Scriptures
Momone 6


Kgaolo 6

Banifae ba kgobokanela dintwa tsa bofelo kwa lefatsheng la Khamora—Momone o fitlha dipego tse di kwadilweng tse di boitshepho mo lentsweng la Khamora—Baleimene ba a fenya, mme setšhaba sa Banifae se a senngwa—Makgolo a dikete ba bolaiwa ka tšhaka. E ka nna mo ngwageng wa Morena wa 385.

1 Mme jaanong ke fetsa pego e e kwadilweng ya me mabapi le go senngwa ga batho ba me, Banifae. Mme go ne ga diragala gore re ne ra gwantela pele fa pele ga Baleimene.

2 Mme nna, Momone, ke ne ka kwalela lokwalo go kgosi ya Baleimene, mme ka eletsa mo go ene gore o ka naya go rona gore re ka kgobokanya mmogo batho ba rona kwa lefatsheng la Khamora, go bapa le lentswe le le neng le bidiwa Khamora, mme koo re ka ba naya ntwa.

3 Mme go ne ga diragala gore kgosi ya Baleimene o ne a neela go nna selo se ke neng ke se eleditse.

4 Mme go ne ga diragala gore re ne ra gwantela pele kwa lefatsheng la Khamora, mme re ne ra tlhoma ditante tsa rona mo tikologong ya lentswe la Khamora; mme e ne e le mo lefatsheng la metsi a mantsi, dinoka, le metswedi; mme fa re ne re solofetse go bona maemo a a botoka godimo ga Baleimene.

5 Mme fa dingwaga di le makgolo a mararo le masome a roba bobedi le bone di fitile, re ne re kgobokantse ba ba setseng botlhe ba batho ba rona kwa lefatsheng la Khamora.

6 Mme go ne ga diragala gore fa re sena go kgobokanya batho ba rona botlhe mo bongweng go ya kwa lefatsheng la Khamora, bonang nna, Momone, ka simolola go tsofala; mme ke e itse e le kgaratlho ya bofelo ya batho ba me, mme ke laetswe ke Morena gore ke seka ka letlelela dipego tse di kwadilweng tse di neng di fitiseditswe tlase ke borraarona, tse di neng di le boitshepho, go wela mo diatleng tsa Baleimene, (gonne Baleimene ba ne ba ka di senya) jalo he ke dirile pego e e kwadilweng e go tswa mo dipapetlaneng tsa ga Nifae, mme ka fitlha mo lentsweng la Khamora dipego tse di kwadilweng tsotlhe tse di neng di beilwe mo tshephong ya me ka seatla sa Morena, fa e se fela dipapetlana tse di seng kae tse tse ke di neileng go morwaake Moronae.

7 Mme go ne ga diragala gore batho ba me, ka basadi ba bone le bana ba bone, jaanong ba ne ba bona mephato ya Baleimene e gwantela go ya ntlheng ya bone; mme ka poifo e e boitshegang eo ya loso lo lo tlatsang mabele a boleofi botlhe, ba ne ba letela go ba amogela.

8 Mme go ne ga diragala gore ba tla go lwa kgatlhanong le rona, mme motho mongwe le mongwe o ne a tletse ka letshogo ka ntlha ya bogolo jwa dipalo tsa bone.

9 Mme go ne ga diragala gore ba ne ba wela mo bathong ba me ka tšhaka, le ka bora, le ka motsu, le ka selepe, le ka mekgwa yotlhe ya dibetsa tsa ntwa.

10 Mme go ne ga diragala gore banna ba me ba ne ba kgaolelwa fatshe, ee, le tota dikete di le lesome tsa me ba ba neng ba na le nna, mme ka wa ke golafetse mo gareng; mme ba ne ba feta ka nna gore ba ne ba seka ba feleletsa botshelo jwa me.

11 Mme fa ba sena go ralala le go kgaolela fatshe batho ba me botlhe fa e se fela ba le masome a mabedi le bone ba rona, (gareng ga bao go neng go na le morwaake Moronae) mme rona re tlogetswe ke baswi ba batho ba rona, re ne ra bona ka moso, fa Baleimene ba boetse kwa mathibelelong a bone, go tswa kwa godimo ga lentswe Khamora, dikete tse di lesome tsa batho ba me ba ba neng ba kgaoletswe fatshe, ba eteletswe kwa pele ke nna.

12 Mme re ne gape ra bona dikete tse di lesome tsa batho ba me ba ba neng ba eteletswe pele ke morwaake Moronae.

13 Mme bonang, dikete tse di lesome tsa ga Kidikiditona di ne di ole, mme le ene a le mo gare.

14 Mme Lema o ne a ole le dikete tse di lesome tsa gagwe; le Gilegale o ne a ole le dikete tse di lesome tsa gagwe; le Limoha o ne a ole le dikete tse di lesome tsa gagwe; le Jeniamo o ne a ole le dikete tse di lesome tsa gagwe; le Khumenaeha, le Moronaeha, le Enthionamo, le Shibolamo, le Sheme, le Jashe, ba ne ba ole le dikete tse di lesome tsa bone mongwe le mongwe.

15 Mme go ne ga diragala gore go ne go na le ba le lesome ba bangwe ba ba neng ba wa ka tšhaka, ka dikete di le lesome tsa bone mongwe le mongwe; ee, le botlhe batho ba me tota, fa e se fela bao ba le masome a mabedi le bone ba ba neng ba na le nna, le gape ba se kae ba ba neng ba falolela mo mafatsheng a a borwa, le ba se kae ba ba neng ba ngwegela go Baleimene, ba ne ba ole; mme nama ya bone, le marapo, le madi di ne di rapaletse mo sefatlhogong sa lefatshe; di tlogetswe ke diatla tsa bao ba ba ba bolaileng go bola mo godimo ga lefatshe, le go phatlalala le go boela kwa go mmaabo mmu.

16 Mme mowa wa me o ne o phatlogile ka botlhoko le tshwenyego, ka ntlha ya ba ba bolailweng ba batho ba me, mme ka lela:

17 O lona ba bantle, ke ka jang gore lo ka bo lo tlogetse ditsela tsa Morena! O lona ba bantle, ke ka jang gore lo ka bo lo ganne Jesu yoo, yo o neng a eme ka diatla tse di butsweng go lo amogela!

18 Bonang, fa lo ka bo lo sa dira se, lo ka bo lo sa wa. Mme bonang, lo ole, mme ke hutsafaletse tatlhego ya lona.

19 O lona barwa le barwadia ba bantle, lona borre le bomme, lona banna le basadi, lona ba bantle, ke ka jang gore lo ka bo lo ole!

20 Mme bonang, lo ile, mme kutlobotlhoko ya me ga e kake ya tlisa go boa ga lona.

21 Mme letsatsi ka bonako le e tla gore o o swang wa lona o apare bo sa sweng, mme mebele e jaanong e bolang mo tshenyegong e tshwanetse ka bofefo e nne mebele e e sa senyegeng; mme jaanong foo lo tshwanetse go ema fa pele ga setilo sa katlholo sa ga Keresete, go atlholwa go ya ka fa ditirong tsa lona; mme fa e le gore lo tshiamo, jaanong foo lo segofaditswe le borraalona ba ba tsamaileng pele ga lona.

22 O gore lo ka bo lo ikotlhaile pele ga tshenyego e kgolo e e tlile mo go lona. Mme bonang, lo ile, mme Rara, ee, Rara wa Bosakhutleng wa legodimo, o itse seemo sa lona; mme o dira ka lona go ya ka fa tshiamisong ya gagwe le kutlwelobotlhoko.