Scriptures
tsebe ya setlhogo sa Buka ya ga Momone


Buka ya ga Momone

Pego e e kwadilweng ka
Seatla sa ga momone
Mo dipapetlaneng
E tserwe mo dipapetlaneng tsa ga nifae

Ka jalo he, ke khutshwafatso ya pego e e kwadilweng ya batho ba ga Nifae, ga mmogo le ya Baleimene—E kwaletswe Baleimene, ba e leng masalela a ntlo ya Iseraele; ga mmogo le Bajuta le Baditšhaba—E kwadilwe ka mokgwa wa taelo, le gape ka mowa wa seporofiti le wa tshenolo—E kwadilwe e bile e kannwe, mme ya fitlhwa go Morena, gore e sere kgotsa tsa senngwa—Go tla e tswa ka mpho le thata ya Modimo go thanolo ya yone—E kannwe ka seatla sa ga Moronae, mme ya fitlhwa go Morena, go tla pele mo nakong e e tlang, ka tsela ya Moditšhaba—Thanolo ya yone ka mpho ya Modimo.

Khutshwafatso e tserwe mo Bukeng ya ga Ethere gape, e e leng pego e e kwadilweng ya batho ba ga Jarete, ba ba neng ba phatlaladiwa ka nako e Morena o neng a tlhakatlhakanya puo ya batho, fa ba ne ba aga kago e e godileng go ya kwa legodimong—E le go bontsha go masalela a ntlo ya Iseraele dilo tse dikgolo tse Morena o di diretseng borraabo; le gore ba tle ba itse dikgolagano tsa Morena, gore ga ba a latlhelwa ruri—Le gape go sokolola Bajuta le Baditšhaba gore Jesu ke Keresete, Modimo wa Bosakhutleng, a itshupa go ditšhaba tsotlhe—Mme jaanong, fa go le diphoso ke diphoso tsa batho; ka jalo he, se kgaleng dilo tsa Modimo, gore lo fitlhelwe lo sena selabe kwa setilong sa katlholo sa ga Keresete.

Thanolelo ya ntlha mo Sekgoeng go tswa dipapetlaneng ka
Joseph Smith, Jun.

Seemo le palo yotlhe ya dibuka tsa ntlha go gatisiwa le go anamisiwa ka
Sekgoa ko Palmyra, New York, USA ka 1830