Scriptures
Momone 1


Buka ya ga Momone

Kgaolo 1

Emerane o laela Momone mabapi le dipego tse di kwadilweng tse di boitshepho—Ntwa e simologa gareng ga Banifae le Baleimene—Banifae ba bararo ba a tsewa—boleo, tlhoka tumelo, boloi, le ditiro tsa boloi di a anama. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 321 go ya go wa 326.

1 Mme jaanong nna, Momone, ke dira pego e e kwadilweng ya dilo tse ke di boneng mmogo le go di utlwa, mme ke e bitsa Buka ya ga Momone.

2 Mme e ka nna ka nako e Emerane a neng a fitlha go Morena dipego tse di kwadilweng, o ne a tla go nna, (nna ke le dingwaga di ka nna lesome, mme ka simolola go rutega ka selekanyo sengwe go latela mokgwa wa dithuto tsa batho ba me) mme Emerane a re go nna: Ke lemoga gore o ngwana yo o tlhoafetseng, mme o bofefo go ela tlhoko;

3 Jalo he, fa o le dingwaga di ka nna masome a mabedi le bone ke ka re gore o ka gakologelwa dilo tse o di lemogileng mabapi le batho ba; mme fa o le wa dingwaga tseo o ye kwa lefatsheng la Enthamo, kwa lentsweng le le tlaa bidiwang Shimo; mme koo ke beile go Morena megabo yotlhe e e boitshepho mabapi le batho ba.

4 Mme bona, o tlaa tseela dipapetlana tsa ga Nifae go bowena, mme tse di salang o tlaa di tlogela mo lefelong kwa di leng teng; mme o tlaa gaba mo dipapetlaneng tsa ga Nifae dilo tsotlhe tse o di lemogileng mabapi le batho ba.

5 Mme nna, Momone, ke le kokomana ya ga Nifae, (mme leina la ga ntate e ne e le Momone) ka gakologelwa dilo tse Emerane a di ntaetseng.

6 Mme go ne ga diragala gore nna, ke le dingwaga di le lesome le bongwe, ka tseelwa ke ntate kwa lefatsheng le le kwa borwa, le kwa lefatsheng la Sarahemola tota.

7 Sefatlhogo sotlhe sa lefatshe se ne se apesitswe ke dikago, mme batho ba ne ba le bantsi go rata go lekana, jaaka e ne e kete ke motlhaba wa lewatle.

8 Mme go ne ga diragala gore mo ngwageng o go ne ga simolola go nna le ntwa gareng ga Banifae, ba ba neng ba dirwa ke Banifae le Bajakobe le Bajosefe le Basoramo; mme ntwa e e ne e le gareng ga Banifae, le Baleimene le Balemuele le Baišemaele.

9 Jaanong Baleimene le Balemuele le Baišemaele ba ne ba bidiwa Baleimene, mme ditlhopha tse pedi e ne e le Banifae le Baleimene.

10 Mme go ne ga diragala gore ntwa e simolole go nna gareng ga bone mo melelwaneng ya Sarahemola, gaufi le metsi a Sitone.

11 Mme go ne ga diragala gore Banifae ba ne ba kgobokantse mmogo palo e kgolo ya banna, le go feta palo ya dikete di le masome a mararo. Mme go ne ga diragala gore ba ne ba nna le mo go one ngwaga o palo ya dintwa, tse mo go tsone Banifae ba neng ba itaya Baleimene mme ba bolaya bontsi jwa bone.

12 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba busetse morago tlhulaganyo ya bone, mme go ne go na le kagiso e ntse mo lefatsheng; mme kagiso e ne ya nna sebaka sa dingwaga di ka nna nne, mo e leng gore go ne go sena tshololo ya madi.

13 Mme boleo bo ne jwa anama mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe, mo e leng gore Morena o ne a tsaya barutwana ba gagwe ba ba rategang, mme tiro ya dikgakgamatso le ya phodiso e ne ya ema ka ntlha ya boikepi jwa batho.

14 Mme go ne go sena dimpho go tswa go Morena, mme Mowa o o Boitshepho o ne wa seka wa tla mo go ope, ka ntlha ya boleofi jwa bone le tlhoka tumelo.

15 Mme nna, ke le dingwaga di le lesome le botlhano mme ka selekanyo sengwe ke le wa mogopolo o o tlhoafetseng, jalo he ke ne ka etelwa ke Morena, le go utlwa le go itse ka ga bomolemo jwa ga Jesu.

16 Mme ke ne ka leka go rera go batho ba, mme molomo wa me o ne wa tswalwa, mme ke ne ka idiwa gore ke rere go bone; gonne bonang ba ne ka go rata ba ingaotse kgatlhanong le Modimo wa bone; mme barutwana ba ba rategang ba ne ba tsewa go tswa mo lefatsheng, ka ntlha ya boikepi jwa bone.

17 Mme ke ne ka sala gareng ga bone, mme ke ne ke iditswe go rera gareng ga bone, ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa bone; mme ka ntlha ya bothata jwa dipelo tsa bone lefatshe le ne la hutsiwa ka ntlha ya bone.

18 Mme dirukutlhi tse tsa ga Kedienthene, tse di neng di le gareng ga Baleimene, di ne di tletse ka lefatshe, mo e leng gore banni ba lone ba simolola go fitlha matlotlo a bone mo lefatsheng; mme a nna boreledi, ka ntlha ya gore Morena o ne a hutsitse lefatshe, gore ba seka ba kgona go a tshwara, le fa e le go a baya gape.

19 Mme go ne ga diragala gore go ne gona le boloi, le ditiro tsa boloi, le maselamose; mme thata ya yo o bosula e ne ya bereka mo sefatlhogong sotlhe sa lefatshe, le mo go diragatseng mafoko otlhe a ga Abinatae tota, le gape Samuele Moleimene.