Liahona
Lesedi la Rona mo Nageng
Firikgong 2024


“Lesedi la Rona mo Nageng,” Liahona, Firi. 2024

Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Firikgong 2024

Lesedi la Rona mo Nageng

Bao ba ba balang Buka ya ga Momone ka tlhwaafalo, ba tshela melawana ya yone, le go rapela ka boammaaruri jwa yone ba tlaa utlwa Mowa o o Boitshepo le go oketsa tumelo ya bone mo go, le bopaki jwa, Mmoloki.

Setshwantsho
Morwarraagwe Jarete ka matlapa a phatsimang

Setshwantsho sa morwarraagwe Jarete ka matlapa a phatsimang ka Normandy Poulter

Le fa ke santse ke le mosimane yo mmotlana, ke ne ke na le bopaki jwa Buka ya ga Momone. Ke ne ka ikutlwa mo go kgethegileng ke atumalane le polelo ya morwarraagwe Jarete le batho ba gagwe mo loetong lwa bone go “lefatshe la tsholofetso” (Ethere 2:9)

Fa ba lebaganwe ke kgwetlho ya loeto lwa bone mo mekorong e senang lesedi, morwarraagwe Jarete a botsa, “Bona, O Morena, a o tlaa letlelela gore re ka kgabaganya metsi a magolo a mo lefifing? A araba, Morena a re, “lo rata gore ke lo direle eng gore lo ka nna le lesedi mo dikepeng?” (Ethere 2:22, 23).

Morwarraagwe Jarete o ne a itse gore Morena o na le thatayotlhe. O ne a itse gore Morena ke motlhodi wa lesedi lotlhe. O ne a itse gore Morena o laotse batho ba gagwe go mmitsa ka nako ya letlhoko. Jalo, go diragatsa tumelo mo Moreneng, morwarraagwe Jarete a baakanya matlapa a mannye a le 16. O gakologelwa gore o ne a lopa Morena go kgoma matlapa ka monwana wa Gagwe, “gore a ka phatsima mo lefifing” (Ethere 3:4).

Setshwantsho sa Morena a kgoma matlapa ao se mo tlhaloganyong ya me e sale lantlha ke bala polelo eo. Ke bona tiragalo eo jaaka ekete e diragetse fa pele ga matlho a me. Gongwe ke ka ntlha ya gore setshwantsho sa lefifi se tlosiwa ke lesedi se tlhwaafetse mo go nna.

Fa ke sa utlwe Mowa o o Boitshepo, fa ke dule mo tseleng go le gonnye le Mowa wa Morena, ke utlwa lefifi. Mme fa ke bala Buka ya ga Momone, lesedi le a boa. Buka ya ga momone e ntse mo go nna jaaka letlapa le le phatsimang le le kgomilweng ke Morena. E sedimoseditse loeto lwa me mo botshelong.

Lesedi la Bosenang bokhutlo

Jaaka bao ba ba tlisitsweng ka seatla sa Morena ko Amerika wa bogologolo, rotlhe re lebagana le matsubutsubu le malatsi a lefifi mo loetong lwa rona go ya lefatseng la tsholofetso la kgalalelo ya bosakhutleng. Mme Morena o tlaa re direla se a se diretseng Bajarete le Banefi. O tlaa re kaela le go phatsimisa tsela ya rona—fa re Mo obamela, diragatsa tumelo mo go Ene, le go kopa thuso ya Gagwe.

Morena o boleletse Nefi, “Mme le gone ke tlaa nna lesedi la lona mo nageng; mme ke tlaa baakanya tsela fa pele ga lona, fa go ka diragala gore lo tshegetse ditaelo tsa me; ke gone, e re ka lo tlaa tshegetsa ditaelo tsa me, lo tlaa isiwa kwa lefatsheng la tsholofetso; mme lo tlaa itse gore ke ka nna go bo lo gogwa” (1 Nefi 17:13).

Morena o boleletse morwarraagwe Nefi Jakoba,”ke tlaa nna lesedi la bone ka bosenabokhutlo, ba ba utlwang mafoko a me” (2 Nefi 10:14).

Ka Mmoloki, moperofeti Abinadi o supile, “Ke lesedi le botshelo jwa lefatshe; ee, lesedi la bosenang bokhutlo, le le ka se kitlang le fifadiwa ka gope” (Mosia 16:9).

