Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2025
“Atamelang kwa go nna”
Jeso Keresete o rata mongwe le mongwe wa rona. O re naya tshono ya go atamela gaufi le Ene.
Bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba rategang, ke boitumelo mo go nna go nna le lona mo khonforenseng e ya kakaretso ya Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo. Ena ke Kereke ya Gagwe. Re phuthegile mo dikagong le mo magaeng mo lefatsheng ka bophara mo leineng la Gagwe.
Re tsaya leina la Gagwe mo go rona fa re tsena mo bogosing jwa Gagwe ka kgolagano. Ke Morwa Modimo yo o tsositsweng le yo o galaleditsweng. Re batshedi, ba re ka leofang le go swa. Le fa go ntse jalo, mo loratong lwa Gagwe la mongwe le mongwe wa rona, Mmoloki o re laletsa go tla gaufi le Ene.
Fano ke taletso ya Gagwe mo go rona, “Atamelang kwa go nna mme ke tlaa lo atamela; mpatleng ka tlhwaafalo mme lo tlaa mpona; kopang, mme lo tlaa amogela; kokotang, mme lo tlaa bulelwa.”
Go na le dinako tse re ikutlwang re le gaufi le Mmoloki Jeso Keresete. Mme le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe ka nako ya diteko tsa rona tsa botshelo jwa go swa, re ikutlwa re le kgakala le Ene mme re eletsa netefaletso ya gore O itse se se mo dipelong tsa rona mme o re rata re le batho ka bongwe.
Taletso ya Mmoloki e akaretsa tsela ya go utlwa netefaletso eo. Atamela kwa go Ene ka go Mo gakologelwa ka metlha. Mmatle ka tlhwaafalo ka ithutontsho ya dikwalo tse di boitshepo. Kopa Rara wa Legodimong ka thapelo e e tswang mo pelong go ikutlwa o le gaufi le Morwawe yo o Rategang.
Go na le tsela e e motlhofo ya go akanya ka gone. Ke se o neng o tlaa se dira fa o ne o ka kgaogana ka nakwana le ditsala tse di rategang. O ne o tlaa bona tsela ya go buisana le bone, o ne o tlaa itumelela molaetsa mongwe le mongwe o o amogelang mo go bone ebile o ne o tla dira sotlhe se o ka se kgonang go ba thusa.
Fa seo se ntse se direga thata, se tsaya lobaka lo loleele, kgolagano ya lorato e ne e tlaa thatafadiwa, mme o ne o tlaa ikutlwa o ntse o atamela. Fa go ne go ka feta nako e ntsi go sena puisano e e gakologelwang ka lorato le tshono ya go thusana, kamano eo e ne e tla koafala.
Jeso Keresete o rata mongwe le mongwe wa rona. O neela tshono eo ya go atamela gaufi le Ene. Jaaka ka tsala e e lorato, o tlaa dira ka tsela e e tshwanang thata, ka go buisana ka thapelo le Rara wa Legodimo mo leineng la ga Jeso Keresete, go reetsa kaelo e e rategang go tswa mo Moweng o o Boitshepo, mme morago o direle ba bangwe mo boemong jwa Mmoloki ka boitumelo. Go ise go ye kae o ne o tlaa utlwa tshegofatso eo ya go atamela gaufi le Ene.
Mo bonaneng jwa me, ke ne ka itemogela boitumelo jwa go atamela Mmoloki—le jwa go atamela ga Gagwe gaufi le nna—ka ditiro tse di motlhofo tsa go obamela ditaelo. Fa ke ne ke le monnye, sakaramente se ne se neelwa ka nako ya bokopano jwa maitseboa. Ke santse ke gakologelwa bosigo bongwe jo bo rileng, dingwaga di feta 75 tse di fetileng, fa go ne go le lefifi ebile go le tsididi kwa ntle. Ke gakologelwa maikutlo a lesedi le bothitho fa ke lemoga gore ke tshegeditse taelo ya go phuthega le Baitshepi go ja sakaramente, ke dira kgolagano le Rara wa rona wa Legodimo go gakologelwa Morwa wa Gagwe ka dinako tsotlhe le go tshegetsa ditaelo tsa Gagwe.
Kwa bokhutlong jwa bokopano bosigo joo, re ne ra opela sefela se se reng “Nna le Nna; ’Tsatsi Lephirima,” ka mafoko a a sa lebalesegeng a a reng “Ao Mmoloki, nna le nna bosigo jono.”
Mafoko a a ne a tlisa maikutlo a a fekeetsang a Mowa mo go nna, le fa ke ne ke le mosimane yo monnye. Ke ne ka utlwa lorato lwa Mmoloki le go nna gaufi maitseboa ao ka kgomotso ya Mowa o o Boitshepo.
