya me ya mofine ga e tlhole e senyegile, mme tse di maswe di latlhilwe, bonang lo tlaa nna le boipelo le nna ka ntlha ya maungo a tshimo ya me ya mofine.

76 Gonne bonang, ka nako e telele ke tlaa baya maungo a tshimo ya me ya mofine kgatlhanong le paka, e e tlang ka bonako; mme ke lwa bofelo ke otlile tshimo ya me ya mofine, le go e kgaola dikala, le go e epa, le go e tshela motshetelo; ka jalo he ke tlaa baya go nna ka bonna maungo, ka sebaka se seleele, go ya ka fa go se ke se buileng.

77 Mme fa nako e tla gore maungo a a bosula ao a tlaa tla gape mo tshimong ya me ya mofine, jaanong foo ke tlaa dira gore a a molemo le a a maswe a kgobokanngwe; mme a a molemo ke tlaa a ipeela, mme a a maswe ke tlaa latlhela mo lefelong la one. Mme jaanong go tla paka le bokhutlo; mme tshimo ya me ya mofine ke tlaa dira gore e tshubiwe ka molelo.