Ditshwantsho tsa motshikinyego le Ditshwantsho
Buka ya Bothakga jwa Efangele


Go dirisa Buka E

Bothakga mo bukeng e bo rulagantswe ka dintlha dingwe tse thataro: Kgolagano e Kgologolo, Kgolagano e Ntsha, Buka ya ga Momone, Ditso tsa Kereke, Efangele mo Tirisong, le Baporofeti ba Malatsi a Bofelo. O ka dirisa ditshwantsho tse go ithuta le go ruta kwa gae kgotsa kwa Kerekeng. Palo e e fa tlase e e tlhalosa setlhogo sa setshwantsho sengwe le sengwe le metswedi e mengwe e e ka dirisiwang go ruta le go bua ka ditshwantsho. Go senka mafoko a Modimo a a tlang le metswedi go tlaa oketsa go tlhaloganya ditiragalo le melawana ya efangele e e supilweng. Tsaya tsie dikakanyo tse di latelang mo go diriseng ditshwantsho le tse di umakilweng.

  • Laletsa batho gore ba senke lefoko la Modimo kgotsa metswedi mengwe e e tsamaelang le setshwantsho sengwe. Ba kope gore ba bale kgotsa ba sobokanye sediriso se ka sebaka sa puisanyo ya setshwantsho se.

  • Botsa lelwapa kgotsa leloko la tlelase go tlhalosa gore ba boneng mo setshwantshong kgotsa gore setshwantsho se ba dira gore ba ikutlwe jang. Ke efe melawana ya efangele e setshwantsho se se rutang. Ke dife dikopo difeng tse dika dirwang mo matshelong a rona gompieno.

  • Laletsa batho go lebelela ditshwantsho ka bo bone. Ba kanna ba tsaya ditshwantsho tse pedi go bapisa le go bona pharologanyo. Ditshekatsheko tsa bone le dipotso ka ga se ba se bonang di kanna tsa isa kwa dipuisanyong kaga lefoko le ka melawana ya efangele.