Scriptures
Jakobe 1


Buka ya ga Jakobe
Morwarraagwe Nifae

Mafoko a thero ya gagwe go bakaulengwe ba gagwe. O didimatsa monna yo o batlang go thankgola thuto ya ga Keresete. Mafoko a se kae mabapi le ditso tsa batho ba ga Nifae.

Kgaolo 1

Jakobe le Josefe ba batla go kgothatsa batho go dumela mo go Keresete le go tshegetsa ditaelo tsa gagwe—Nifae o a swa—Boleo bo a ata gareng ga Banifae. E ka nna dingwaga di le 544 go ya go di le 421 pele ga ga Keresete.

1 Gonne bonang, go ne ga diragala gore dingwaga di le masome a matlhano le botlhano di ne di fetile go tswa ka nako e Lihae a tlogetseng Jerusalema; ka jalo he, Nifae o neetse nna, Jakobe, taelo mabapi le dipapetlana tse dipotlana, tse mo go tsone go gabilweng dilo tse.

2 Mme o ne a neela nna, Jakobe, taelo gore ke kwale mo dipapetlaneng tse di se kae tsa dilo tse ke tsayang e le tsa botlhokwa thata; gore ke seka ka ama, fa e se go le go nnye, mabapi le ditso tsa batho ba ba ba bidiwang Banifae.

3 Gonne o ne a re ditso tsa batho ba gagwe di tshwanetse go kwalwa mo dipapetlaneng tse dingwe tsa gagwe, le gore ke babalele dipapetlana tse mme ke di fetisetse tlase go peo ya me, go tswa tshikeng go ya tshikeng.

4 Mme fa go ne go na le thero e e boitshepho, kgotsa tshenolo e e neng e le kgolo, kgotsa seporofiti, gore ke tshwanetse go gaba ditlhogo tsa tsone mo dipapetlaneng tse, mme ke di ame ka fa go neng go kgonega, ka ntlha ya ga Keresete, le ka ntlha ya batho ba rona.

5 Gonne ka ntlha ya tumelo le tlhobaelo e kgolo, ka boammaaruri gone ga supiwa go rona mabapi le batho ba rona, dilo tse di tlaa ba diragalelang.

6 Mme gape re ne re na le ditshenolo di le dintsi, le mowa wa seporofiti se sentsi; ka jalo he, re ne re itse ka ga Keresete le motse wa gagwe wa bogosi, o o tlaa tlang.

7 Ka jalo he re ne ra dira ka tlhoafalo gareng ga batho ba rona, gore gongwe re ka ba kgothatsa go tla go Keresete, le go nna le seabe mo bomolemong jwa Modimo, gore ba ka tsena mo boikhutsong jwa gagwe e se re ka mokgwa mongwe a ikana mo kgalefong ya gagwe gore ba seka ba tsena, jaaka mo thumulong mo malatsing a thaelo fa bana ba Iseraele ba ne ba le mo nageng.

8 Ka jalo he, re re go Modimo gore re ka kgothatsa batho botlhe gore ba seka ba ingaola kgatlhanong le Modimo, go mo rumola go tšhakgalo, mme gore batho botlhe ba dumele mo go Keresete, mme ba bone loso lwa gagwe, mme ba sotlege sefapaano sa gagwe mme ba tseye tshotlo ya lefatshe; ka jalo he, nna, Jakobe, ke tsaya mo go nna go diragatsa taelo ya ga morwarre Nifae.

9 Jaanong Nifae a simolola go tsofala, mme o ne a bona gore o tshwanetse gore ka bonako a swe; ka jalo he, o ne a tlotsa monna go nna kgosi le mmusi mo bathong ba gagwe jaanong, go ya ka dipuso tsa dikgosi.

10 Batho ba ne ba ratile Nifae mo go feteletseng, ene a ne a nnile mosireletsi yo mogolo wa bone, a dirisitse tšhaka ya ga Labane mo tshireletsong ya bone, gape a diretse mo malatsing otlhe a gagwe boitekanelo jwa bone—

11 Ka jalo he, batho ba ne ba eletsa go tsaya e le segopotso leina la gagwe. Mme ba ba tlaa busang mo boemong jwa gagwe ba ne ba bidiwa ke batho: Nifae wa bobedi, Nifae wa boraro, le jalo jalo, go ya ka fa dipusong tsa dikgosi; mme jalo ba ne ba bidiwa ke batho, e ka tswa e le ba leina lefe kana lefe.

12 Mme go ne ga diragala gore Nifae a swe.

13 Jaanong batho ba e neng e se Baleimene e ne e le Banifae; le fa go ntse jalo, ba ne ba bidiwa Banifae, Bajakobe, Bajosefe, Basoramo, Baleimene, Balemuele, le Baišemaele.

14 Mme nna, Jakobe, go tsweng fa ga ke na go ba farologanya ka maina a, mme ke tlaa ba bitsa Baleimene ba ba batlang go senya batho ba ga Nifae, mme ba ba ditsala le Nifae ke tlaa ba bitsa Banifae, kgotsa batho ba ga Nifae, go ya ka dipuso tsa dikgosi.

15 Mme jaanong go ne ga diragala gore batho ba ga Nifae, ka fa tlase ga puso ya kgosi ya bobedi, ba ne ba simolola go thatafala mo dipelong tsa bone, mme ba iteseletsa ka selekano sengwe mo ditlwaelong tsa boleo, tse di jaaka Dafite wa bogologolo yo o neng a eletsa basadi ba le bantsi le bagadikana, ga mmogo le Solomone, morwawe.

16 Ee, mme ba ne gape ba simolola go senka gauta le selefera tse dintsi, mme ba simolola go tsholetsegela godimo ka selekano sengwe mo boikgogomosong.

17 Ka jalo he, nna, Jakobe, ka ba fa mafoko a jaaka ke ne ke ba ruta mo tempeleng, ke tsere pele thomo ya me go tswa go Morena.

18 Gonne nna, Jakobe, le morwarre Josefe re ne re kgethilwe baperesiti le baruti ba batho ba, ka seatla sa ga Nifae.

19 Mme re ne ra godisa maemo a rona go Morena, re tsaya mo go rona boikarabelo go arabela dibe tsa batho mo ditlhogong tsa rona, fa re ne re ka seke ra ba ruta lefoko la Modimo ka tlhoafalo yotlhe; ka jalo he, ka go dira ka bonatla jwa rona, madi a bone a ka seka a tla mo diaparong tsa rona; e seng jalo madi a bone a tlaa tla mo diaparong tsa rona, mme re ne re ka seka ra fitlhelwa re sena selabe ka letsatsi la bofelo.