2025
Jeso Keresete Ke Wa Malatsi a a Molemo
Go Nonofo ya Banana Lwetse 2025


Molaetsa wa Go Nonofo Ya Banana wa Kgwedi le kgwedi, Lwetse 2025

Jeso Keresete Ke Wa Malatsi a a Molemo

Fa dilo di tsamaya sentle, re ka nna jang re tsepamisitse mogopolo mo Mmoloking? Fano ke mengwe ya megopolo.

sefatlhego se se nyenyang se se segilweng kgatlhanong le letsatsi

Akanya fela fa tsala ya gago e nna le wena fela fa a sokola mme go tlhokomologa fa a itumetse. Kamano e e itekanetseng? E seng tota.

A re tle re dire jalo mo Mmoloking wa rona—re mmatle mo dinakong tse di thata mme re mo lebale mo dinakong tse di molemo?

Re bua thata ka fa Jeso Keresete a re thusang ka teng mo dinakong tsa rona tse di thata, gongwe ka gonne mongwe le mongwe, ka nako nngwe, o lebane le dilo tse di thata.

Mme go na le malatsi mangwe—dibeke kgotsa dingwaga le gone, fa re le lesego—mo dilo di tsamayang sentle tota. Ka dinako tse dingwe re lebala Mmoloki mo dinakong tseo. Batho ba Buka ya ga Momone ba ne ba dira jalo. Ba ne ba tlhogonofala ka ntlha ya ditshegofatso tsa Modimo ka nako nngwe mme kgabagare ba feekediwa ke boikgogomoso fa ba ne ba Mo lebala.

Dinako tse di monate ga di reye gore ka tshoganetso ga re tlhole re tlhoka Jeso Keresete. Dinako tsa katlego ke dinako tse di itekanetseng tsa go itumela le Mmoloki, e seng go mo lebala.

Ka jalo re nna jang re golagane le Jeso Keresete le Rara wa Legodimo fa diteko di sa re gakolole go fetologela kwa go Bone?

Nna o ikokobeditse

Fa dilo di tsamaya sentle, go molemo go ipelela ditshegofatso le diphitlhelelo tsa gago. Mme o se ka wa lebala gore ke mang yo o dirileng gore o kgone go nna fa o leng teng. Kgosi Benjamine o ne a e baya ka tsela e mo therong ya gagwe ya Buka ya ga Momone:

“Gonne bonang, a ga re bakopi rotlhe? A ga re a baya mo Mothong a le mongwe, e leng Modimo, mo dilwaneng tsotlhe tse re nang le tsone, mmogo mo dijong le diaparo, le mo gauteng le mo selefereng, le mo dikhumong tsotlhe tse re nang le tsone tsa mefuta yotlhe?” (Mosia 4:19).

Go nna boikokobetso ka katlego ya gago ka go gakologelwa se Rara wa Legodimo le Jeso Keresete ba se go diretseng ke tsela e kgolo ya go Ba akaretsa ka dinako tsa gago tse di monate.

Nna o Leboga

Go leboga ke nngwe ya dithebela ditlaamorago tse di molemo go gaisa tsa boikgogomoso le go lebala. Go leboga Modimo go tlaa go thusa go mo gakologelwa le molemo otlhe o Ene le Morwawe ba o dirang mo botshelong jwa gago. Se se botlhokwa fela jaaka mo dinakong tse di monate fela jaaka se dira mo dinakong tse di thata.

Nna o Tlhokometse

Nngwe ya ditlhaselo tse Satane a di ratang thata ke go “go ritibatsa, le go go robaletsa mo tshireletsegong ya senama” (2 Nefi 28:21). Ka mafoko a mangwe, o ne a tlaa rata fa o ne o ka ikutlwa o kgotsofetse e bile o babalesegile thata mo dinakong tsa gago tse di monate gore o lebale se se botlhokwa thata. Ka jalo, o se ka wa lebala Modimo! Fa o nna o lemoga maano a a bofitlha a mmaba mme o a gana le mo dinakong tsa gago tse di monate, o ka nna gaufi le Rara wa Legodimo le Jeso Keresete.

mosetsanyana

Modisa yo o Molemo, ka Michael Malm

Nna o tlhomile mogopolo mo go Keresete

Poresidente Russell M. Nelson o ne a ruta jaana: “Fa tsepamo ya matshelo a rona e le mo togamaanong ya Modimo ya poloko … le Jeso Keresete le efangele ya Gagwe, re ka utlwa boitumelo go sa re sepe gore go diragala eng—kgotsa ga go diragaleng—mo matshelong a rona. Boitumelo bo tswa mo go Ene le ka ntlha ya Gagwe. Ke motswedi wa boitumelo jotlhe.”

Ke gantsi go le kae o akanyang ka boammaaruri jo ka ga boitumelo fa botshelo bo tsamaya sentle? Se ga se fela kgakololo e e gomotsang fa dilo di le makgwakgwa. E boammaaruri ka metlha, go akaretsa le mo malatsing a gago a a molemo. Ka jalo dira sotlhe se o ka se kgonang go tlhoma mogopolo mo go Keresete, go tla bosula kgotsa molemo.

Ntlha

  1. Russell M. Nelson, Oct. 2016 general conference (Ensign or Liahona, Nov. 2016, 82).