Dingwaga moragonyana ke ne ke batla go tsosa gape maikutlo a a tshwanang a lorato lwa Mmoloki le botsalano jo ke neng ke bo utlwile le Morena ka nako ya bokopano eo ya sakaramente mo bosheng jwa me. Ka jalo ke ne ka tshegetsa taelo e nngwe e e motlhofo: Ke ne ka batlisisa dikwalo tse di boitshepo.
Mo bukeng ya ga Luke, ke ne ka bala ka letsatsi la boraro morago ga go Bapolwa le go fitlhwa ga Gagwe, fa batlhanka ba ba boikanyego ba ne ba tsile, go tswa mo loratong lwa Mmoloki, go tlotsa mmele wa Gagwe. Fa ba goroga, ba fitlhela letlapa le tlositswe mo lebitleng mme ba bona mmele wa Gagwe o seyo.
Baengele ba babedi ba ne ba ema fa thoko mme ba botsa gore ke eng fa ba tshogile:
“Lo batlelang motshedi mo baswing?
“Ga a yo fa, mme o tsogile: gakologelwa ka fa a buileng le lona ka teng a santse a le kwa Galalea,
“A re, Morwa motho o tlaa neelwa mo matsogong a banna ba baleofi, le go bapolwa, mme letsatsi la boraro o tlaa tsoga gape.”
Maitsiboa ao ka le tlatlana, barutwa ba babedi ba ne ba tsamaya go tswa kwa Jerusalema mo tseleng e e yang kwa Emao, mme Morena yo o tsositsweng o ne a bonala mo go bone mme a tsamaya le bone.
Lokwalo la ga Luke le re letla go tsamaya le bone maitseboa ao:
“Mme go ne ga diragala, gore, fa ntse ba buisana mmogo mme ba akantshana, Jeso keresete ka boene o ne a atamela gaufi, mme a tsamaya le bone.
“Mme matlho a bone a ne a siregile gore ba tle ba seka ba mo itse.
“Mme a ba raya a re, dipuisano tse ke dife tse lo di buisanang, fa lo ntse le tsamaya, mme le hutsafetse?
“Mme yo mongwe wa bone, yo o leina la gagwe e neng e le Keleopase, a mo araba a re, A o moeng mo Jerusalema, mme ga o ise o itse dilo tseo di diragetseng mo malatsing a?”
Ba Mmolelela ka ga kutlobotlhoko ya bone ya gore Jeso o sule fa ba ne ba tshepile gore ke ene o tlaa nnang Morekolodi wa Iseraele.
Go tshwanetse ga bo go ne go na le lorato mo lentsweng la Morena yo o tsogileng fa a ne a bua le barutwa ba babedi bano ba ba hutsafetseng le ba ba hutsafetseng.
Fa ke ntse ke tsweletse ka go bala, ga tla mafoko ano a a neng a thuthafatsa pelo ya me, fela jaaka ke ne ke utlwile fa ke sa ntse ke le mosimanyana:
“Ya re ba atamela motse o ba neng ba ya kwa go one: mme a dira jaaka e kete le ene o fetela pele.
“Mme ba mo pateletsa ba re: “Nna le rona; gonne go setse go le maitseboa, mme letsatsi le setse le fetile. Mme a tsena a ya go nna le bone.”
Mmoloki o ne a amogela mo bosigong joo taletso ya go tsena mo ntlong ya barutwana ba Gagwe. A nna a ja le bone. O ne a tsaya senkgwe, a se segofatsa, a se ngathoganya, mme a ba se ba neela. Matlho a bone a ne a bulega, mme ba Mo itse. O ne A nyelela go tsweng mo ponong ya bone.
Luke o ne a re kwalela maikutlo a barutwa bao ba ba segofaditsweng: “Mme ba raana ba re: A dipelo tsa rona ga di a ka tsa tuka mo teng ga rona, fa a ntse a bua le rona mo tseleng, le fa a ntse a re bulela dikwalo?”
Barutwa ba babedi ba ne ba itlhaganelela kwa Jerusalema go ya go bolelela Baaposetole ba le lesome le bongwe se se diragetseng. Fa ba ntse ba abelana maitemogelo a bone, Mmoloki a bonala gape.
O ne a ema mo gare ga bone mme “a ba raya a re: Kagiso e nne le lona.” Morago ga moo o ne a boeletsa diperofeso tsa thomo ya Gagwe go lefela dibe tsa bana botlhe ba ga Rraagwe le go kgaola dikgole tsa loso.
