Scriptures
Ketapele


Ketapele

Buka ya ga Momone ke buka ya lefoko la Modimo le le boitshepho go tshwana le Baebele. Ke pego e e kwadilweng ya ditirisanyo tsa Modimo le banni ba bogologolo ba Amerika mme e na le botlalo jwa efangele e e senang bokhutlo.

Buka e kwadilwe ke baporofiti ba le bantsi ba bogologolo ka mowa wa seporofiti le tshenolo. Mafoko a bone, a a kwadilweng mo dipapetlaneng tsa gauta, a tsewa jaaka a ntse a ba a khutshwafadiwa ke moporofiti le moitse-wa-ditso a bidiwa Momone. Pego e e kwadilweng e fa pego ka ga ditlhabologo tse dikgolo tse pedi. Nngwe e dule kwa Jerusalema ka ngwaga wa makgolo a marataro pele ga ga Keresete (600 B. C.), mme morago ya kgaogana ka ditšhaba tse pedi, tse di itseweng e le Banifae le Baleimene. E nngwe e tlile pele thata fa Morena a tlhakatlhakanya diteme kwa Kagong e e Godileng ya Beibele. Setlhopha se, se itsewe e le Bajarete. Morago ga dikete tsa dingwaga, botlhe ba ne ba nyelediwa, kwa ntle ga Baleimene, mme ke borraagwemogologolwane ba Baindia ba Amerika.

Tiragalo ya konokono e e kwadilweng mo Bukeng ya ga Momone ke tirelo ya Morena Jesu Keresete ka sebele gareng ga Banifae morago fela ga tsogo ya gagwe. E baya pele dithuto tsa efangele, e tlhalosa thulaganyo ya poloko, mme e bolelela batho se ba tshwanetseng ba se dira go bona kagiso mo botshelong jono le poloko ya bosakhutleng mo botshelong jo bo tlang.

Morago ga Momone a sena go fetsa mekwalo ya gagwe, o ne a naya pego go morwawe Moronae, yo a neng a latlhela mafoko a se kae a gagwe, mme, a fitlha dipapetlana kwa lentsweng la Khamora. Ka Lwetse a tlhola malatsi a le masome a mabedi le bongwe, ka ngwaga wa 1823, Moronae ene yoo, jaanong e le motshedi yo o galaleditsweng yo o tsositsweng, a bonala kwa go Moporofiti Joseph Smith mme a mo laela ka ga pego e e kwadilweng ya bogologolo tala le maikaelelo a go e ranolela mo puong ya Sekgowa.

Mo nakong e e tshwanetseng, dipapetlana di ne tsa tlisiwa kwa go Joseph Smith, yo o neng a di ranola ka mpho le thata ya Modimo. Pego e e kwadilweng jaanong e gatisitswe le go anamisiwa ka dipuo di le dintsi, e le bosupi jo bosha jo bo tlaletsang gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo o o tshelang le gore botlhe ba ba tlaa tlang kwa go ene mme ba obamela melao le ditlhomo tsa efangele ya gagwe ba ka bolokwa.

Mabapi le pego e e kwadilweng e, Moporofiti Joseph Smith o ne a re: “Ke boleletse bakaulengwe gore Buka ya ga Momone e ne e le ya nnete thata mo go epe buka mo lefatsheng, mme ke pinagare ya tumelo ya rona, mme motho o ka atamela go Modimo ka go sala dithuto tsa yone morago, go na le ka epe buka e nngwe.”

Mo godimo ga ga Joseph Smith, Morena o ne a dira gore ba bangwe ba le lesome le motso ba iponele dipapetlana tsa gauta le gore ba tle ba nne basupi ba ba kgethegileng ba boammaaruri le bomodimo jwa Buka ya ga Momone. Bopaki jwa bone jo bo kwadilweng bo akareditswe mo e le “Bopaki jwa Basupi ba Bararo” le “Bopaki jwa Basupi ba ba Borobabobedi.”

