Ditsholofetso tsa Tempele Di Re Golaganya le Modimo le Mongwe go yo Mongwe

Ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jeso Keresete, re kgona go tshela gape le baratiwa ba rona le Modimo morago ga botshelo jono. Re ka tlhopha go mo sala morago ka go dira dikgolagano, kgotsa ditsholofetso, le Ene.
Both men and women walking outside the Accra Ghana Temple

Tempele ke Eng?

Ditempele ke mafelo a a boitshepo. Re tsaya ditempele e le dintlo tsa Morena Jeso Keresete. Di farologane le dikago tsa dikereke tsa selegae koo re tshwarelang ditirelo tsa kobamelo e e boitshepo tsa Sontaga le ditiro tse dingwe. Ditempele di diretswe tiro e e boitshepo thata ya Modimo.

Ditempele di tletse ka tiriso ya ditshupo. Sekai, ba ba tsenang tempele ba apara diaparo tse ditshweu go supa go itsheka le go lekalekana fa pele ga Modimo. Ditempele ke botshabelo jo bo boitshepo, jo bo nang le kagiso koo balatedi ba ga Jeso Keresete ba kgonang go golagana le Ene mo go tseneletseng.

Sa botlhokwatlhokwa, ditempele ke mafelo a re ka dirang dikgolagano tse di boitshepo le Modimo mo go one.
An exterior image of the Helena Montana Temple. The image is taken in the evening.

Kgolagano ke eng?

Re ka tiisa botsalano jwa rona le Modimo le go amogela ditshegofatso tse di kgethegileng tse di tswang mo go One ka dikgolagano. Kgolagano ke tsholofetso e e boitshepo fa gare ga Modimo le bana ba One. Modimo o re fa mabaka a kgolagano le go re neela boitlhophelo jwa go a amogela.
A re diriseng kolobetso jaaka sekai.

Jesus Christ is baptized in the River Jordan by John the Baptist. An angel shows this experience to Nephi after he inquires about Lehi's vision.
Fa re kolobediwa, re solofetsa Modimo gore re tlaa O direla, re tlaa tshegetsa ditaelo tsa One, mme re itlama go amogela leina la ga Jeso Keresete. Fa re dira dilo tse, Modimo o solofetsa go itshwarela dibe tsa rona, go re segofatsa ka Mowa wa gagwe o o Boitshepo, le go re naya botshelo jo bo sa khutleng mo boleng teng jwa Gagwe.

Re ntšhafatsa dikgolagano tse re di dirang ka kolobetso fa re ja sakaremente, se gape se bidiwang selalelo, ka Sontaga mongwe le mongwe kwa kerekeng. Sakaramente se se dirilwe ka fa sekaong sa sakaramente sa Selalelo sa Bofelo se Jeso a neng a se itsise Baaposetole ba gagwe pele ga loso lwa Gagwe.

Morago ga kolobetso, maloko a bagolo a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo a ka dira dikgolagano tse dingwe le Modimo mo tempeleng. Dikgolagano le ditsholofetso tse di nonotsha dikamano tsa bone le Ene mme di tlisa le e leng ditshegofatso tse dikgolo thata.

Re Dira Dikgolagano mo Tempeleng

Endaomente

Lefoko endaomente  le raya “mpho.” Mo endaowmenteng ya tempele, maloko a Kereke a bagolo a dira dikgolagano tse di masisi, go akaretsa le ditsholofetso tsa go obamela ditaelo tsa Modimo le go tshwaela nako le ditalente tsa bone mo tirong ya Morena. Mo poelong, maloko a amogela ditshegofatso tse di jaaka kitso e kgolwane ya togamaano ya Modimo, nonofo e e oketsegileng go sala morago sekao sa ga Keresete, le tshono ya go tshela le Modimo ka bosenang bokhutlo.

Kano

Nngwe ya boitumelo jo bogolo jwa efangele ya ga Jeso Keresete ke tsholofetso ya gore dikgolagano tsa malwapa di ka tswelela go feta matshelo a rona a botshelo jwa go swa. Mo tempeleng, malwapa a golaganngwa kgotsa a “kanwa” mmogo go ya bosakhutleng.

Ka nako ya moletlo wa kano ya lenyalo, monna le mosadi ba khubama mo aletareng go dira dikgolagano mongwe go yo mongwe le Modimo. Ba solofetsa go tlotlana le go ratana gotlhelele mme ba itlama go sala morago dithuto le sekao sa ga Jeso Keresete. ka fa letlhakoreng le lengwe, bone ba solofediwa gore lenyalo la bone le lelwapa la bone le tlaa nnela ruri.
Young couple stands outside the Ogden Utah Temple. They are looking out at the temple in the background with the Angel Moroni being almost top center of the image. He is wearing a dark blue suit with white collared shirt. She is in a white dress. It is late afternoon/early evening.

