Liahona
Setlhare sa Botshelo
Firikgong 2024


“Setlhare sa Botshelo,” Friend, Firi. 2024, 26–27.

Melaetsa ya Friend ya Kgwedi le kgwedi, Firikgong 2024

Setlhare sa Botshelo

Setshwantsho
Alt text

Ditshwantsho ka Andrew Bosley

Lehi e ne e le moperofeti. Modimo o mmoleletse go tsaya lelwapa la gagwe go ya lefatsheng la tsholofetso. Fa ba le mo leetong, o ne a lora toro ka ga setlhare se se ntle E ne e bidiwa setlhare sa botshelo.

Setshwantsho
alt text

Setlhare se ne se ugwa leungo le lesweu le le monate. Lehi a utlwa a itumetse fa a le ja! O ne a batla lelwapa la gagwe go le leka le bone.

Setshwantsho
alt text

Lehi le gone o ne a bona tsamma ya tshipi e e isang kwa setlhareng. Batho ba ne ba tshegetsa tsamma go ya kwa setlhareng le go ja leungo.

Setshwantsho
alt text

Setlhare mo torong ya ga Lehi se tshwantshanngwa le lorato lwa Modimo. Tsamma e tshwantshanngwa le dikwalo tse di boitshepo. Fa re bala dikwalo tse di boitshepo, re atamela gaufi le Rara wa Legodimo le Jeso Keresete.

Tsebe ya go Taka

Dikwalo tse di Boitshepo di Ruta ka ga Jeso

Setshwantsho
alt text here

Setshwantsho ka Adam Koford

Ke efe polelo e o e ratang thata ka ga Jeso Keresete?