Ka boene, Mmoloki o pakile, “ke lesedi le botshelo jwa lefatshe.” O tlalaleditse, “Bonang ke nna lesedi; ke lo beetse sekao” (3 Nefi 9:18; 18:16).

Setshwantsho
Poresidente Russell M. Nelson a tsamaya

Utlwa Lesedi

Ke rata moperofeti wa rona, Poresidente Russell M. Nelson. Ke na le tshegofatso ya go direla mo letlhakoreng lwa gagwe. Fa a tsena morumung, rumu eo ka bonako e utlwala e phatsima. O tshegeditse lesedi la ga Keresete le ene.

Lesedi la ga Keresete le boammaaruri. Ke “matlhagatlhaga a legodimo, thata, kgotsa thotloetso e e tswang kwa Modimong ka Keresete mme e neela botshelo le lesedi go dilo tsotlhe.” Ke neo ya semowa e e tlekediwang e e ka gogang bana ba Modimo go Mowa o o Boitshepo le efangele ya ga Jeso Keresete.1 Go bala Buka ya ga Momone go nonotsha Lesedi leo.

Nako tse dingwe re tlhoka go lebelela kwa morago mo matshelong a rona go gakologelwa ka fa re thusitsweng ka teng mo loetong lwa rona. Jaaka re leba kwa morago, re ka utlwa thotloetso ya Mmoloki gape. Fa dikwalo tse di boitshepo di re, “Gakologelwa, gakologelwa (Helamane 5:12), ke akanya di re bolelela, “Se gakologelwe fela se o kileng wa se itse kgotsa go se utlwa; mme, utlwa lesedi leo gape.”

Ba bangwe, go utlwa lesedi la semowa go tla motlhofo. Ba bangwe, lesedi la semowa le ka nna thata go le utlwa ka ntlha ya gore dikgwetlho tsa rona kgotsa dikganedi tsa lefatshe. Mme fa re le boikanyego, lesedi le tlaa tla—dinako tse dingwe ka ditsela tse re sa di solofelang.

Poresidente Nelson, yo o re gakolotseng “ka thapelo go ithutuntsha Buka ya ga Momone letsatsi le letsatsi,”2 o abelane ditsela tse mmalwa tse Buka ya ga Momone e ka re tlisang gaufi le Mmoloki le go re thusa go utlwa lesedi la efangele, go tshwara boammaaruri jwa efangele, le go tshela dithuto tsa efangele.

Jaaka fa re bala Buka ya ga Momone, Poresidente Nelson a re, go tlhaloganya ga rona ga, le kamogelo ya, Tetlanyo ya ga Jeso Keresete e tlaa gola.

Re tlaa nna le keletso ya go “tsalwa sesha” (Mosia 27:25) jaaka buka e re thusa go itemogela go fetoga ga pelo (bona Mosiah 5:2).

Jaaka re bala le go ithutuntsha dithuto tsa Buka ya ga Momone ka ga go phuthega ga Iseraele, re tlaa utlwa koketsego ya keletso ya go batla baswi ba rona le go diragatsa ditao tsa poloko le kgalalelo ya bosakhutleng ya bone mo tempeleng.

Re tlaa utlwa lesedi jaaka re amogela dikarabo go dipotso tsa rona, kaelo mo go tseyeng ditshwetso, le nonofo go ikwatlhaya le go emelelana le bosula.

Mme jaaka re bala boammaaruri jo bo bonwang mo Bukeng ya ga Momone, re tlaa utlwa pholo, kgomotso, tsosoloso, thuso, nonofo, kgothatso, le go tlakisiwa mo moweng wa rona.3

O jalo, a se ga se a nna jalo? Alema a botsa mabapi le go tlhotlheletsa, go ungwa ga peo ya boammaaruri, kitso, le bopaki. “Ke a lo raya, Ee, gonne ke lesedi; mme le fa e le eng se e leng lesedi, se molemo, gonne se a lemosega, ke gone ka moo lo tshwanetse go itse gore se molemo (Alema 32:35).