Re laletsa batho botlhe gongwe le gongwe go bala Buka ya ga Momone le go akanya ka boteng molaetsa o o mo go yone mo dipelong tsa bone, mme jaanong foo go botsa Modimo, Rara wa Bosakhutleng, mo leineng la ga Keresete, fa buka e e le boammaaruri. Bao ba ba salang tsela e morago, mme ba botsa ka tumelo ba tlaa amogela bopaki jwa boammaaruri le bomodimo jwa yone, ka thata ya Mowa o o Boitshepho. (Bona Moronae 10:3–5.)

Bao ba ba amogelang bosupi jo, jwa semodimo go tswa go Mowa o o Boitshepho ba tlaa tla go itse gape ka thata ya Mowa o o Boitshepho gore Jesu Keresete ke Mmoloki wa lefatshe, le gore Joseph Smith ke mosenodi le moporofiti wa gagwe mo malatsing a a bofelo, le gore Kereke ya ga Jesu Keresete ya Baitshephi ba Malatsi a Bofelo ke motse wa bogosi jwa Morena gangwe gape o tlhomilwe mo lefatsheng, go baakanyetsa go tla ga bobedi ga ga Mesia.

Bopaki Jwa Basupi Ba Ba Bararo

A go itsewe go ditšhaba tsotlhe, lotso, diteme, le batho ba go bone tiro e e tlaa tlang: Gore rona, ka matlhogonolo a Modimo Rara, le Morena wa rona Jesu Keresete, re bone dipapetlana tse di nang le pego e e kwadilweng e, e e leng pego e e kwadilweng ya batho ba ga Nifae, ga mmogo le ya Baleimene, bakaulengwe ba bone, ga mmogo le ya batho ba ga Jarete, ba ba duleng kwa kagong e e godileng e ka ga yone go builweng. Gape re itse gore di ranotswe ka mpho le thata ya Modimo, gonne lentswe la gagwe le e begile go rona; ka jalo he, re itse ka tlhomamiso gore tiro e ke boammaaruri. Mme gape re paka gore re bone megabo e e mo dipapetlaneng; mme re di bontshitswe ka thata ya Modimo, mme e seng ya motho. Mme re bega ka mafoko a tlhoafalo, gore moengele wa Modimo o fologile go tswa kwa legodimong, mme a tlisa mme a baya fa pele ga matlho a rona, gore re ne ra leba mme ra bona dipapetlana, le megabo e e mo go tsone; mme re itse gore ke ka matlhogonolo a Modimo Rara, le Morena wa rona Jesu Keresete, re neng ra bona e bile re naya bosupi gore dilo tse, ke boammaaruri. Mme go a gakgamatsa mo matlhong a rona. Le fa go ntse jalo, lentswe la Morena le re laetse gore re tshwanetse re nee bosupi ja yone; ka jalo he, go obamela ditaelo tsa Modimo, re naya bopaki jwa dilo tse. Mme re itse gore fa re na le tumelo mo go Keresete, re tlaa tlosa diaparo tsa rona madi a batho botlhe, mme re tlaa fitlhelwa re sena selabe fa pele ga setilo sa katlholo sa ga Keresete, mme re tlaa nna le ene ka bosakhutleng mo magodimong. Mme tlotlo e nne go Rara, le Morwa, le Mowa o o Boitshepho, e leng Modimo o le mongwe. Amene.

Oliver Cowdery

David Whitmer

Martin Harris

Bopaki Jwa Basupi Ba Ba Borobabobedi

A go itsewe go ditšhaba tsotlhe, lotso, diteme, le batho, ba go bone tiro e e tlaa tlang: Gore Joseph Smith yo Mmotlana, moranodi wa tiro e, o re bontshitse dipapetlana tse ka tsone go builweng, tse di nang le tebego ya gauta; mme bontsi jotlhe fela jwa matlhare jaaka Smith yo o bolelwang a ne a a ranola re ne ra a tshwara ka diatla tsa rona; mme gape ra bona megabo mo go one, yotlhe e e nang le tebego ya tiro ya bogologolo tala, le modiro wa matsetseleko. Mme se re naya bosupi ka mafoko a tlhoafalo, gore Smith yo o bolelwang o re bontshitse, gonne re bone le go tsholetsa, e bile re itse ka tlhomamiso gore Smith yo o bolelwang o tshotse dipapetlana tse re buileng ka ga tsone. Mme re fa maina a rona go lefatshe go supa go lefatshe seo se re se bonyeng. Mme ga re ake, Modimo a naya bosupi jwa sone.

