2019
“Tlayang, Ntshaleng Morago”
Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Motsheganong 2019


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Motsheganong 2019

“Tlayang, Ntshaleng Morago”

Jeso Keresete o re laletsa go tsaya tsela ya kgolagano go boela gae kwa Batsading ba rona ba Legodimo le go nna le bao ba re ba ratang.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba rategang, nna le mosadi wa me Wendy re itumelela go nna le lona mo mosong o wa Sabata. Go le gontsi go diragetse fa e sale ka khonforense e e fetileng. Ditempele tse disha di tshwaetswe mo Concepción, Chile, Barranquilla, Colombia le Rome Italy. Re itemogetse tshologelo ya Mowa mo ditiragalong tse di boitshepo tse.

Ke lebogisa bontsi jwa bomme (le borre) ba mo bosheng ba badileng Buka ya ga Momone mme ba itemogela boitumelo le matlotlo a a fitlhegileng. Ke kgothadiwa ke dipego ka ga dikgakgamatso tse di amogetsweng.

Ke kgatlhiwa ke makwana a a dingwaga tse di 11 ba, jaanong jaaka batiakone, ka tshwanelo ba aba selalelo ka Sontaga mongwe le mongwe. Ba ya tempeleng ga mmogo le makgarejwana a a dingwaga tse di 11, ba jaanong ba tlhwaafaletseng go ithuta le go direla e le Beehives. Botlhe makawana le makgarejwana ba rera efangele ya boammaaruri ka tlhamalalo le ka tumelo.

Ke itumela le bana le banana ba ba thusang go ruta efangele mo malwapeng a bone ba dira mmogo le batsadi ba bone go sala morago dithuto tse di remeletseng mo lwapeng, dithuto tse di rotloediwang ke Kereke.

Re amogetse setshwantsho se sa ga Blake wa dingwaga tse nne, yo, mo mosong wa Matlhatso, a tsereng buka ya Kereke mme a buela godimo a re “ke tlhoka go fepa mowa wa me!”

Setshwantsho
Blake a fepa mowa wa gagwe

Blake, re a go itumelela le ba bangwe ba ba itshenkelang go fepa mewa ya bone ka go ja moletlo mo boammaaruring jwa enfangele e e tsosolositsweng ya ga Jeso Keresete. Mme re itumelela go itse gore bontsi bo amogela thata ya Modimo mo matshelong a bone jaaka ba obamela le go direla mo tempeleng.

Jaaka bontsi jwa lona lo itse, lelwapa la rona le itemogetse kgaogano ee bobebe mo dikgweding tse tharo tse di fetileng fa morwadia rona Wendy a tlhogela botshelo jo jwa go swa. Mo malatsing a bofelo a go lwantshana ga gagwe le kankere, ke ne ka segofadiwa ka sebaka sa go nna le puisano ya go laelana ga rre le morwadi.

Ke ne ka tshwara diatla tsa gagwe mme ka mmolelela ka fa ke mo ratang ka teng le ka fa ke neng ke leboga ka teng go nna rraagwe. Ke rile: “O nyetswe mo tempeleng mme o tshegeditse ka boikanyego dikgolagano tsa gago. Wena le monna wa gago le amogetse bana ba ba supa mo lelwapeng la lona la ba godisa go nna barutwana ba ba boifang Modimo ba ga Jeso Keresete, maloko a mo tia, mme a a nang le seabe mo setshabeng. Mme ba itshenketse bagatsa bone ba sebopego se se tshwanang. Rraago o motlotlo thata thata ka wena. O ntliseditse boitumelo jo bogolo!”

A fetola ka bonolo a re, “Ke a leboga Rre.”

E ne e le sebakanyana mo go rona se se bonolo, sa go tsholola dikeledi. Mo digwageng tsa gagwe tse 67, re dirile mmogo, re opela mmogo mme gantsi re relela mo kapokong mmogo. Mme mo maitseboeng ao, re buile ka dilo tse di botlhokwa thata, tse di tshwanang le dikgolagano, ditao, kobamelo, tumelo, boikanngo, lorato, le botshelo jo bo sa khutleng.

