Scriptures
Momone 5


Kgaolo 5

Momone gape o etelela mephato ya Banifae pele mo dintweng tsa madi le kganyaolo—Buka ya ga Momone e tlaa tla pele go lemotsha Iseraele yotlhe gore Jesu ke Keresete—Ka ntlha ya tlhoka tumelo ya bone, Baleimene ba tlaa phatlaladiwa, mme Mowa o tlaa emisa go dira le bone—Ba tlaa amogela efangele go tswa go Baditšhaba mo malatsing a bofelo. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 375 go ya go wa 384.

1 Mme go ne ga diragala gore ke ne ka ya pele gareng ga Banifae, mme ka ikotlhaela maikano a ke neng ke a dirile gore ga ke na go tlhola ke ba thusa; mme ba ne ba mpha taolo gape ya mephato ya bone, gonne ba ne ba leba mo go nna jaaka e kete ke ka ba golola go tswa mo dipogisegong tsa bone.

2 Mme bonang, ke ne ke sena tsholofelo, gonne ke ne ke itse dikatlholo tsa Morena tse di tshwanetseng go tla mo go bone; gonne ba ne ba sa ikotlhaela boikepi jwa bone, mme ba ne ba kgaratlha ka matshelo a bone ba sa bitse Setshidi seo se se ba tlhodileng.

3 Mme go ne ga diragala gore Baleimene ba ne ba tla kgatlhanong le rona jaaka re ne re tshabetse kwa motseng wa Joretane; mme bonang, ba ne ba kgweelediwa morago gore ba ne ba seka ba tsaya motse ka nako eo.

4 Mme go ne ga diragala gore ba tla kgatlhanong le rona gape, mme re ne ra tshegetsa motse. Mme go ne gona gape le metse e mengwe e e neng ya tshegetswa ke Banifae, e maremelelo a yone a neng a ba kgaola gore ba ne ba seka ba kgona go tsena mo lefatsheng le le neng le le fa pele ga rona, go senya banni ba lefatshe la rona.

5 Mme go ne ga diragala gore mafatshe afe le afe a re neng re fitile ka one, mme banni ba one ba ne ba sa kgobokanngwa, ba ne ba senngwa ke Baleimene, mme metsana ya bone, le magae, le metse di ne tsa tshubiwa ka molelo; mme jalo dingwaga di le makgolo a mararo le masome a supa le boroba bongwe di ne tsa feta.

6 Mme go ne ga diragala gore mo ngwageng wa makgolo a mararo le masome a roba bobedi Baleimene ba ne ba tla gape kgatlhanong le rona go lwa, mme re ne ra ema kgatlhanong le bone ka boganka; mme e ne gotlhe e le mo lefeleng, gonne bogolo jalo e ne e le dipalo tsa bone mo e leng gore ba ne ba gataka batho ba ba Banifae ka fa tlase ga dinao tsa bone.

7 Mme go ne ga diragala gore re ne gape ra tshaba, mme bao ba go tshaba ga bone go neng go le bofefo go gaisa Baleimene ba ne ba falola, mme ba go tshaba ga bone go neng go sa feta Baleimene ba ne ba feelelwa fa fatshe mme ba senngwa.

8 Mme jaanong bonang, nna, Momone, ga ke eletse go haraka botho jwa batho mo go latlheleng fa pele ga bone pono e boitshegang ya madi le kganyaolo jaaka e ne e beilwe fa pele ga matlho a me; mme nna, ke itse gore dilo tse di tshwanetse ruri di dirwe go itsiwe, le gore dilo tsotlhe tse di fitlhilweng di tshwanetse go senolelwa fa godimo ga ditlhoa tsa matlo—

9 Le gape gore kitso ya dilo tse e tshwanetse go tla go masalela a batho ba, le gape go Baditšhaba, ba Morena a rileng ba tlaa phatlalatsa batho ba, mme batho ba ba tlaa balwa e le lefela gareng ga bone—jalo he ke kwala khutwsafatso e nnye, ke sa leke go fa pego e e tletseng ya dilo tse ke di boneng, ka ntlha ya taelo e ke e amogetseng, le gape gore lo ka tla lwa seka lwa nna le kutlobotlhoko e kgolo thata ka ntlha ya boleo jwa batho ba.

10 Mme jaanong bonang, se ke se bua go peo ya bone, le gape go Baditšhaba ba ba nang le tlhokomelo go ntlo ya Iseraele, ba ba lemogang le go itse kwa masego a bone a tswang.

