2020
Mo Utlwe
Motsheganong 2020


Setshwantsho
go direla

Senepe ka Mason Coberly

Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Motsheganong 2020

Mo Utlwe

Rara wa rona o itse gore re dikaganyeditswe ke dipelaelo le poifo, mo go tlaa re thusang thata ke go utlwa Morwa wa Gagwe.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, ke leboga jang gore ka tiriso ya maranyane re kgonne go kopana mmogo le go obamela mo mosong o wa Sontaga. Re sego jang go itse gore efangele ya ga Jeso Keresete e buseleditswe mo lefatsheng!

Mo dibekeng tse di mmalwa tse di fitileng, bontsi jwa rona re itemogetse tlhakatlhakano mo matshelong a rona. Dithoromo tsa lefatshe, melelo, merwalela, leroborobo, le ditlamorago tsa tsone di tlhakatlhakantse tlwaelo mme tsa dira tlhaelo ya dijo, tse ditlhokwang, le madi a bolokilweng.

Mo gare ga tse tsotlhe, re a le galaletsa le go le lebogela go itshenkela go utlwa lefoko la Morena ka nako e ya ketsaetsego ka go kopana le rona mo khonforenseng ya kakaretso. Lefifi le le oketsegang le le patileng pitlagano le dira lesedi la ga Jeso Keresete go tswelela le phatsima ka metlha. Akanya fela ka molemo o mongwe le mongwe wa rona a ka o dirang ka nako e ya maitemogelo a a thata lefatshe ka bophara. Lorato la gago le tumelo mo go Mmoloki ruri e ka nna sengwe se mongwe a ka lemogang Tsosoloso ka efangele ka botlalo ya ga Jeso Keresete.

Mo ngwageng tse pedi tse di fitileng, Nna le Kgaitsadi Nelson re kopane le diketekete tsa lona go dikologa lefatshe. Re phuthegile le lona mo dipatlelong tse di kwantle le mo diholong tse go binelwang mo go tsone tsa di hotele. Mo lefelong lengwe le lengwe, ke utlwile gore ke ne ke le mo boleng teng jwa baitshekedwi ba Morena le gore ke ne ke bona go phuthega ga Iseraele go diragala mo matlhong a me.

Re tshela mo motlheng o “borraarona mogolwagolwane ba neng ba o lebeletse ka tsholofelo.”1 Re ntse fa pele go bona ka namana se moperofeti Nefi a se boneng fela mo ponatshegelong, gore “thata ya Kwana ya Modimo” e tlaa fologelela “mo bathong ba kgolagano ba Morena, ba ba neng ba phatlaletse mo sefatlhogong sa lefatshe; mme ba ne ba tlhometse ka tshiamo le ka thata ya Modimo mo kgalalelong e kgolo.”2

Lona, bakaulengwe le bokgaitsadi ba me, le mo gare ga bao banna, basadi, le bana bao Nefi a ba boneng. Akanyang ka seo!

Go sa kgathalesege gore o nna kae kgotsa gore diemo tsa gago ke dife, Morena Jeso Keresete ke Mmoloki wa gago, le moperofeti wa Modimo Joseph Smith ke moperofeti wa gago. O tlhomilwe go le gale pele ga motheo wa lefatshe go nna moperofeti wa tebalebelo e ya bofelo, fa “sepe se tlaa bong se sa thibelwe”3 mo Baitsheping. Tshenolo e tsweletse ka go elela go tswa mo Moreneng ka nako e ya tswelelo e e tsweletseng ya tsosoloso.

Go raya eng mo go wena gore efangele ya ga Jeso Keresete e buseleditswe mo lefatsheng?

Go raya gore wena le lelwapa la gago le ka kanwa mmogo ka bosenang bokhutlo! Go raya gore gonne o kolobeditswe ke mongwe yo o nang le taolo go tswa kwa go Jeso Keresete mme o tlhomamisitswe leloko la Kereke ya Gagwe, o ka itumelela bopati jwa nako tsotlhe jwa Mowa o o Boitshepo. O tlaa go kaela le go go sireletsa. Go raya gore ga o kitla o tlogelwa o sa gomotsega kgotsa o sena tshwanelo ya thata ya Modimo go go thusa. Go raya gore thata ya boperesiti e ka go segofatsa jaaka o amogela ditao tse ditlhokegang le go dira dikgolagano le Modimo le go di tshegetsa. A seitsetsepelo sa mewa ya rona ke boammaruri jo, segolo bogolo ka dinako tse fa phefo e šakgala.