Re tlhwaafaletse morwadia rona thata. Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya efangele ya ga Jeso Keresete e e tsosolositsweng, ga re tshwenyege ka ga ene. Jaaka re tswelela ka go tshegetsa dikgolagano tsa rona le Modimo re tshela ka tsholofelo ya go nna le ene gape. Go sa le jalo, re direla Morena fano mme o mo direla koo—mo parataiseng.1

E le ruri, nna le mosadi wa me re etetse Parataise go sa le gale ngwaga o—Paradise, California, ke raya gone. Jaaka go diragetse, loeto lwa rona le le rulagantsweng le fitlhile dioura tse di 40 morago ga morwadia rona a sena go tlogela lefatshe le. Rona, re patilwe ke Mogolwane Kevin W Pearson le mosadi wa gagwe June, ba ne ba engwe nokeng ke Baitshepi ba Lomapo la Chico California Re ithutile ka tumelo ya bone e kgolo, ka go direla ga bone le dikgakgamatso tse di diragetseng le e leng mo ga re ga ditatlhegelo tse di tshosang thata mo melelong e e senyang thata ya naga mo ditsong tsa California.

Fa re le koo re buile ka boleele le lepodisi le le potlana, John, yo e neng e le mongwe wa batsibogi ba ntlha ba bantsi ba ba pelokgale. O ne a gakologelwa leru le le ntsho le le fologetseng mo Paradise ka Ngwanatsele 8 2018 jaaka kgabo ya molelo le magala di kekela go ralala toropo, di senya thoto le dithuo jaaka senteo mme di sa tlogele sepe fa e se ditotoma tsa molora le ditshomela tsa ditena tse di swafetseng.

Setshwantsho
Ntlo ya bokopano morago ga molelo

Mo dioureng tse di 15 John a kgweetsa go ralala lefifi le le tseneletseng le le neng le ralala ka marumo a magala a a tshosang jaaka a ne a thusa motho morago ga motho, lelwapa morago ga lelwapa go falolela mo pabalesegong—botlhe mo kotsing ya botshelo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo ka nako ya matlhotlhapelo a a maatla ao, se se neng se tshosa John thata e ne e le potso e e mo jang-gotlhelele: “Ba lelwapa la me ba kae?” Morago ga dioura tse di leele tse dintsi, tse di tshosang tsa tlalelo, morago ga lobaka o ne a itse ka phuduso ya bone e e babalesegile.

Polelo ya tlalelo ya ga John ka ga lelwapa la gagwe e nthotloeditse go bua gompieno le bao ba lona ba ba ka botsang fa ba atamela bokhutlong jwa botshelo jo bo swang, “Ba lelwapa la me ba kae?” Ka letsatsi le le tlang leo fa lo wetsa teko ya lona ya botshelo jo bo swang mme le tsena mo lefatsheng la mowa, lo tlaa tlisiwa go lebana le potso e e phatlolang-pelo eo: “Ba lelwapa la me ba kae?”

Jeso Keresete o ruta tsela e e boelang kwa legaeng la rona la bo sa khutleng. O tlhaloganya togamaano ya ga Rraetsho wa Legodimo ya tswelelopele ya bo sa khutleng botoka go na le ope wa rona. Le fa go le jalo, Ke lentswe la selotlele la yone yotlhe. Ke Morekolodi wa rona, Ke Moalafi wa rona, le Mmoloki wa rona.

Fa e sale Adam le Efa ba lelekiwa mo tshimong ya Etene, Jeso Keresete o ntsheditse letsogo la gagwe le le nonofileng go thusa botlhe ba ba itshenkelang go mo salang morago. Gantsintsi, dikwalo tse di boitshepo di bolela gore le ntswa go le jalo mefuta yotlhe ya dibe go tswa mo mefuteng yotlhe ya batho, mabogo a gagwe a santse a otlolotswe 2

Mowa mo mongweng le mongwe wa rona ka tlholego o eletsa gore lorato lwa ba lolwapa le tswelele ka bosenang bokhutlo. Dipina tsa lorato di tlisa ditsholofelo tse di senang boammaruri tsa gore lorato ke sotlhe se o se tlhokang go nna mmogo ka bosenang bokhutlo. Mme bangwe ka phoso ba dumela gore Tsogo ya ga Jeso Keresete e tlisa tsholofetso ya gore batho botlhe ba tlaa nna le ba ba ratang morago ga loso.

Ka boammaruri, Mmoloki ka bo ene o sedimositse ka botlalo gore fa Tsogo ya gagwe e solofetsa gore motho mongwe le mongwe yo o kileng a tshela e le ruri o tlaa tsoga le go tshela ka bosenang bokhutlo,3 go le gontsi thata go a tlhokega fa re batla go nna le tshiamelo e e kwa godimo ya go nna le kgalalelo ya bosakhutleng. Poloko ke selo sa motho ka boene, mme kgalalelo ya bosakhutleng ke selo sa ba lolwapa.