Christian Whitmer

Hiram Page

Jacob Whitmer

Joseph Smith, Sen.

Peter Whitmer, Jun.

Hyrum Smith

John Whitmer

Samuel H. Smith

Bopaki Jwa Ga Moporofiti Joseph Smith

Mafoko a ga Moporofiti Joseph Smith ka sebele ka ga go tla pele ga Buka ya ga Momone ke:

“Ka letlatlana la…Lwetse a tlhola masome a mabedi le motso [1823]…Ke ne ka ipaya ka thapelo le topo fa pele ga Modimo Mothatayotlhe.…

“Fa ke ntse ke le mo tirong ya go bitsa Modimo, ke ne ka bona lesedi le tlhagelela mo phaposing ya me, le le neng la tswelela go oketsega go fitlhelela phaposi e le lesedi go gaisa ka setlhoboloko, fa ka bonako go bonala motho fa tlhakoreng la bolao jwa me, a eme mo phefong, gonne maoto a gagwe a ne a sa kgoma bodilo.

“O ne a apere purapura e e bosweu jo bontle jo bogolo. E ne e le bosweu go feta sepe sa lefatshe se ke kileng ka se bona; le e seng gore ke dumela gore selo sepe sa lefatshe se ka dirwa go lebege se le bosweu jo bo feteletseng jaana le kgalalelo. Diatla tsa gagwe di ne di sa apara, le matsogo a gagwe gape, go tswa go se kae fa godimo ga ditokololo tsa diatla; jalo, gape, dinao tsa gagwe di ne di sa apeswa sepe, fela jaaka maoto a gagwe, go tloga go se kae fa godimo ga manyenana. Tlhogo le molala wa gagwe le tsone di ne di sa apeswa sepe. Ke ne ka lemoga fa a ne a sa apara seaparo sepe gape fa e se purapura e, ka e ne e bulegile, mo ke neng ke kgona go bona sehuba sa gagwe.

“E ne e se purapura ya gagwe fela e e neng e le bosweu jo bo feteletseng, mme mmele wa gagwe otlhe one o galalela mo go fetang bokao, le tebego ya sefatlhogo sa gagwe ruri e ne e kete legadima. Phaposi e ne e le lesedi le le feteletseng, mme e seng tshedimogo e tona jaaka mo bogaufing jwa tikologo ya mmele wa gagwe. Fa ke mo leba lwa ntlha, ke ne ka boifa; mme ka bofefo poifo e ne ya ntlogela.

“O ne a mpitsa ka leina, mme a re go nna gore e ne e le morongwa yo o rometsweng go tswa kwa bonnong jwa Modimo go tla kwa go nna, le gore leina la gagwe ke Moronae; gore Modimo o na le tiro e ke tshwanetseng go e dira; le gore leina la me le tshwanetse go itsewe ka ntlha ya molemo le bosula mo ditšhabeng tsotlhe, lotso, le diteme, kgotsa gore le tshwanetse molemo le bosula di buiwe ka lone gareng ga merafe yotlhe.

“O ne a re go na le buka e e epetsweng, e e kwadilweng mo dipapetlaneng tsa gauta, e e fang pego ka ga banni ba lefatshe leno ba pele, le kwa ba tswang teng. O bile gape a re botlalo jwa Efangele e e senang bokhutlo bo ne bo le mo go yone, jaaka e neilwe ke Mmoloki go banni ba bogologolo tala;

“Gape, gore go ne go na le matlapa a mabedi mo mareng a selefera—mme matlapa a, a bofeletswe mo seiphemelo-sehubeng, a dira se se bidiwang Urime le Thumime—tse di beilweng le dipapetlana; mme go nna nao le tiriso ya matlapa a, e ne e le tsone tse di dirang Balebi ka dinako tsa bogologolo tala kgotsa tsa pele; le gore Modimo o di baakanyeditse maikaelelo a go ranola buka.