11 Gonne ke itse gore ba ba jalo ba tlaa utlwa botlhoko ka ntlha ya tatlhegelo e e hutsafatsang ya ntlo ya Iseraele; ee, ba tlaa utlwela botlhoko go senngwa ga batho ba; ba tlaa utlwa botlhoko gore batho ba ba ne ba sa ikotlhaya gore ba ka bo ba ngaparetswe mo matsogong a ga Jesu.

12 Jaanong dilo tse di kwaletswe go masalela a ntlo ya ga Jakobe; mme di kwalwa morago ga mokgwa o, ka ntlha ya gore go a itsege go Modimo gore boleo ga bo kake jwa di tlisa pele go bone; mme di tshwanetse go fitlhwa go Morena gore di ka tla tsa tla pele mo nakong ya gagwe.

13 Mme e ke taelo e ke e amogetseng; mme bonang, di tlaa tla pele go ya ka fa taelong ya Morena, fa a tlaa bona go lekane, mo tlhalefong ya gagwe.

14 Mme bonang, di tla ya go ba sa dumeleng ba Bajuta; mme ka maikaelelo a di tlaa tsamaya—gore ba ka tla ba kgonwa ka puo gore Jesu ke Keresete, Morwa Modimo o o tshelang; gore Rara o ka tla a tlisa, ka Morwa wa gagwe yo rategang thata, maikaelelo a gagwe a magolo le bosakhutleng, mo go tsosoloseng Bajuta, kgotsa ntlo yotlhe ya Iseraele, kwa lefatsheng la boswa jwa bone, le Morena Modimo wa bone a le neileng go bone, mo go diragatseng kgolagano ya gagwe;

15 Le gape gore peo ya batho ba e ka dumela ka botlalo thata efangele ya gagwe, e e tla yang pele go bone go tswa go Baditšhaba; gonne batho ba ba tlaa phatlalala, mme ba tlaa nna batho ba ba lefifi, le ba ba makgapha, le ba ba ilegang, go fetisa tlhaloso ya seo se se kileng sa nna gareng ga rona, ee, le tota se se neng se le gareng ga Baleimene, mme se ka ntlha ya tlhoka tumelo ya bone le disetwa.

16 Gonne bonang, Mowa wa Morena o setse o emisitse go dira le borraabo; mme ba ne ba sena Keresete le Modimo mo lefatsheng; mme ba kgweediwa go dikologa jaaka mmoko fa pele ga phefo.

17 Ba kile nako nngwe ya bo e le batho ba ba itumedisang, mme ba ne ba na le Keresete jaaka Modisa wa bone; ee, ba ne ba eteletswe pele le ke Modimo Rara tota.

18 Mme jaanong, bonang, ba eteletswe pele ke Satane, le fela jaaka mmoko o kgweediwa fa pele ga phefo, kgotsa jaaka sekepe se latlhaganngwa godimo ga makhubu a metsi, se sena motsamao le fa e le boitsetsepelo, kgotsa go sena sepe se ka sone seka kgweediwang; mme le fela jaaka se ntse, jalo ba ntse.

19 Mme bonang, Morena o buseditse morago masego a bone, a ba ka bong ba a amogetse mo lefatsheng, ka ntlha ya Baditšhaba ba ba tlaa nnang lefatshe.

20 Mme bonang, go tlaa diragala gore ba tlaa kgweediwa le go phatlaladiwa ke Baditšhaba; mme morago ga ba sena go kgweediwa le go phatlaladiwa ke Baditšhaba, bonang, jaanong foo Morena o tlaa gakologelwa kgolagano e a e dirileng go Aberahame le go ntlo yotlhe ya Iseraele.

21 Mme gape Morena o tlaa gakologelwa dithapelo tsa basiami, tse di tlaa bewang godimo go ene ka ntlha ya bone.

22 Mme jaanong foo, O lona Baditšhaba, lo ka ema jang fa pele ga thata ya Modimo, fa e se fela lo ka ikotlhaya mme lwa fetoga go tswa mo ditseleng tse di bosula tsa lona?

23 A ga lo itse lona gore lo mo diatleng tsa Modimo? A ga lo itse lona gore o na le thata yotlhe, mme ka taelo ya gagwe e kgolo lefatshe le tlaa phuthwa mmogo jaaka lokwalo lo lo menwang?

24 Jalo he, ikotlhaeng lona, mme lo ikokobetse fa pele ga gagwe, e sere kgotsa a tle mo tshiamisong kgatlhanong le lona—e sere kgotsa masalela a peo ya ga Jakobe a ye pele gareng ga lona jaaka tau, mme a le kgagole ditoki, mme ga go ope go golola.