Scriptures
Momone 8


Kgaolo 8

Baleimene ba senka ba bo ba senya Banifae—Buka ya ga Momome e tlaa tla pele ka thata ya Modimo—Dikhutsego di bolelwa mo go bao ba ba hemang kgalefo le kgotlhang kgatlhanong le tiro ya Morena—Pego e e kwadilweng ya Banifae e tlaa tla pele mo letsatsing la boikepi, tshenyego le kgelogo. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 400 go ya go wa 421.

1 Bonang nna, Moronae, ke fetsa pego e e kwadilweng ya ga ntate, Momone. Bonang, ke na le dilo mme di se kae go di kwala, dilo tse ke di laetsweng ke ntate.

2 Mme jaanong go ne ga diragala gore morago ga ntwa e kgolo e e boitshegang kwa Khamora, bonang, Banifae ba ba neng ba faloletse kwa lefatsheng le le kwa borwa ba ne ba tsongwa ke Baleimene, go fitlhelela botlhe ba sentswe.

3 Mme ntate le ene o ne a bolawa ke bone, mme nna le tota ke setse ke le nosi go kwala leinane le le hutsafatsang la go senngwa ga batho ba me. Mme bonang, ba ile, mme ke diragatsa taelo ya ga ntate. Mme gore a ba tlaa mpolaya ga ke itse.

4 Jalo he ke tlaa kwala mme ke fitlhe dipego tse di kwadilweng tse mo lefatsheng; mme kwa ke yang ga go re sepe.

5 Bonang, ntate o dirile pego e e kwadilweng e, e bile o kwadile maikaelelo a yone. Mme bonang, ke ne ke tla e kwala le nna fa ke ne ke na le phatlha mo dipapetlaneng, mme ga ke na; le borale ga ke na bope, gonne ke nosi. Ntate o bolailwe mo ntweng, le botlhe ba losika lwa me, mme ga ke na ditsala le fa e le kwa ke ka yang; mme sebaka se se leele mo go kae Morena o tlaa ntetlelela gore ke ka tshela ga ke itse.

6 Bonang, dingwaga di le makgolo a le mane di fetile fa e sale go tla ga Morena wa rona le Mmoloki.

7 Mme bonang, Baleimene ba tsumile batho ba me, Banifae, go tswa motseng go ya kwa motseng le go tswa lefelong go ya kwa lefelong, le go fitlhelela ba sa tlhole ba le teng tota; mme bogolo gone go nnile go wa ga bone; ee, bogolo le kgakgamatso ke tshenyego ya batho ba me, Banifae.

8 Mme bonang, ke seatla sa Morena se se e dirileng. Mme bonang gape, Baleimene ba mo ntweng mongwe le yo mongwe; mme sefatlhogo sotlhe sa lefatshe le ke tikologo e le nngwe fela e e tsweletseng ya polao le tshololo ya madi; mme ope ga a itse bofelo jwa ntwa.

9 Mme jaanong, bonang, ga ke sa tlhole ke bua sepe mabapi le bone, gonne ga go bape fa e se Baleimene le dirukutlhi tse di teng mo sefatlhogong sa lefatshe.

10 Mme ga go bape ba ba itseng Modimo wa boammaaruri fa e se barutwana ba ga Jesu, ba ba neng ba leta mo lefatsheng go fitlhelela boleo jwa batho bo le bogolo mo Morena o neng a se ka ke a ba letlelela go sala le batho; mme gore a ba mo sefatlhogong sa lefatshe motho ope ga a itse.

11 Mme bonang, ntate le nna re ba bone, mme ba re rutile.

12 Mme mang yo o amogelang pego e e kwadilweng e, mme a seka a e bona molato ka ntlha ya bo seng phepa jo bo mo go yone, ene yoo o tla itse ka dilo tse dikgolo go feta tse. Bonang, ke Moronae; mme fa go ka bo go kgonega, ke ne ke tlaa dira dilo tsotlhe di itsege go lona.

13 Bonang, ke dira bofelo jwa go bua mabapi le batho ba. Ke morwa Momone, mme ntate e ne e le kokomana ya ga Nifae.

14 Mme ke nna yoo yo o fitlhang pego e e kwadilweng e go Morena; dipapetlana tsa yone ga di na mosola, ka ntlha ya taelo ya Morena. Gonne ka boammaaruri o rile ga go ope yo o tlaa di tsayang go bona poelo; mme pego e e kwadilweng ya tsone ke ya botlhokwa jo bogolo; mme mang yo o tlaa e tlisang mo leseding, ene Morena o tlaa mo segofatsa.