Setshwantsho
setshwantsho sa ga Jeso Keresete

Setshwantsho sa ga Keresete, ka Heinrich Hofmann

Batla Mmoloki mo Lefifing

Fa tsala ya me Kamryn a le dingwaga tse 10, o ne a tsenwa ke bolwetse jo bo sa tlwaelesegang mme jwa se nnela ruri jwa matlho bo bo neng jwa ama leitlho la moja.4 Nako tse dingwe, fa botlhoko joo bo tswelela ka go gakala, Kamryn o ne a sa kgone go itshokela lesedi lepe. Batsadi ba gagwe, ba tshogile gore o tlaa foufala, ba fifatsa difensetere tsa kamore ya gagwe go leka gore a nne sentle. Mmaagwe Kamryn, Janna, a gakologelwa:

“Kgwedi tse nne morago ga go tlhatlhobiwa, ke ne ka tsena mo kamoreng ya gagwe e e lefifi. Jaaka fa matlho a me a lekanyetsa, ke ne ke bona Kamryn a ikhunne mo bogare jwa bolao jwa gagwe. O ne a le mo ditlhabing tse dikgolo mo a neng a sa tshikinyege kgotsa le gone go lela fa a utlwa ke tsena. O ne a rapame foo ka matlho a gagwe a tswetswe mme a rurugile.

“Ke ne ka kubama fa bolaong jwa gagwe, ka tsaya diatla tsa me ka mo tshwara, mme ka tobetsa ga raro—sekao sa rona sa sephiri sa ‘ke a go rata.’ Gantsi o tlaa tobetsa gane go kaya ‘Ke go rata thata,’ mme a seka a fetola. O ne a le mo ditlhabing tse dikgolo. Ka dikeledi di elela mo maramemng a me, ka lebelela yo o kileng a bo e le wa dingwaga tse 10 o o matlhagatlhaga a ikudupagantse jaaka bolo. Pelo ya me ya thubega.”

Janna a buela kwa tlase, thapelo.

“Ke ne ka bolelela Rara wa Legodimo gore ke a itse o itse mo go molemo, mme ka rapela, ‘tsweetswee mo thuse.’ Jaaka ke ntse koo ke rapela, letsubutsubu la bothitho la tla mo go nna. Ka ikutlwa ke gomotsega jaaka kakanyo ka ga Mmoloki Jeso Keresete e tla mo tlhaloganyong ya me: ‘Ke lesedi. Mmatle mo lefifing.’”

Janna a tsholetsa tlhogo ya gagwe mme a sebela mo tsebeng ya ga Kamryn: “O tswanetse go batla Mmoloki mo lefifing.”

Morago ga foo, Kamryn a robala a ne a reeditse difela le dikwalo tse di boitshepo mo app ya motlobo wa Kereke.

Setshwantsho
mosetsana a rwele sebitla leitlho

Fa mogare wa leitlho o gakala, Kamryn a bona Mmoloki mo lefifing.

Setshwantsho ka diteseletso tsa lelwapa la ga Kamryn

Bolwetsi jwa ga Kamryn bo nna bo iphitlhile nako tse dintsi, mme fa bo simolola go gakala, Janna le monna wa gagwe, Darrin, ba mo gomotsa mme gape ba baya dikobo mo difensetere tsa kamore ya gagwe. Ka dinako tse dibotlhoko tseo, Kamryn a re, “ke batla Mmoloki mo lefifing.”5

Fa botshelo bo nna jaaka “naga e e lefifi le lotobo” (1 Nefi 8:4), le rona re ka tlhoka go batla mmoloki mo lefifing. Ke paka gore Buka ya ga Momone, le basupi ba yone “gore Jeso ke Keresete, Rara wa Bosakhutleng,”6 e tlaa re gogela kwa go Ene. Ke a itse gore bao ba ba balang Buka ya ga Momone ka tlhwaafalo, ba tshela melawana ya yone, le go rapela ka boammaaruri jwa yone ba tlaa utlwa Mowa o o Boitshepo le go oketsa tumelo ya bone mo go, le bopaki jwa, Mmoloki.

A re supeng malebogo go buka e e “siameng e”7 ka go e bala, go e dira letlotlo, le go e dirisa go nonotsha tumelo ya rona le tumelo ya ba bangwe mo Leseding la Lefatshe.

Dintlha

  1. Bona Topics and Questions, “Light of Christ,” topics.ChurchofJesusChrist.org.

  2. Russell M. Nelson, “The Book of Mormon: What Would Your Life Be Like without It?,” Liahona, Nov. 2017, 62.

  3. Bona Russell M. Nelson, “The Book of Mormon: What Would Your Life Be Like without It?,” 62, 63.

  4. Herpes simplex virus keratitis.

  5. Ke leboga Janna Cannon le morwadie Kamryn go abelana polelo ya bone.

  6. Tsebe ya setlhogo ya Buka ya ga Momone.

  7. Teachings of Presidents of the Church: Joseph Smith (2007), 64.