Kgaolo 49
Momone le Dithuto tsa Gagwe
Dingwaga tse dintsi morago ga Jeso Keresete a lekola Banefi, setlhotswana sa batho sa tlogela Kereke mme ba ipitsa Balamane.
Kwa pheletsong go batlile botlhe batho ba nna boikepo, gotlhe Banefi le Balamane.
Mosiami, Amarone, o ne a na le dikwalo tse di boitshepo. Mowa o o Boitshepo o mmoleletse go di fitlha gore jalo di ka bolokesega.
Amarone o boleletse Momone, mosimane wa ngwaga tse di lesome, kwa dikwalo di fitlhilweng gone. Amarone o ne a itse fa a ka tshepha Momone.
E rile a le masome a mabedi le bone, Momone o ne a tshwanetse go tsaya dipapetlana tsa ga Nefi mme a kwala mo go tsone ka ga batho ba gagwe.
E rile Momone a le lesome le bongwe, ntwa ya simolola ma gareng ga Banefi le Balamane. Banefi ba fenya mme go bo go le kagiso gape.
Mme Banefi ba ne ba le boikepo mo go kalo gore Morena a bo a tlose barutwa ba bararo, se se khutlisitseng masaitsiweng le diphodiso. Mowa o o Boitshepo wa seka wa kaela batho.
E rile Momone a le lesome le botlhano, Jeso a mo etela. Momone a ithuta mo gontsi ka ga Mmoloki le molemo wa gagwe.
Momone o ne a batla go rerela batho, mme Jeso a mmolelela gore a seka gonne batho ba ne ba le boikepo thata. Dipelo tsa bone di ne di tlhomilwe kgatlhanong le Modimo.
Ntwa e nngwe ya simolola. Momone o ne a le mogolo e bile a le thata, mme Banefi ba mo tlhopha go etelela pele mophato wa ntwa wa bone.
Banefi ba tlhabantsha Balamane ka dingwaga di le dintsi. Momone o ne a leka go kgothatsha batho ba gagwe go tlhabanela malwapa a bone le magae.
Banefi ba nnile boikepo mo go kalo, le mororo, Morena a ka se ba thuse.
Momone o boleletse Banefi gore ba ka sekegelwe fela fa ba ikwatlhaile e bile ba kolobeditswe. Mme batho ba gana.
Ba ikgantsha ka ga thata ya bone, ba re ba tlaa bolaya Balamane botlhe. Ka ntlha ya boikepo jwa Banefi, Momone a gana go ba etelelapele.
Balamane ba simolola go fenya Banefi mo tlhabanong nngwe le nngwe. Momone a ikaelela go etelelapele batlhabani ba Banifae gape.
O ne a itse fa Banefi ba ba boikepo ba se kitla ba fenya ntwa. Ba ne ba seka ba ikwatlhaya kgotsa go rapelela thuso e ba neng ba e tlhoka.
Momone a tsaya dikwalo tsotlhe mo thabeng kwa Amarone a neng a di fitlhile gone mme a kwalela batho ba ka letsatsi lengwe ba ka balang dikwalo.
O batlile mongwe le mongwe, go balela le Bajuta, go itse ka ga Jeso Keresete, go ikwatlhaya le go kolebediwa, le go tshela efangele mme ba segofale.
Mowa wa tlhotlheletsa Momone go baya dipapetlana tse di potlana tsa ga Nefi, tse di tshotseng diperofeso tsa go tla ga ga Keresete, le dipapetlana tsa ga Momone.
Momone o gogela Banifae kwa lefatsheng la Khomora, kwa ba ipaakanyeditseng go tlhabana le Balamane gape.
Momone o ne a tsofala. O ne a itse se e tlaabo e le tlhabano ya bofelo. O ne a sa batle Balamane ba bona dikwalo tse di boitshepo le go di senya.
Jalo a neela dipapetlana tsa ga Momone go morwa wa gagwe, Moroni, le go fitlha dipapetlaneng tse di dingwe mo thabeng ya Khomora.
Balamane ba tlhasetse le go bolaya botlhe fa e se Banefi ba le masome a mabedi le bone. Momone o golafaditswe.
Momone o ne a hutsafaditswe ke gore bontsi jo bo kalo jwa Banefi bo sule mme a itse gore ba sule ka ntlha ya gore ba ganne Jeso.
Momone o lekile go ruta Banefi boammaaruri. O ba boleletse ka fa go leng botlhokwa go nna le tumelo mo go Jeso Keresete.
O lekile go ba ruta gore ba nne le tsholofelo ka Tetlanyo ya ga Jeso Keresete le go nna le lorato, le e leng lorato le le itshekileng la ga Keresete.
Mme Momone o kwadile dikwalo go morwa wa gagwe, Moroni, yo le ene a rutileng efangele go Banefi.
Momone o kwadile ka ga boikepo jo bo boitshegang jwa Banefi. O boleletse Moroni go nna a le boikanyego mo go Jeso Keresete.
Balamane ba bolaile Momone le botlhe Banefi fa e se Moroni yo a weditseng go kwala dikwalo.