Buka ya ga Momone e bolela go tsoga ga maemo a ntlha le go wa ga ditlhabologo tse pedi tse ditona. Ditso tsa bone di supa ka fa go leng motlhofo ka teng mo bontsing jwa batho go lebala Modimo, go gana ditlhagiso tsa baperofeti ba Morena, le go batla thata, go tuma, le dikgatlhego tsa nama.4 Kgapetsa kgapetsa, baperofeti ba ba fitileng ba boleletse “batho dilo tse dikgolo le tse di gakgamatsang, tse ba neng ba sa di dumele, gonne ba ne ba sa di bone.”5

Ga go pharologanyo mo malatsing a rona. Mo tsamaong ya dingwaga, dilo tse dikgolo le tse di gakgamatsang di utlwilwe mo diraleng tse di tshwaetsweng go ralala lefatshe. Le fa gontse jalo batho ba le bantsi ga ba amogele boammaaruri jo—le fa e le ka ntlha ya gore ga ba itse kwa ba ka bo bonang teng6 kgotsa ka ntlha ya gore ba reetsa bao ba ba senang boammaaruri ka botlalo kgotsa ka ntlha ya gore ba ganne boammaaruri go ya le tekeletso tsa lefatshe.

Moganetsi o botlhale. Makgolo a dingwaga o ntse a dira molemo go lebega e le bosula le bosula go lebega e le molemo.7 Melaetsa ya gagwe e tshabelelwa ke go nna leratla, mabela, le go tlala boikgantsho.

Le fa gontse jalo, melaetsa go tswa kwa go Rraetsho wa Legodimo e bonala e le pharologanyo. O buisana ka mokgwa o o motlhofo, ka tidimalo, le ka motlhofo o o gakgamatsang mo e leng gore ga re ka ke ra tlhoka go mo tlhaloganya.8

Sekai, nako nngwe le nngwe fa a itsise Morwa wa Gagwe Yo o tsetsweng a le Esi mo bathong ba ba swang mo lefatsheng, O dirile jalo mo go makatsang ka mafoko a le sekae. Mo Thabeng ya Phetogo ya mmele mo go Petere, Jakobe, le Johane, Modimo o rile, “Yo ke Morwaake yo o rategang: mo utlweng.”9 Mafoko a gagwe mo Banefing kwa Baonthifole wa bogologolo e ne e le “Bonang Morwaake yo o Rategang, yo o ke kgatlhegang thata mo go ene, yo o ke galaleditseng leina la me mo go ene—lona mo utlweng.”10 Mme mo go Joseph Smith, mo kitsisong eo e e tseneletseng thata e e butseng tebalebelo e, Modimo o ne a re, “Yo ke Morwaake yo o Rategang. Mo Utlwe!11

Jaanong, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, akanyang ka nnete ya gore mo mabakeng a mararo a a a sa tswang go umakiwa, fela pele ga Rara a itsise Morwa, batho ba batsayakarolo ba ne ba le mo seemong sa poifo mme, ka selekanyo sengwe, ba felelwa ke tshepo.

Baaposetole ba ne ba tshogile fa ba bona Jeso Keresete a dikologilwe ke leru mo Thabeng ya Phetogo Mmele.

Banefi ba ne ba tshogile gonne ba ne ba ntse ba le mo tshenyegong le lefifi la malatsi a le mmalwa.

Joseph Smith o ne a le mo tshwarong ya thata ya lefifi pele fela pele fa magodimo a bulega.

Rara wa rona o itse gore re dikaganyeditswe ke dipelaelo le poifo, mo go tlaa re thusang thata ke go utlwa Morwa wa Gagwe.

Gonne fa re batla go utlwa—go utlwa ka boammaaruri—Morwa wa Gagwe, re tlaa kaelwa go itse se re tshwanetseng go se dira mo seemo sengwe le sengwe.

Lefoko lantlha mo Doctrine and Covenants ke reetsa.12 Go raya “go reetsa ka maikaelelo a go obamela.”13 Go reetsa go raya go “Mo utlwa”—go utlwa se Mmoloki a se buang mme ke gone go tlhokomela kgakololo ya Gagwe. Mo mafokong a mabedi ao—“Mo Utlwe”—Modimo o re neela sekao sa katlego, boitumelo, le boipelo mo botshelong jo. Re tshwanetse go utlwa mafoko a Morena, go a reetsa, le go tlhokomela se a se re boleletseng!

Jaaka fa re batla go nna barutwana ba ga Jeso Keresete, maiteko a rona go Mo utlwa a tlhoka go nna ka metlha yotlhe go nna a maikaelelo. Go tsaya maiteko go tlhokomela le go sa fetoge go tlatsa matshelo a rona a letsatsi le letsatsi ka mafoko a Gagwe, dithuto tsa Gagwe, boammaaruri jwa Gagwe.