“Mme a ba raya a re, Go kwadilwe jaana, mme Keresete o ne a tshwanetse go boga jaana, mme a tsoge mo baswing ka letsatsi la boraro:
“Le gore boikotlhao le boitshwarelo jwa dibe bo tshwanetse go rerwa mo leineng la gagwe mo ditshabeng tsotlhe, go simolola kwa Jerusalema.
Fela jaaka barutwana ba Gagwe ba ba rategang, ngwana mongwe le mongwe wa ga Rara wa Legodimo yo o itshenketseng go tsena ka kgoro ya kolobetso o ka fa tlase ga kgolagano go nna mosupi wa Mmoloki le go tlhokomela ba ba tlhokang mo matshelong otlhe a rona a lefatshe. Boineelo jo re ne ra bo tlhalosediwa sentle ke moperofeti yo mogolo wa Buka ya ga Momone Alema makgolokgolo a dingwaga a a fetileng kwa Metsing a ga Momone:
“Mme ka le eletsa go tsena mo sakeng la Modimo, le go bidiwa batho ba gagwe, mme lo rata go thusana merwalo ya mongwe go yo mongwe, gore e ka tla ya nna motlhofo;
“Ee, mme lo rata go hutsafalela bao ba hutsafetseng; ee, le go gomotsa bao ba ba tlhokang kgomotso, le go ema jaaka basupi ba Modimo ka dinako tsotlhe le mo dilong tsotlhe, le mo mafelong otlhe … , le e leng go fitlhelela loso, gore lo ka rekololwa ke Modimo, … gore lo nne le botshelo jo bo sa khutleng.”
Fa o ntse o ikanyega mo ditsholofetsong tse, o tlaa fitlhela gore Morena o tshegetsa tsholofetso ya gagwe ya go nna mongwe le wena mo tirelong ya gago, a dira gore merwalo ya gago e nne motlhofo. O tlaa itse Mmoloki, mme fa nako e ntse e tsamaya o tlaa tla go tshwana le Ene le go “itekanedisiwa mo go ene.” Ka go thusa ba bangwe mo boemong jwa Mmoloki, o tlaa fitlhela gore o atamela gaufi le Ene.
Bontsi jwa lona lo na le baratiwa ba ba timelang go tswa mo tseleng e e isang kwa botshelong jo bo sa khutleng. O ipotsa gore ke eng se sengwe se o ka se dirang go ba busa. O ka ikaega ka Morena go atamela gaufi le bone fa o ntse o mo direla ka tumelo.
O ka nna wa gakologelwa tsholofetso ya Morena mo go Joseph Smith le Sidney Rigdon fa ba ne ba le kgakala le malwapa a bone mo dithomong tsa Gagwe: “Ditsala tsa me Sidney le Joseph, malwapa a lona a siame; a mo diatleng tsa me, mme ke tlaa dira ka bone jaaka ke bona go le molemo;
Fa o ntse o fapa dintho tsa ba ba tlhokang, thata ya Morena a tlaa go tshegetsa. Matsogo a Gagwe a tlaa otlololwa le a gago go thusa le go segofatsa bana ba ga Rara kwa Legodimo.
Motlhanka mongwe le mongwe wa kgolagano wa ga Jeso Keresete o tlaa amogela kaelo ya Gagwe go tswa mo Moweng fa ba segofatsa le go direla ba bangwe mo boemong jwa Gagwe. Ke gone ba tlaa utlwang lorato lwa Mmoloki mme ba bona boitumelo mo go gogelweng gaufi le Ene.
Ke mosupi wa Tsogo ya Morena ka tlhomamo jaaka e kete ke ne ke le koo le barutwa ba babedi mo ntlong e e mo tseleng ya Emause. Ke a itse gore o a tshela.
Se ke Kereke ya Gagwe ya boammaaruri—Kereke ya ga Jeso Keresete. Re tlaa, ka Letsatsi la Katlholo, ema fa pele ga Mmoloki, re lebane difatlhego. E tla nna nako ya boitumelo jo bogolo mo go bao, mo botshelong jo, ba ba atametseng gaufi le Ene mo tirelong ya Gagwe mme ba ka lebelela pele ka tlhoafalo go utlwa mafoko a Gagwe: “O dirile sentle, wena motlhanka yo o molemo le yo o ikanyegang.”
Ke paka jaaka mosupi wa Mmoloki yo o tsogileng le Morekolodi wa rona, mo leineng la ga Jeso Keresete, amene.
© 2025 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E gatisitswe kwa USA. Tetla ya Sekgoa: 6/19. Tetla ya tlhanolo: 6/19. Thanolo ya Molaetsa wa Liahona wa Kgwedi le kgwedi, Motsheganong 2025, Tswana. 19602