Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2025
Morago Ga Botshelo jo
Dikarabo go Dipotso Dingwe
Togamaano ya ga Rara wa Legodimo e ka re neela go tlhaloganya le kagiso ka ga botshelo morago ga loso.
Setshwantsho ka Thomas Arnaud
Go diragala eng fa re sena go swa?
E gongwe ke potso e e bodiwang tota mo go yotlhe tumelo. Dikarabo tse re nang le tsone ka ntlha ya ga Jeso Keresete le efangele ya Gagwe di maatla. Botshelo jo ga se bokhutlho. Gonne Jeso Keresete o ne a tsosiwa, mewa ya rona e tlaa kopana le mebele ya rona, mme rotlhe re tlaa tsosiwa letsatsi lengwe.
Ee, go na e dintlha dingwe ka ga botshelo morago ga loso tse di tlileng ka tshenolo ya segompieno e e ka arabang dipotso dingwe tse re nang le tsone. Fano ke dipotso di sekae tse di ntseng jalo, mmogo le dikarabo tse dikhutshwane.
Mmele ya mowa e ntse jang?
Mowa ke mofuta wa selo, fela “se se siameng tota kgotsa se se itshekileng” (Dithuto le Dikgolagano 131:7). Mmele ya mowa e lebega jaaka mmele ya batho ba bagolwane.
Lefatshe la mowa le kae?
Ke eng se se diragalang mo lefatsheng la mowa?
Mo gare ga dilo dingwe, mewa e e amogetseng efangele e a rulaganngwa go rerela efangele mewa e e sa amogelang efangele. Mewa eo e ka itlhophela go e amogela kgotsa go e gana.
Mmele e e tsositsweng e ntse jang?
Mebele e e tsositswe ga e kake ya swa, ke nama le marapo, mme e itekanetse. E a galalela e bile e mentle. “Ga go na sepe se sentle go gaisa go se lebela go na le monna yo o tsositsweng kgotsa mosadi.”
Go diragala eng mo bogosing jwa selesetiale?
Ba ba kwa godimo ga bogosi jwa selesetiale ba nna jaaka Rara wa rona wa Legodimo le go itemogela boitumelo ka botlalo. Ba amogela tsotlhe tse Rara a nang le tsone. Ba tsayakarolo mo tirong ya Gagwe le kgalalelo. Ba ne ba kannwe mo nyalong ya bosakhutleng mme jaanong ba tshela mo malwapeng a bosakhutleng, ba na le bana ba mowa ba bosakhutleng ba bone.
Go tweng ka ga batho ba ba iseng ba nyale mo botshelo jo?
Rara wa Legodimo o itekanetse sentle le mautlwelobotlhoko. “Morena o solofeditse gore mo bosakhutleng ga gona tshegofatso e e tlaa ganelwang barwa ba gagwe le barwadie ba ba tshegetsang ditaolo ba le boammaaruri mo dikgolaganong tsa bone, le go eletsa se se siameng.”
Batsadi ba me ba ne ba kannwe mo temepeleng, mme jaanong ba tlhalane. Ke kannwe go mang?
O ka tswa o “tsholetswe mo kgolaganong” (ke gore, o tshotswe morago ga batsadi ba sena go kanwa mo tempeleng), kgotsa o ka tswa o kanwe go batsadi ba gago mo tempeleng morago ga ba kanwa mongwe go yo mongwe. E ka tswa e le seemo sefe, masego a gago a tlaa nna a le tlhaga le fa batsadi ba gago ba ka itlhophela go tlhalana le go letla kano ya bone go phimolwa.
Ditshwetso tsa batsadi ba gago ga di kake tsa ama ditshegofatso tsa gago. Selo se se botlhokwa ke gore wena o nne boikanyego le go batla ditshegofatso tsa tempele ka bo wena. Mabapi le botsalano jwa lelwapa, o tshwanetse go tshepha mo Moreneng le go batla kgomotso ya Gagwe,” o itse gore “Rara wa Legodimo o tlaa tlhomamisa gore motho mongwe le mongwe o amogela tshegofatso nngwe le nngwe ya dikeletso tsa gagwe le go itlhophela di go letlelelang.”
Go diragala eng ka batho ba ba swang ka go ipolaya?
Ga re itse gore go diragalang go batho ba ba swang ka go ipolaya, mme re ka se ba atlhole (fela jaaka batho botlhe, kgabagare). “Le ntswa matsapa a magolo a ba o ba ratang, baeteledipele, le baitsayanape, go ipolaya ka metlha ga go nke go thibelwa. …
“Ga go a siama gore motho a tseye botshelo jwa gagwe. Le fa gontse jalo, ke Modimo fela a ka atlholang dikakanyo tsa motho, ditiro, le selekanyo sa maikarabelo (bona 1 Samuele 16:7; Dithuto le Dikgolagano 137:9). …
“Bao ba latlhegetsweng ke ba ba ratang ka go ipolaya ba ka bona tsholofelo le phodiso mo go Jeso Keresete le Tetlanyo ya Gagwe.”
© 2025 ka Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Tlhanolo ya Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Phukwi 2025.. Tswana. 19618 763