Scriptures
Jakobe 2


Kgaolo 2

Jakobe o tlhobosa lorato lwa dikhumo, boikgogomoso, le boaka—Batho ba ka senka dikhumo go thusa batho ka bone—Jakobe o bona molato go nyala gantsi mo go sa letelelwang—Morena o itumela mo boitsholong jo bo itshekileng jwa basadi. E ka nna dingwaga di le 544 go ya go di le 421 pele ga ga Keresete.

1 Mafoko a Jakobe, morwarraagwe Nifae, a a buileng le batho ba ga Nifae, morago ga loso lwa ga Nifae:

2 Jaanong, bakaulengwe ba me ba ba rategang, nna, Jakobe, go ya ka fa maikarabelong a ke nang le one mo Modimong, go godisa maemo a me ka tlhoafalo, le gore ke ka tlosa dibe tsa lona mo diaparong tsa me, ke tla godimo mo tempeleng ka letsatsi le gore ke tle ke lo begele lefoko la Modimo.

3 Mme lona ka bolona lo itse gore go fitlha ka nako e ke ntse ke tlhoafetse mo maemong a pitso ya me; mme ka letsatsi le ke imetswe ka bogolo thata ke keletso le tlhobaelo mo boitekanelong jwa botho jwa lona go feta jaaka ke ne ke ntse go fitlha mo nakong e.

4 Gonne bonang, go fitlhelela gompieno, lo ntse lo obamela lefoko la Morena, le ke lo le fileng.

5 Mme bonang, obamelang go nna, mme lo itse gore ka thuso ya Mmopi wa legodimo le lefatshe yo o thatayotlhe ke ka lo bolelela ka ga dikakanyo tsa lona, le ka fa lo simololang go dira mo sebeng ka teng, sebe se mo go nna se lebegang se le bodiabole go feta mo go nna, ee, le bodiabole go Modimo.

6 Ee, go utlwisa botho jwa me botlhoko e bile go ntira gore ke gonyele ka ditlhong fa pele ga bonno jwa Modiri wa me, gore ke tshwanetse go paka go lona mabapi le boleo jwa dipelo tsa lona.

7 Mme gape go nkutlwisa botlhoko gore ke tshwanetse go dirisa tshosologo e ntsi ya puo mabapi le lona, fa pele ga bana le basadi ba lona, bontsi jo maikutlo a bone a leng bonolo mo go feteletseng e bile a itshekile e bile a le bonene fa pele ga Modimo, selo se se itumedisang go Modimo;

8 Mme go nkgopotsa gore ba tlile godimo fa go utlwa lefoko le le itumedisang la Modimo, ee, lefoko le le fodisang botho jo bo gobetseng.

9 Ka jalo he, go imela botho jwa me gore ke patelelwe, ka ntlha ya taelo e e gagametseng e ke e amogetseng go tswa kwa Modimong, go le kgalemela le go le tlhagisa go ya ka fa melatong ya lona, go godisa dikgobalo tsa ba ba setseng ba gobetse, mo boemong jwa go gomotsa le go fodisa dintho tsa bone; le ba ba iseng ba gobale, mo boemong jwa go ja moletlo mo lefokong la Modimo le le itumedisang go dira gore go bewe dithipa go tlhaba botho jwa bone le go gobatsa ditlhaloganyo tsa bone tse di bonene.

10 Mme, go sa kgathalesege bogolo ja tiro, ke tshwanetse go dira ka fa ditaelong tsa Modimo tse di gagametseng, mme ke lo bolelele mabapi le boleo le bodiabole jwa lona, fa pele ga yo o itshekileng mo pelong, le yo o pelo e thubegileng, le ka fa tlase ga tebo ya leitlho le le tlhabang la Modimo Mothatayotlhe.

11 Ka jalo he, ke tshwanetse go le bolelela boammaaruri go ya ka fa botlhofong jwa lefoko la Modimo. Gonne bonang, fa ke botsa Morena, jalo ga tla lefoko go nna, le re: Jakobe, emelela go ya mo tempeleng ka moso, mme o bege lefoko le ke tlaa le go nayang go batho ba.

12 Mme jaanong bonang, bakaulengwe ba me, se ke lefoko le ke le begang mo go lona, gore bontsi jwa lona bo simolotse go senka gauta, le selefera, le mekgwa yotlhe ya marale a botlhokwa, tse mo lefatsheng leno, le e leng lefatshe la tsholofetso go lona le go peo ya lona, di leng teng ka bontsi thata.

13 Mme seatla sa tlamelo se ne sa nyenya mo go lona mo go itumedisang gantsi, gore lo amogetse dikhumo tse dintsi; mme ka ntlha ya gore bangwe ba lona ba tsere go le gontsi go feta bakaulengwe ba lona, le itsholeleditse godimo mo boikgogomosong jwa dipelo tsa lona, mme lo tsamaya ka melala e e gagametseng le ditlhogo tse di kwa godimo ka ntlha ya boturu jwa diaparo tsa lona, le go bogisa bakaulengwe ba lona ka lo gopola gore le botoka mo go bone.

14 Mme jaanong, bakaulengwe ba me, a lo gopola gore Modimo o le tlhoka molato mo selong se? Bonang, ka re go lona, Nnyaa. Mme o le bona molato, mme fa lo ka tswelela mo dilong tse dikatlholo tsa gagwe di tshwanetse go tla ka bofefo mo go lona.

15 O gore o ka lo bontsha gore o ka lo tlhaba, mme ka tebo e le nngwe ya leitlho la gagwe o ka lo iteela mo loroleng!

16 O gore o ka lo ntsha mo boikeping jo le bodiabole. Mme, O gore lo ka reetsa lefoko la ditaelo tsa gagwe, mme la seka la letla boikgogomoso jo jwa dipelo tsa lona go senya botho jwa lona!