· · · · · · ·

“Gape, o mpoleletse, gore fa ke tsaya dipapetlana tseo tse a neng a buile ka tsone—gonne nako e di tshwanetseng gore di ka tsewa e ne e ise e diragadiwe—ke seka ka di bontsha motho ope; le fa e le seiphemelo-sehubeng se se nang le Urime le Thumime; fa e se ba ke tlaa laolelwang go ba bontsha; fa ke ka dira, ke tlaa nyelediwa. Fa a ntse a bua le nna ka ga dipapetlana, pono e ne ya bulelwa mogopolo wa me mo ke neng ka kgona go bona lefelo fa dipapetlana di neng di epetswe teng, mme seo ka tlhatswego le pharologanyo mo ke neng ka itse lefelo leo gape fa ke le etela.

“Morago ga puisanyo e, ke ne ka bona lesedi le le neng le le mo phaposing le simolola go kgobokana mo tikologong ya motho yo o neng a sa tswa go bua le nna, mme le ne la tswelela go dira jalo, go fitlhelela phaposi e setse e le lefifi gape, fa e se fela mo tikologong ya gagwe, fa ka bofefo jo bogolo ka bona, jaaka go ne go ntse, phaephe e bulegela ka tlhamalalo mo legodimong, mme a tlhatloga go fitlha a nyelela gotlhelele, mme phaposi ya sala e ntse jaaka e ne e ntse pele ga lesedi le la magodimo le iponatsa.

“Ke ne ka rapama, ke akantse ka ga boesi jwa pono e, mme ke gakgamaletse se ke neng ke se boleletswe ke morongwa yo o fetang tlwaelesego yo; fa, mo gareng ga dikakanyo tsa me, ka tshogana ke lemoga gore phaposi ya me gape e simolola go nna lesedi, mme ka bofefo jo bogolo, jaaka gone go ntse, morongwa ene yole wa magodimo a bo gape a le fa letlhakoreng lwa bolao jwa me.

“A simolola, mme gape a boelela tota dilo tse o neng a di dira ka loeto lwa ntlha, go sena le fa e le pharologanyo e nnye; se e rileng a se dirile, a nkitsise ka ga dikatlholo tse dikgolo tse di neng di tla mo lefatsheng, ka dikakabalo tse di kgolo tsa tlala, tšhaka, le leroborobo; le gore dikatlholo tse di botlhoko tse di tlaa tla mo lefatsheng mo metlheng ya gompieno. Fa a fetsa go bolela dilo tse, o ne a tlhatloga gape jaaka a ne a dira go le pele.

“Ka nako e, maitlhomo a a neng a dirilwe mo mogopolong wa me a ne a le magolo, mo e leng gore boroko bone bo phatlaletse mo matlhong a me, mme ka koama foo, ke fekeeditswe ke kgakgamalo ya se ke se bonyeng ka ba ka se utlwa. Mme se e neng e le kgakgamalo ya me fa gape ke bona morongwa ene yole fa tlhakoreng lwa bolao jwa me, mme ka mo utlwa a etsa kgotsa a boelela godimo gape go nna dilo tse di tshwanang le tsa pele; mme a oketsa ka tlhagiso mo go nna, a mpolelela gore Satane o tlaa leka go nthaela (ka ntlha ya khumanego ya lelwapa la ga ntate), go tsaya dipapetlana ka maikaelelo a go huma. Se a se nkiletsa, a bua gore ke seka ka nna le maikaelelo a mangwe mo go tseyeng dipapetlana fa e se go galaletsa Modimo, e bile ke seka ka tlhotlhelediwa ke maikaelelo ape a mangwe fa e se go aga motse wa bogosi jwa Gagwe; go seng jalo ga ke kake ka di tsaya.