Reetsang mafoko a a builweng ke Jeso Keresete go baporofeti ba gagwe: “Tsotlhe dikgolagano, ditumalano, maikarabelo, maitlamo, maikano, ditiragatso, dikgokagano, botslano, kgotsa ditsholofelo tse di sa dirwang le go tsenwa le go kaniwa ka Mowa o o boitshepo wa tsholofetso … ga di na mosola, molemo, kgotsa thata mo le morago ga tsogo mo baswing; gonne ditumalano tsotlhe tseo di sa dirwang ka bokhutlo jo di na le bokhutlo fa batho ba sule.”4

Jaanong, ke eng se se tlhokegang gore lolwapa le godisiwe? Re nonofela tshiamelo eo ka go dira dikgolagano le Modimo, re tshegetsa dikgolagano tseo le go amogela ditao tse di botlhokwa.

Se se sale se nna boammaaruri e sale ka tshimologo ya nako. Atamo le Efa, Noa le mosadi wa gagwe, Aberahama le Sara, Lehi le Saria le botlhe ba bangwe barutwana ba ba boineelo ba ga Jeso Keresete e sale lefatshe le ne le bopiwa—ba dirile dikgolagano tse di tshwanang le Modimo. Ba amogetse ditao tse di tshwanang tse rona re le maloko a kereke e e tsosolositsweng ya gompieno re di dirileng: dikgolagano tseo tse re di amogelang ka nako ya kolobetso le mo tempeleng.

Mmoloki o laletsa botlhe go mo sala morago go tsena mo metsing a kolobetso mme mo nakong go dira dikgolagano tse dingwe le Modimo mo tempeleng le go amogela le go nna boikanyego mo ditaong tseo tse dingwe tse di botlhokwa. Tse tsotlhe di a tlhokega fa re batla go godisiwa le ba malwapa a rona le Modimo ka bosenang bokhutlo.

Tlalelo ya pelo ya me ke gore bontsi jwa batho ba ke ba ratang, ba ke ba kgatlhegelang le ba ke ba tlotlang ba gana taletso ya gagwe. Ba itlhokomolosa dikopo tsa ga Jeso Keresete fa a ba gwetlha, “Tlayang,Ntshaleng morago.”5

Ke tlhaloganya gore ke eng Modimo a lela.6 Le nna ke lelela ditsala tse di ntseng jalo le ba losika. Ke banna le basadi ba bantle thata, ba na le lorato mo malwapeng a bone le mo maikarabelong a boagedi. Ba neela nako ya bone ka bopelotshweu, maatla le di dirisiwa. Mme lefatshe le botoka ka ntlha ya maiteko a bone. Mme ba itshenketse go sa dire dikgolagano le Modimo. Ga ba a amogela ditao tse di tlaa ba godisang le ba malwapa a bone le go ba golaganya mmogo ka bosenang bokhutlo.7

Ke eletsa jang gore ke ka ba etela le go ba laletsa go elatlhoko ka tlhwaafalo melao e e nonotshang ya Modimo. Ke ipoditse gore ke ka bua eng gore ba ka utlwa ka fa Mmoloki a ba ratang thata ka teng le go itse ka fa ke ba rata ka teng le go lemoga ka fa bomme le borre ba ba tshegetsang-dikgolagano ba ka amogelang “botlalo jwa boitumelo.”8

Ba tlhoka go tlhaloganya gore le fa go na le lefelo la bone morago ga fa—le le nang le banna le basadi ba ba ntle ba le gone ba sa itshenkelang go dira dikgolagano le Modimo—seo ga se lefelo le kwa ba malwapa ba tlaa kopanang teng ba bo ba neelwa tshiamelo ya go tshela le botswelelopele ka bosenang bokhutlo. Seo ga sebogosi jo ba tlaa itemogelang botlalo jwa boitumelo—jwa kgatelopele e e sa khutleng le boitumelo.9 Ditshegofatso tseo tse di wetsang di ka tla fela ka go tshela mo bogosing jwa selesetiale jo bo goleditsweng le Modimo, Rara wa rona wa Bo sa khutleng; Morwawe; Jeso Keresete; le maloko a malwapa a rona a a mantle, a a tshwanetseng e bile a nonotshitswe.