17 Akanyang ka bakaulengwe ba lona jaaka lona, mme lo tsalane le botlhe le gololesege ka dilo tsa lona, gore ba ka tla ba huma jaaka lona.

18 Mme pele ga lo senka dikhumo, senkang lona bogosi jwa Modimo.

19 Mme fa lo sena go nna le tsholofelo mo go Keresete lo tlaa nna le dikhumo, fa lo di batla; mme lo tlaa di batla ka maikaelelo a go dira molemo—go apesa ba ba sa ikategang, le go jesa ba ba bolailweng ke tlala, le go golola ditshwarwa, le go direla dithuso tsa namolo go balwetse le ba ba mo dipogisegong.

20 Mme jaanong, bakaulengwe ba me, ke buile le lona mabapi le boikgogomoso; mme bao ba lona ba ba bogisitseng moagisanye wa lona, mme la mo bogisa ka ntlha ya gore le a ikgogomosa mo dipelong tsa lona, ka dilo tse Modimo a di lo fileng, lwa reng lona ka sone?

21 A ga lo gopole gore dilo tse di ntseng jalo ke bodiabole mo go ene yo o bopileng nama yotlhe? Mme motho a le mongwe o botlhokwa mo matlhong a gagwe fela jaaka yo mongwe. Mme nama yotlhe e tswa mo leroleng; mme ka kemo e e tshwanang one a ba tlhodile, gore ba tshegetse ditaelo tsa gagwe mme ba mo galaletse ka metlha.

22 Mme jaanong ke dira bokhutlo jwa go bua le lona mabapi le boikgogomoso jo. Mme fa e ne e se gore ke tshwanetse go bua le lona mabapi le molato o o maswe go feta, pelo ya me e ne e tlaa ipela mo go feteletseng ka ntlha ya lona.

23 Mme lefoko la Modimo le a nkimela ka ntlha ya melato ya lona e e maswe go feta. Gonne bonang, go bua jalo Morena: Batho ba ba simolola go gola mo boikeping; ga ba tlhaloganye lefoko la Modimo le le kwadilweng, gonne ba senka go e itshwarela mo go direng boaka, ka ntlha ya dilo tse di neng di kwadilwe mabapi le Dafite, le Solomone morwawe.

24 Bonang, Dafite le Solomone ka boammaaruri ba ne ba na le basadi ba le bantsi le bagadikana, selo se e neng e le bodiabole fa pele ga me, go bua Morena.

25 Ka jalo he, go bua jalo Morena, ke eteletse batho ba go tswa mo lefatsheng la Jerusalema, ka thata ya letsogo la me, gore ke ka tla ka ikgodisetsa go nna kala e e siameng go tswa mo leungong la dinoka tsa ga Josefe.

26 Ka jalo he, nna Morena Modimo ga ke kitla ke letla gore batho ba ba tle ba dire jaaka bone ba bogologolo.

27 Ka jalo he, bakaulengwe ba me, nkutlwang, mme lo obamele lefoko la Morena: Gonne ga go na go nna monna ope gareng ga lona a nna le mosadi fa e se a le mongwe fela; mme bagadikana ga a kitla a nna le bone;

28 Gonne nna, Morena Modimo, ke ipela mo boitsholong jo bo itshekileng jwa basadi. Mme boaka ke bodiabole fa pele ga me; go bua jalo Morena wa Masomosomo.

29 Ka jalo he, batho ba ba tlaa tshegetsa ditaelo tsa me, go bua jalo Morena wa Masomosomo, kgotsa a go hutsege lefatshe ka ntlha ya bone.

30 Gonne fa ke rata, go bua jalo Morena wa Masomosomo, ka ikgodisetsa peo, ke tlaa laela batho ba me; ka mokgwa mongwe ba tlaa obamela dilo tse.

31 Gonne bonnang, nna, Morena, ke bone bohutsana, le go utlwa selelo sa barwadia batho ba me mo lefatsheng la Jerusalema, ee, le mo mafatsheng otlhe a batho ba me, ka ntlha ya boleo le bodiabole jwa banna ba bone.

32 Mme ga ke kitla ke letla, go bua jalo Morena wa Masomosomo, gore dilelo tsa barwadia ba bantle ba batho ba, ba ke ba eteletseng go tswa kwa lefatsheng la Jerusalema, di tlaa tla kwa go nna kgatlhanong le banna ba batho ba me, go bua jalo Morena wa Masomosomo.

33 Gonne ga ba kitla ba isa barwadia ba batho ba me ditshwarwa ka ntlha ya bonolo jwa bone, fa e se ke tlaa ba etela ka khutso e e botlhoko, le tota go tshenyego; gonne ga ba na go dira boaka, jaaka bone ba bogologolo, go bua Morena wa Masomosomo.

34 Mme jaanong bonang, bakaulengwe ba me, lo itse gore ditaelo tse di ne di filwe rraarona, Lihae; ka jalo he, lo di itsile go le pele; mme lo tsile go pono molato le kotlhao e kgolo; gonne lo dirile dilo tse lo neng lo sa tshwanela go di dira.

35 Bonang, lo dirile boikepi jo bogolo go feta Baleimene, bakaulengwe ba rona. Lo thubile dipelo tsa basadi ba lona ba ba bonolo, mme la latlhegelwa ke tshepho ya bana ba lona, ka ntlha ya dikai tsa lona tse di maswe fa pele ga bone; mme dilelo tsa dipelo tsa bone di tlhatlogela godimo go Modimo kgatlhanong le lona. Mme ka ntlha ya kgagamalo ya lefoko la Modimo, le le tlang tlase kgatlhanong le lona, dipelo di le dintsi di sule, di tlhabilwe ka dikgobalo tse di boteng.