“Morago ga loeto lo lwa boraro, o ne gape a tlhatlogela kwa legodimong jaaka pele, mme ka tlogelwa gape go akanya ka kelelelo ka ga go sa tlwaelesega ga se ke sa tswang go se bona; fa ka bofefo morago ga morongwa wa legodimo a sena go tlhatloga go tswa fa go nna la boraro, mokoko wa lela, mme ka bona gore bosa bo ne bo atamela, ka jalo dipuisanyo tsa rona di tshwanetse tsa bo di tsere bosigo joo jotlhe.

“Ke ne moragonyana ka ema go tswa mo bolaong jwa me, mme, jaaka gale, ka ya le ditiro tse di tlhokafalang tsa letsatsi; mme, mo go lekeng go dira jaaka ka dinako tse dingwe, ke ne ka fitlhela nonofo ya me e fedile mo go ntirang gore ke se kgone gotlhelele. Ntate, yo o neng a dira le nna, o ne a lemoga gore go sengwe se se phoso ka nna, mme a nthaya a re ke ye gae. Ke ne ka simolola ka maikaelelo a go ya kwa ntlong; mme, mo go lekeng go tlola legora la tshimo e re neng re le teng, nonofo ya me e ne ya ntatha gotlhelele, mme ka wela fa fatshe ke feletswe ke tshepho, mme ka sebaka ka bo ke le mo maibing a sengwe le sengwe.

“Selo sa ntlha se ke se gakologelwang e ne e le lentswe le le neng la bua le nna, le mpitsa ka leina. Ka leba kwa godimo, mme ka bona morongwa ene yole gape a eme fa godimo ga tlhogo ya me, a dikologilwe ke lesedi jaaka pele. O ne gape a mpolelela se a neng a se mpoleletse bosigo jo bo fetileng, mme a ntaolela gore ke ye kwa go ntate le go mmolelela ka ga pono le ditaelo tse ke di amogetseng.

“Ka obamela, ka boela kwa go ntate mo tshimong, ka mo tlhatlologanyetsa tiragalo yotlhe. O ne a mphetola ka gore e ne e le ya Modimo, mme a mpolelela gore ke ye mme ke dire jaaka ke laetswe ke morongwa. Ke ne ka tlogela tshimo, mme ka ya kwa lefelong le morongwa a neng a mpoleletse gore dipapetlana di epetswe teng; mme ka ntlha ya go tlhatswega ga pono e ke neng ke nnile nayo ka lone, ke ne ka itse lefelo leo fela fa ke goroga kwa go lone.

“Gaufi le motse wa Manchester, kgaolo ya Ontario, New York, go eme lentswe la selekanyo se se bonalang, le le tlhatlogileng go feta lepe mo tikologong. Ka fa bophirima jwa lentswe le, gaufi le setlhowa, ka fa tlase ga letlapa la selekanyo se se bonalang, go ne go le dipapetlana tse, di beilwe mo teng ga kesi ya letlapa. Letlapa le ne le le lekima le bile le le kgolokwe fa gare mo ntlheng e e fa godimo, le ne le le lesesane go ya mo dithoko, mo goreng bogare jwa lone bo ne bo bonala fa godimo ga lefatshe, mme losi lotlhe lo ne lo bipilwe ke mmu.

“Fa ke sena go tlosa mmu, ka tsaya thobane, e ke neng ka e tshwarisa ka fa tlase ga losi lwa letlapa, mme ka go panyeletsanyana ka le tsholetsa. Ka leba mo teng, mme moo ka nnete ka bona dipapetlana, Urime le Thumime, le seiphemelo-sehubeng, jaaka morongwa a tlhalositse. Kesi e di neng di le mo teng ga yone, e ne e dirilwe ka matlapa a a bopagantsweng ka mofuta mongwe wa semente. Kwa tlase ga kesi e, go ne go beilwe matlapa a le mabedi a a neng a kgabaganya kesi; mme mo matlapeng a, go ne go le dipapetlana le dilo tse dingwe di na le tsone.