Ke eletsa go bolelela ditsala tsa me tse di ditlhong :

“Mo botshelong jo, ga lo ise lo itshetlele mo go sepe sa bobedi. Le fa go ntse jalo, ka lo gana go amogela ka botlalo efangele ya ga Jeso Keresete e e tsosolositsweng, lo itshenkela go itshetlela mo go ga bobedi.

Mmoloki o rile, ‘Mo ntlong ya ga Rre go na le manno a mantsi.’10 Le fa go ntse jalo, ka lo itshenkela go sa direng dikgolagano le Modimo, lo itshetlela mo borulelong jo bonnyennyane thata mo godimo ga tlhogo tsa lona go ya ka bosakhutleng jotlhe.”

Ke tlaa kopa gape ditsala tsa me tse di ditlhong ka gore:

Tshololela pelo ya gago mo Modimong. Mmotse gore a dilo tse di boammaaruri. Dira nako go ithuta mafoko a gagwe. Go ithuta thata! Fa o rata ka boammaaruri ba lolwapa la gago le fa o eletsa go godisiwa le bone go ya ka bosakhutleng, duela tlhwatlhwa jaanong—ka go ithuta ka tlhwaafalo le go rapela—go itse boammaaruri jo jwa bo sa khutleng mme ke gone go di sala morago.

“Fa o sa tlhomamise fa o dumela mo Modimong, simolola gone foo. Tlhaloganya gore mo boseong jwa maitemogelo le Modimo, motho o ka belaela boleng teng jwa Modimo. Jaanong, o ipee mo seemong sa go simolola go nna le maitemogelo le Ene. ikokobetse Rapelela go nna le matlho a go bona letsogo la Modimo mo botshelong jwa gago le mo lefatsheng le le mo tikologong ya gago. Mo kope go go bolelela fa tota a le teng—fa a go itse. Mmotse gore o ikutlwa jang ka wena. Mme ke gone o reetse.

Tsala ngwe e e ntseng jalo ya me e e rategang e ne e na le maitemogelo a a lekanyeditsweng le Modimo. Mme a eletsa go nna le mosadi wa gawe yo o hulereng. Jaanong a nkopa gore ke mo thuse. Ka mo rotloetsa go kopana le baanamisa tumelo gore a tlhaloganye dithuto tsa ga Keresete le go ithuta ka dikgolagano tsa efangele, ditao le ditshegofatso.

Seo o ne a se dira. Mme a utlwa gore tsela e ba mo e gakolotseng e tlaa tlhoka gore a dire diphetogo tse dintsi mo botshelong jwa gago. O ne a re, “Melao eo le dikgolagano tota tota di thata mo go nna. Gape, ga ke kake ka kgona go duela ditsa bolesome, e bile ga ke na nako go direla mo Kerekeng.” Ke gone a nkopa, “fa ke e swa, tswee-tswee direla mosadi wa me tiro e e tlhokegang ya tempele le nna gore re ka nna mmogo gape.”

Ka malebo, ga ke moatlhodi wa monna yo. Mme ke ipotsa ka mosola wa go nna moemedi mo tirong ya tempele ya motho yo o neng a na le sebaka sa go kolobediwa mo botshelong jo—go tlhomiwa mo boperesiting le go amogela ditshegofatso tsa tempele fa a santse a le fa mo botsheleng jo bo swang—mme yo o dirileng ditshwetso tse di tserweng ka bomo go gana tsela eo.

Bakaulengwe ba me ba ba rategang le bo bokgaitsadi, Jeso Keresete o re laletsa go tsaya tsela ya kgolagano go boela kwa Batsading ba rona ba Legodimo le go nna le bao ba re ba ratang. O a re laletsa “tlayang, Ntshaleng morago.”

Jaanong, jaaka Poresidente ya Kereke ya gagwe, ke kopa lona ba le ikgogetseng morago mo Kerekeng le lona ba lo iseng lo senke tota tota go itse gore Kereke ya Mmoloki e tsosolositswe. Dirang tiro ya semowa go itse ka bo lona, mme ka tsweetswee go direng jaanong jaana. Nako ea re sia.

Ke paka gore Modimo o a tshela. Jeso ke Keresete. Kereke ya gagwe le botlalo jwa efangele ya gagwe di tsosoloseditswe go segofatsa matshelo a rona ka boitumelo fa le morago ga fa. Ke paka jalo mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.