15 Gonne ope ga a kake a nna le thata go e tlisa mo leseding fa e se e neilwe ene ke Modimo; gonne Modimo o rata e ka dirwa ka leitlho le le bongwe go ya kwa kgalalelong ya gagwe, kgotsa boitekanelo jwa batho ba kgolagano ba Morena ba bogologolo tala e bile ba sa bolo go phatlaladiwa.

16 Mme a go segofale ene yo o tlaa tlisang selo se mo leseding; gonne se tlaa tlisiwa go tswa mo lefifing go lesedi, go ya ka fa lefokong la Modimo; ee, se tlaa tlisiwa go tswa mo lefatsheng, mme se tlaa phatshima pele go tswa mo lefifing, mme se tle go kitso ya batho; mme go tlaa dirwa ka thata ya Modimo.

17 Mme fa e le gore go na le diphoso ke diphoso tsa motho. Mme bonang, ga re itse phoso epe; le fa go ntse jalo Modimo o itse dilo tsotlhe; jalo he, ene yo o bonang molato, a a eletlhoko e se re kgotsa o tlaa nna mo kotsing ya molelo wa molete.

18 Mme ene yo o reng: Supa go nna, e seng jalo o tlaa itewa—a a eletlhoko e se re kgotsa o laela seo se se ileditsweng ke Morena.

19 Gonne bonang, ene yoo yo o atlholang ka mahega o tla atlholwa ka mahega gape; gonne go ya ka fa ditirong tsa gagwe dituelo tsa gagwe di tlaa nna; jalo he, ene yoo itayang o tlaa itewa gape, ke Morena.

20 Bonang se lefoko la Modimo le le kwadilweng le se buang—motho a seka a itaya, le e seng gore a atlhole; gonne katlholo ke ya me, go bua Morena, pusoloso ke ya me le yone, mme ke tlaa duela.

21 Mme ene yo o tlaa hemang kgalefo le dikgothang kgatlhanong le tiro ya Morena, le kgatlhanong le batho ba kgolagano ba Morena ba e leng ntlo ya Iseraele, mme a re: Re tlaa senya tiro ya Morena, mme Morena ga a na go gakologelwa kgolagano ya gagwe e a e dirileng go ntlo ya Iseraele—ene yoo o mo kotsing ya go kgaolelwa fatshe le go latlhelwa mo molelong;

22 Gonne maikaelelo a a sa khutleng a Morena a tlaa tswelela, go fitlhelela ditsholofetso tsa gagwe tsotlhe di diragaditswe.

23 Sekasekang diporofito tsa ga Isaia. Bonang, ga ke kake ka di kwala. Ee, bonang ka re go lona, gore baitshephi bao ba ba tsamaileng pele ga me, ba ba nnileng lefatshe le, ba tlaa lela, ee, le go tswa mo leroleng tota ba tlaa lelela go Morena; mme jaaka Morena a tshela o tlaa gakologelwa kgolagano e a e dirileng le bone.

24 Mme o itse dithapelo tsa bone, gore di ne di le boemong jwa bakaulengwe ba bone. Mme o itse tumelo ya bone, gonne mo leineng la gagwe ba ne ba ka sutisa dithaba; mme mo leineng la gagwe ba ne ba ka dira lefatshe go tshikhinyega; mme ka thata ya lefoko la gagwe ba ne ba dira dikgolegelo go pitikologela fa fatshe; ee, le lehuti la molelo le le molelo le ne le ka seka la ba golafatsa, le e seng dibatana tsa naga le fa e le dinoga tse di botlhole, ka ntlha ya thata ya lefoko la gagwe.

25 Mme bonang, dithapelo tsa bone di ne gape di le mo boemong jwa gagwe gore Morena a letlelele go tlisa dilo tse pele.

26 Mme ope ga a tlhoke gore a re ga di na go tla, gonne e le ruri di tlaa tla, gonne Morena o se buile; gonne go tswa mo lefatsheng di tlaa tla, ka seatla sa Morena, mme ope ga a kake a se kganela; mme go tlaa tla mo letsatsing fa go tlaa buiwang gore dikgakgamatso di fedisitswe; mme go tlaa tla le jaaka e kete mongwe o tlaa bua go tswa baswing.

27 Mme go tlaa tla mo letsatsing le madi a baitshephi a tlaa lelelang go Morena, ka ntlha ya makunutu a sephiri le ditiro tsa lefifi.

28 Ee, go tlaa tla mo letsatsing le thata ya Modimo e tlaa latolwang, mme dikereke di nna leswe le go tsholetsegela godimo mo boikgogomosong jwa dipelo tsa bone; ee, le mo letsatsing le baeteledipele ba dikereke le baruti ba tlaa emang mo boikgogomosong jwa dipelo tsa bone, le kwa go fufagaleleng bone ba e leng ba dikereke tsa bone.