“Ka dira maiteko go di ntsha, mme ka idiwa ke morongwa, mme gape ka itsisiwa gore nako ya go ntshiwa ga tsone ga e ise e fitlhe, mme e bile ga e kitla, go fitlhelela ngwaga tse nne go tloga mo nakong eo; mme o ne a mpolelela gore ke tle fa lefelong leo morago ga ngwaga e le nngwe go tloga nakong eo, le gore koo o tlaa kopana le nna, le gore go dira jalo go fitlhelela nako e tla ya go ka tsaya dipapetlana.

“Go ya ka jalo, jaaka ke ne ke laotswe, ke ne ka ya koo mafelo a ngwaga nngwe le nngwe, mme ka nako nngwe le nngwe, ke ne ka fitlhela morongwa yoo teng, mme ka amogela thuto le botlhale go tswa mo go ene mo go nngwe le nngwe ya dipuisanyo tsa rona, ka ga se Morena a neng a tlile go se dira, le gore jang le ka mokgwa o motse wa bogosi jwa Gagwe o neng o tshwanetse go tsamaisiwa mo malatsing a bofelo.

· · · · · · ·

“Mme mo sebakeng nako ya goroga ya go tsaya dipapetlana, Urime le Thumime, le seiphemelo-sehubeng. Ka Lwetse a tlhola malatsi a le masome a mabedi le metso e mebedi, ka ngwaga wa sekete makgolo a le borobabobedi le masome a mabedi le metso e supa, ke ile jaaka gale kwa bofelong jwa ngwaga e nngwe kwa lefelong le di neng di epetswe teng, ene morongwa yole wa magodimo a di nneela ka taelo e: Gore ke di tlhokomele; gore fa ke ka di latlha ka bosutlha, kgotsa ka tatlhelelo nngwe ya me, ke tlaa kgaolwa; mme gore fa ke ka dirisa maiteko a me otlhe go di tlamela, go fitlhelela ene, morongwa, a di batla, di tlaa sirelediwa.

“Ka bonako, ke ne ka lemoga lebaka la gore ke eng ke ne ka amogela ditaelwana tse di gagametseng jaana go di babalela, le gore ke eng morongwa a ne a rile fa ke dirile se se batliwang mo seatleng sa me, o tlaa di batla. Gonne go ne go se bofefo go itsege gore ke ne ke di tshotse, go gaisa go lekwa ka dikgoka tsotlhe go di tsaya mo go nna. Maano otlhe a a neng a ka diriwa a ne a dirisiwa ka maikaelelo ao. Dipogiso di ne tsa nna botlhoko le go loelela go gaisa pele, mme matshwititshwiti a ne a thantse ka nako yotlhe go di tsaya mo go nna fa go kgonega. Mme ka tlhalefo ya Modimo, di ne tsa nna ka polokesego mo diatleng tsa me, go fitlhelela ke wetsa ka tsone se se neng se batlilwe mo seatleng sa me. Fa, go ya ka fa dithulaganyong, morongwa a bitsa gore di tle, ka di isa kwa go ene; mme o na le tsone mo taolong ya gagwe go fitllhelela mo letsatsing leno, e le letsatsi la bobedi la Motsheganong ka ngwaga wa sekete, makgolo a fera bobedi, masome a mararo le metso e fera bobedi.”

Ka pego e e kwadilweng ka botlalo, bona Joseph Smith—History (Joseph Smith—Ditso), mo Perela ya Tlhwatlhwa e Kgolo le History of The Church of Jesus Christ of Latter-day Saints (Ditso tsa Kereke ya ga Jesu Keresete ya Baitshephi ba Malatsi a Bofelo), buka 1, kgaolo 1 go ya go 6.

Pego e e kwadilweng ya bogologolo tala jalo e tsisitswe pele go tswa mo lefatsheng e le lentswe la batho ba ba buang go tswa mo leroleng, mme la ranolelwa mo puong ya segompieno ka mpho le thata ya Modimo jaaka e tladitswe ka Sekano sa seModimo, e gatisitswe le go anamisiwa go lefatshe la ntlha mo Sekgoeng ka ngwaga wa 1830 e le The Book of Mormon.