Gotlhelele ga re kake ra ikaega ka kitso e re e welang mo maranyaneng kgaso a botlhe. Ka didikadike tsa mafoko mo inthaneteng le lefatshe le le tletseng ka ipapatso kgapetsakgapetsa le faraferweng ke maiteko a a modumo, maiteko a a boikepo thata a moganetsi, re ka ya kae go mo utlwa?

Re ka ya kwa dikwalong tse di boitshepo. Di re ruta ka ga Jeso Keresete le Efangele ya Gagwe, bokete jwa Tetlanyo ya Gagwe, le togamaano e kgolo ya boitumelo ya ga Rara wa rona le thekololo. Go nwela mo lefokong la Modimo letsatsi le letsatsi go botlhokwa go tshela semowa, segolo bogolo mo metlheng e ya go oketsega ga mathata. Jaaka re e ja moletlo mo mafokong a ga Keresete letsatsi le letsatsi, mafoko a ga Keresete a tlaa re bolelela ka fa re ka lebaganang le mathata a re iseng re akanye gore re tlaa lebagana le one.

Le gone re ka Mo utlwa mo tempeleng. Ntlo ya Morena ke ntlo ya go ithuta. Koo Morena o ruta ka tsela ya Gagwe. Koo tao nngwe le nngwe e ruta ka ga Mmoloki. Koo re ithuta ka go bula sesiro le go buisana sentle thata le legodimo. Koo re ithuta ka fa re ka kgalemelang moganetsi le go amogela thata ya boperesiti ya Morena go re nonotsha le bao re ba ratang. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tlhwaafalela jang go batla botshabelo koo.

Fa dikganelo tse tsa nakwana tsa COVID-19 di tloswa, tswee tswee rulaganya nako ya gale go obamela le go direla kwa tempeleng. Motsotso mongwe le mongwe wa nako eo o tlaa go segofatsa le lelwapa la gago ka ditsela tse go seng sepe se sele se kang. Tsaya nako go tlhatlhanya se o se utlwang le go se itemogelang fa o le koo. Lopa Morena go go ruta ka fa o ka bulang magodimo go segofatsa botshelo jwa gago le matshelo a bao o ba ratang le go ba direla.

Fa go obamela mo tempeleng jaanong go sa kgonegeng, Ke lo laletsa go oketsa go tsaya karolo ga lona mo ditsong tsa lelwapa, go akaretsa tshekatsheko ya ditso tsa lelwapa le ka go dira intekese. Ke a le solofetsa gore fa lo ka oketsa nako ya lona mo tempeleng le tiro ya ditso tsa lelwapa, lo tlaa oketsa le go tokafatsa nonofo ya lona ya go Mo Utlwa.

Le gone re Mo utlwa sentle thata jaaka re itshekisa nonofo ya rona go lemoga ditlhotlheletso tsa Mowa o o Boitshepo. Ga go ise go ke go tlhokege thata go itse ka fa Mowa o buang le wena ka teng go na le gone jaana. Mo Bomodimong, Mowa o o Boitshepo ke morongwa. O tlaa tlisa dikakanyo mo tlhaloganyong ya gago tse Rara le Morwa ba batlang o di amogela. Ke Mogomotsi. O tlaa tlisa maikutlo a kagiso mo pelong ya gago. O paka ka boammaaruri e bile o tlaa tlhomamisa se se boammaaruri jaaka o utlwa le go bala lefoko la Modimo.

Ke shafatsa kopo ya me mo go wena gore o dire le fa e le eng se se tlhokegang go oketsa nonofo ya gago ya semowa go amogela tshenolo.

Go dira jalo go tlaa go thusa go itse ka fa o ka tswelelang ka teng ka botshelo jwa gago, se o ka se dirang ka nako ya metlha ya mathata, le ka fa o ka lemogang le go tila dithaelo le ditsietso tsa moganetsi.

Mme, la bofelo, re Mo utlwa jaaka re tlhokomela mafoko a baperofeti, balebi le basenodi. Baaposetole ba ba tlhomilweng ba ga Jeso Keresete ka metlha ba paka ka Ene. Ba supa tsela jaaka re tsamaya mo tseleng ya rona e e ngomolang pelo ya ketsaetsego ya maitemogelo a botshelo.

Go tlaa diragala eng fa o ikaelela thata go utlwa, reetsa, le go tlhokomela se Mmoloki a se buileng le se a Se buang jaanong ka baperofeti ba Gagwe? Ke solofetsa gore lo tlaa segofala ka thata e e oketsegileng go lebagana le thaelo, ditshokolo, le bokoa. Ke solofetsa dikgakgamatso mo lenyalo la gago, botsalano jwa lelwapa, le tiro ya letsatsi le letsatsi. Mme ke go solofetsa gore nonofo ya gago go utlwa boitumelo bo tlaa oketsega le fa dikgoberego di oketsega mo botshelo jwa gago.