Tiro ya mo boemong jwa bagologolo ba ba tlhokafetseng

Re dumela mo Modimong o o siameng le o o kutlwelobotlhoko o o neng o ka se ganele ope wa bana ba Gagwe ditshegofatso tsa bosakhutleng ka ntlha ya diemo tse ba ka se kgoneng go di laola.

Mo tempeleng, re dira dikolobetso, diendaomente, le go kaniwa mo boemong jwa bagologolo ba ba neng ba sena tshono ya go amogela ditao tseo pele ga ba tlhokafala. Mo tirong e, mongwe yo o tshelang o dira jaaka moemedi kgotsa moemedi mo boemong jwa motho yo o tlhokafetseng.

Meletlo e e e boitshepo e direlwa mo ditempeleng fela. Re dumela gore bagologolo ba rona ba ka itlhophela go amogela kgotsa go gana tshupelo e e ba e diretsweng ka lorato.

Dipotso tse di tlwaelesegileng

  • Dikereke di dirisediwa ditirelo tsa kobamelo tsa Sontaga, ditiro tsa banana tsa malatsi a beke, dikokoano tsa botsalano, le ditiragalo tse dingwe tsa morafe, fa ditempele tsone di lomololetswe segolobogolo tirelo e e boitshepo le meletlo.
  • O ka lemoga tempele ka mafoko a a reng “Ntlo ya Morena” mo kagong, fa ntlo ya thapelo e e tlwaelegileng e tla nna le mafoko a a reng “Baeng ba Amogelwa” le “Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo” kwa ntle.
  • Fa tirisano mmogo ya setlhopha le go aga morafe e le karolo e kgolo ya se se diragalang mo matlong a thapelo, ditempele di na le tlotlo e e kgethegileng. Mo ditempeleng, batho ba didimetse e bile ba akanya go tshegetsa tlotlo ya Morena..
O ka tsena mo tempeleng ka dinako tse dingwe! Fa ditempele di agiwa la ntlha, kgotsa morago ga gore di tlhabololwe thata, go tshwarwa pulo ya matlo ya batho botlhe.. Gape, ditempele di le dintsi di na le mafelo a baeng, mafelo a go leta, kgotsa mabala a a buletsweng mongwe le mongwe.

Fa tempele e sena go wediwa, e tshwaelwa kobamelo e e boitshepo. Ka ntlha ya tlholego e e boitshepo ya tiro e e dirwang mo ditempeleng, tempele e buletswe fela maloko a Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo ba ba ipaakanyeditseng maitemogelo.

Le fa o ka tswa o sa kgone go tsena mo tempeleng gone jaanong, bana botlhe ba Modimo ba lalediwa go ithuta go le gontsi ka efangele ya ga Jeso Keresete le go tsena mo dikamanong tsa kgolagano tse di tlaa ba letlang go tsaya karolo ka botlalo mo ditshegofatsong tsa tempele.
Ka nako ya moletlo o mokhutshwane, o o motlhofo, monyadiwa le monyadi ba tshwaraganya diatla mo aletareng. Ba dira kgolagano le Modimo gore ba tlaa tlotla le go ratana ka botlalo le go itlama go sala morago dithuto le sekao sa Mmoloki. Ka fa letlhakoreng le lengwe, bone ba solofediwa gore lenyalo la bone le lelwapa la bone le tlaa nnela ruri.

Banyalani ba ba nyalaneng mo tempeleng gantsi ba keteka le ba lelapa le ditsala morago ga moo ka moletlo wa lenyalo kgotsa ngwao e nngwe ya setso. Banyalani ba pele ba ba neng ba nyalane mo meletlong ya selegae kwa ntle ga tempele (jaaka bao ba ba neng ba ikopanya le Kereke fa ba sena go nyalana) ba ka itemogela ditshegofatso tsa go kanwa mo tempeleng le bone.

Lelwapa la Gago le ka Nna Mmogo ka Bosenang bokhutlo

Baanamisa efangele ba ka go ruta go le gontsi gore ditshegofatso tsa dikgolagano tsa kolobetso le tsa tempele—go akaretsa le tsholofetso ya lelwapa la bosakhutleng—di ka nna karolo ya botshelo jwa gago jang.
Kopa go Etelwa