2025
Thuso ee tswang kwa go Jeso Keresete: Goreng le Jang
Go Nonofo ya Banana Moranang 2025


Molaetsa Go Nonofo ya Banana wa kgwedi le kgwedi, Moranang 2024

Thuso go tswa mo go Jeso Keresete: Goreng le Jang

Tlhaloganya gore ke eng Jeso Keresete e le karabo le gore o go thusa jang.

Jeso Keresete

Ditshwantsho ka Dan Wilson

“Ke utlwa e kete ke nna ke dira diphoso. “Go thata go nna ke leka.”

“Seemo sa me se thata. Ga ke itse gore nka tswela pele jang.”

“ke tshwenyegile ka isago. Ga ke itse gore a ke na le se se tlhokegang gore ke atlege.”

“Ke lapile, mme go sa ntse go na le tse dintsi tse ke tshwanetseng go di dira.”

A o ka amiwa ke nngwe ya mathata ano? Poresidente Russell M. Nelson o rutile, “Le fa o ka tswa o na le dipotso dife kgotsa mathata afe, karabo e fitlhelwa ka metlha mo botshelong le mo dithutong tsa ga Jeso Keresete” (“The Answer Is Always Jesus Christ[Karabo ka Metlha ke Jeso Keresete],” Khonferense ya kakaretso ya Moranang 2023 [Liahona, Motsheganong 2023, 127]).

Go motlhofo go re, “Jeso Keresete ke karabo.” Go tsaya maitekonyana go tlhaloganya gore Goreng le jang e le karabo

Ke eng Keresete e le Karabo?

Fa A ne a itshokela setlhabelo sa Gagwe sa tefetso, Mmoloki O dirile dilo tse tharo tse di botlhokwa:

  1. O fentse loso, a re letla go tsosiwa.

  2. O duetse tlhwatlhwa ya dibe tsotlhe, a dira gore re kgone go ikwatlhaya, go gola, le go boela kwa Modimong. Seo gape se re thusa go itshwarela ba bangwe fa ba leofa, ka gonne Keresete o tsere dibe tsa bone mo go ene.

  3. O ne a itemogela ditlhabi tsotlhe, dipogisego, dithaelo, malwetse, le makoa (bona Alema 7:11–13). Seo se raya gore O itse sentle gore o ka go thusa le go go fodisa jang mme a ka go nonotsha go itshokela diteko le go leka go nna botoka.

Tlhopha bothata bongwe le bongwe, mme o ka golaganya tharabololo gape le bongwe kgotsa go feta jwa boammaaruri joo jo boraro.

Khumanego Ka gonne Jeso Keresete o itemogetse dilo tsotlhe, O itse sentle gore go ntse jang. Ga se ka metlha a tlosang sekgoreletsi, mme O ka nonotsha batho ba ba rwalang morwalo oo (bona Mosia 24:15).

Phoso? Ka gonne Keresete o fentse sebe, go palelwa ga rona ga go tlhoke go nna ga sennela-ruri. Boikotlhao bo akaretsa go tokafatsa le go nna thata motho yo A itseng re ka nna ene.

Bolwetse? Ka gonne A fentse loso, re tlaa tsosiwa ka mebele e e itekanetseng e e sa amiweng ke bolwetse le botlhoko. Keresete gape o ne a “[tsaya] mo go ene … malwetse” (Alema 7:11), a Mo dira motho yo o itekanetseng go neela kgomotso le tshegetso.

Keresete o Thusa Jang?

Mme le fa re itse gore goreng Mmoloki e le karabo (ka ntlha ya gore ke mang le gore o re diretse eng), re santse re tlhoka go itse gore re bona jang thuso le nonofo go tswa mo go ene. Ditsela di le mmalwa ke tseno:

Thapelo: Ka go rapela mo leineng la ga Jeso Keresete, batho ba ba sa itekanelang jaaka rona ba ka kgona go bua le Modimo yo o itekanetseng. Re ka rapelela nonofo e re e tlhokang mo seemong sengwe le sengwe, mme Modimo o tla araba—e seng ka metlha ka tsela e re e batlang kgotsa e re e lebeletseng, mme ka tsela e e tla re segofatsang. Taletso ya Mmoloki ke ya nnete: “Kopang, mme lo tlaa amogela” (John 16:24; 3 Nefi 27:29; Dithuto le Dikgolagano 4:7).

Neo ya Mowa o o Boitshepo Rara wa Legodimo, Jeso Keresete, le Mowa o o Boitshepo ba tshwaragane mo boikaelelong. Ba dira mmogo! Nako nngwe le nngwe fa o utlwa kaelo kgotsa kgomotso go tswa mo Moweng o o Boitshepo, o ka tlhaloganya seo jaaka Keresete a go thusa le wena.

Go Tshegetsa Dikgolagano. Mogolwane Dale G. Renlund wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o rutile: “Lereo tsela ya kgolagano le kaya motseletsele wa dikgolagano tse ka tsone re tlang kwa go Keresete le go golagana le Ene. Ka kgolagano e ya kgolagano, re kgona go fitlhelela thata ya Gagwe e e sa khutleng” (Apr. 2023 general conference [Liahona, Motsheganog 2023, 36]).

Tshegofatso Fa re dirisa tumelo mo go Jeso Keresete le go ikwatlhaya, re ka amogela thuso le nonofo e e oketsegileng (e gape e e bidiwang tshegofatso) go fitlhelela dilo tse re neng re ka se kgone go di dira ka borona (bona Kaedi ya Dikwalo tse di Boitshepo, “Tshegofatso”). Thata e, kgotsa tshegofatso, e ka tla ka ditsela tse dintsi: go tswa mo Moweng o o Boitshepo, tsala, moeng, maikutlo. Tota, sengwe le sengwe se se molemo se tswa mo go Keresete (bona Moroni 7:22). Fa o bona fela bopelotelele jo bonnye, maatla a mannye, nonofo e nnye ya go itshoka, lemoga seo jaaka Keresete a go thusa.

Gakologelwa Goreng le Jang

Ka jalo nako e e tlang fa o tlhoka karabo ya potso kgotsa bothata, leba kwa go Keresete. Gakologelwa gore ka ntlha ya phenyo ya Gagwe mo sebeng, loso, le dikgwetlho tse dingwe tsotlhe tsa botshelo jwa go swa, ga go sepe se se sa kgonegeng. Batla ka fa A ka go segofatsang ka teng, mme o tlaa bona tlhotlheletso ya Gagwe mo botshelong jwa gago. O go rata thata!