Jesus Christ

Dithapelo tsa Sakeramente

  • Diteng

  • Tshegofatso ya Borotho

  • Tshegofatso ya Metsi

Dithapelo tsa Sakeramente


Dithapelo tsa Sakeramente

  • Tshegofatso ya Borotho

    O Modimo, Rara wa Bosakhutlheng, re kopa mo leineng la Morwao, Jeso Keresete, go segofatsa le go itshekisa senkgwe se go botlhe bao ba se jang, gore ba se je ele segopotso sa mmele wa Morwao, mme ba supe go wena, O Modimo, Rara wa Bosakhutlheng, gore ba na le keletso ya go ineela mo leineng la Morwao, le go mo gakologelwa ka nako tsotlhe le go tshegetsa melao e a e ba neileng; gore ba nne le Mowa wa gagwe ka nako tsotlhe. Amene.


  • Tshegofatso ya Metsi

    O Modimo, Rara wa Bosakhutlheng, re kopa mo leineng la Morwao, Jeso Keresete, go segofatsa le go itshekisa metsi a go botlhe bao ba a nwang, gore ba a nwe ele segopotso sa madi a Morwao, ao a a tshololegetsweng bone; le gore ba kanna ba supi go wena, O Modimo, Rara wa Bosakhutlheng, gore ba mo gakologelwe ka nako tsotlhe, gore ba kanna le Mowa wa gagwe gore o nne le bone. Amene.