29 Ee, go tlaa tla ka letsatsi le go tlaa utlwalelwang ka melelo, le ditsuatsue, le looto la mosi mo mafatsheng a sele;

30 Mme go tlaa utlwalelwa gape ka dintwa, menahune ya dintwa, le dithoromo tsa lefatshe mo mafelong a a farologanyeng.

31 Ee, go tlaa tla mo letsatsing le go tlaa nnang le kgotlelo e kgolo mo sefatlhogong sa lefatshe; go tlaa nna le dipolao, le borukutlhi, le go aka, le go tsietsa, le boaka, le mekgwa yotlhe ya bodiabole; fa go tlaa nnang le ba le bantsi ba ba tla reng, Dira se, kgotsa dira sele, mme ga go re sepe, gonne Morena o tlaa ema nokeng ba ba jalo ka letsatsi la bofelo. Mme khutsafalo go ba ba jalo, gonne ba mo santlhokweng wa botlhoko le mo dikgoleng tsa boikepi.

32 Ee, go tlaa tla ka letsatsi le go tlaa agiwang dikereke tse di tlaa reng: Tlang go nna, mme ka ntlha ya madi a lona lo tlaa itshwarelwa dibe tsa lona.

33 O lona batho ba ba boleo le tshokamo le ba ba gagametseng melala, ke eng lo agile dikereke go lona go bona poelo? Ke eng lo fetotse lefoko le le Boitshepho la Modimo, gore lo ka tlisa khutsego mo bothong jwa lona? Bonang, lebang lona go ditshenolo tsa Modimo; gonne bonang, nako e etla ka letsatsi leo fa dilo tse tsotlhe di tlaa diragadiwang.

34 Bonang, Morena o supile go nna dilo tse dikgolo le kgakgamatso mabapi le seo sa tse di tshwanetseng go tla mo bokhutshwaneng, ka letsatsi leo fa dilo tse di tlaa tlang pele gareng ga lona.

35 Bonang, ke bua go lona jaaka e kete lo ne lo le teng, mme le go le jalo ga lo yo. Mme bonang, Jesu Keresete o lo supile go nna, mme ke itse ditiro tsa lona.

36 Mme ke itse gore lo tsamaya mo boikgogomosong jwa dipelo tsa lona; mme ga go bape fa e se ba se kae fela ba ba sa itsholeletseng godimo mo boikgogomosong jwa dipelo tsa bone, mo go apareng ga diaparo tse di ntle thata, mo go fufagaleng, le dikgotlhang, le bopelompe, le matshwenyego, le mekgwa yotlhe ya boikepi; mme dikereke tsa lona, ee, le nngwe le nngwe tota, di kgotletswe ka ntlha ya boikgogomoso jwa dipelo tsa lona.

37 Gonne bonang, lo rata madi, le dilwana tsa lona, le diaparo tsa lona tse dintle, le go kgabisa dikereke tsa lona, go gaisa jaaka lo rata bahumanegi le batlhoki, balwetsi le babogisegi.

38 O lona kgotlelo, lona baitemokanyi, lona baruti, ba lo ithekisang ka ntlha ya seo se se tlaa rusisang, ke eng lo kgotletse kereke ya Modimo e e Boitshepho? Ke eng lo tlhabiwa ke ditlhong go tsaya mo go lona leina la ga Keresete? Ke eng lo sa akanye gore go bogolo tlhwatlhwa ya boitumelo jo bo sa feleng go gaisa bohutsana joo jo bo sekeng bo swa—ka ntlha ya pako tsa lefatshe?

39 Ke eng lo ikgabisa ka seo se se senang botshelo, mme lo ntse lo letlelela gore ba ba tshwerweng ke tlala, le batlhoki, le ba ba sa ikategang, le balwetse, le babogisegi go feta ka lona, mme lo sa ba lemoge?

40 Ee, ke eng lo aga bodiabole jwa lona jwa sephiri go bona poelo, mme lo dira gore batlholagadi ba hutsafale fa pele ga Morena, le gape dikhutsana go hutsafala fa pele ga Morena, ga mmogo le madi a borraabo le a banna ba bone go lelela go Morena go tswa fa fatshe, go pusoloso mo ditlhogong tsa lona?

41 Bonang, tšhaka ya pusoloso e akgega mo godimo ga lona; mme nako ka bofefo e etla gore a busolose madi a baitshephi mo go lona, gonne ga a na go tlhola a letlelela dilelo tsa bone.