2020
Go Direla ka Tirelo ya Tempele
Mopitlo 2020


Melawana ya go Direla, Mopitlo 2020

Go Direla ka Tirelo ya Tempele

Fa re thusa ba bangwe go itumelela ditshegofatso tsa tempele re a bo re direla.

Setshwantsho
ministering

Lemorago mo Getty Images; photograph of Tegucigalpa Honduras Temple

Go tsenelela tempeleng go tshwanela maiteko. Poresidente Russell M. Nelson o rutile gore tempele e botlhokwa mo polokong ya rona le kgalalelo ya bosakhutleng le eo ya malwapa a rona. …

“… Mongwe le mongwe wa rona o tlhoka go thatafadiwa semowa le go kaelwa mo go tsweletseng moo go ka diragalang fela mo ntlong ya Morena.”1

Go tsenelela tempele go batla go laolwa ga nako ya rona, maikarabelo, le di dirisiwa, le go nna o iketleeditse semowa. Re a bo re direla fa re lemoga dikganedi tse di kganelang bakaulengwe le bokgaitsadi mo tempeleng le go ba thusa go bona ditharabololo.

Tempele ke Tshegofatso e Mongwe le mongwe a Ka e Itumelelang

Moanamisa efangele yo o sa tswang go boa bosheng, Meg, o ne a tsamaela ntlheng ya lobati la Tempele ya Kona Hawaii fa a lemoga lekgarejwana le ntse le le nosi mo bencheng kwantle. Meg o ne a ikutlwa gore o tshwanetse go bua lekgarejwana, mme o ne a sa tlhomamise se a ka se buang. Jalo a botsa ka ga bokao jwa setshwantsho sa se nnela ruri mo letlalong se se mo lenyenaneng la lekgarejwana. Seo sa simolola puisano e e letleletseng lekgarejwana, Lani go abelana polelo ya gagwe.

Lani o boleletse Meg ka ga tshokolo ya gagwe go boela mo go tseyeng karolo mo go feletseng mo Kerekeng, maloko a a siameng a a mo thusang, le tsholofelo ya gagwe gore letsatsi lengwe a kannwe le ngwana wa gagwe wa mosetsana.

Meg a laletsa Lani go tla go nna mo ntlwaneng ya boemelo ya tempele le ene. Ga ba kake ba kgona go fetela kwa pele mo tempelele le fa go ntse jalo, mme ba ka kgona go kgabaganya serepodi. Lani a dumela, mme ba ne ba ya mmogo go tsena ka dikgoro. Modiri wa tempele a ba supetsa benche e e ka fa tlase ga setshwantsho sa Mmoloki.

Jaaka ba nna mmogo, Lani a buela kwa tlase, “ruri ke batlile go tsena mo tempeleng gompieno, mme ke ne ke tshogile.” Ka ntlha ya gore Meg o latedisitse Mowa, o ne a thusa go araba thapelo ya tidimalo ya ga Lani.

Megopolo go Thusa Bao ba ba senang Teseletso

Le bao ba ba iseng ba nne le teseletso ya tempele ba ka segofadiwa ke tempele.

  • Abelana maikutlo a gago ka fa Morena a go segofaditseng ka teng ka tiro ya tempele.

  • Laletsa mongwe go tsenelela pulo ya ntlo ya tempele kgotsa lefelo la baeti. Go bona pulo ya matlo mo go tlang kwa temples.ChurchofJesusChrist.org.

  • Bona dinepe le go ithuta thata ka ga tempele kwa temples.ChurchofJesusChrist.org.

Dira gore go Tsenelela Tempele go nne motlhofo mo go ba Bangwe

Le e leng mo malokong a a nang le teseletso ya tempele, go tsenelelang tempele e ka nna kgwetlho. Bangwe ba ka tlhoka go tsamaya lobaka lo lo leele. Bangwe ba ka tswa ba na le bana ba bannye kgotsa maloko a a godileng a lelwapa ba ba tlhokang tlhokomelo. Re ka dira mmogo go dira tirelo ya tempele go diragala mo mongweng le mongwe.

Leola Chandler a ikutla a fekeetsegile ka go tlhokomela monna wa gagwe yo o lwalang le bana ba bone ba bane. Jalo a tsaya tshwetso go beela fa thoko nako Labobedi mongwe le mongwe go tsenelela tempele e e gaufi. E ne ya nna motswedi wa kagiso le thata mo botshelong jwa gagwe.

Letsatsi lengwe a utlwalela gore bakaulengwe ba ba tsofetseng ba se kae mo wateng ya gagwe ba ne ba batla thata go tsenelela tempele, mme ba ne ba sena sepalamo, Leola a ba neela sepalamo. Mo dingwageng di le 40 tse di latelang, o ne a ya ka sewelo kwa tempeleng a le nosi.2

Leola o ne a segofadiwa, mme o segofaditse ba bangwe fa a ba laletsa go ba tsaya go ya le bone kwa tempeleng.

Megopolo ya go Thusa ba Bangwe go Tsenelela Tempele

O ka thusa jang ba bangwe go tsena kwa tempeleng kgapetsa kgapetsa? O ka fitlhela gore megopolo yone eo e a go thusa le wena.

  • Tsamayang mmogo. Ineele go ba neela kgotsa go rulaganyetsa mongwe sepalamo. Go ka rotloetsa mongwe o sele go tsenelela tempele le ene.

  • Botsa maloko a lelwapa la gago kgotsa wate go go thusa go dira ditao tsa bagologolo ba gago, bogolo thata fa o na le maina a mantsi a lelwapa a batlang go direlwa ditao.

  • Ineele go tlhokomela bana gore batsadi ba ka tsenelela tempele. Kgotsa rulaganya go fapaanela go tlhokomelana bana.

Fa Tempele e le Kgakala

Chandradas “Roshan” le Sheron Antony ba Colombo, Sri Lanka, ba tsaya tshwetso go kanwa mo tempeleng. Ditsala tsa bone Ann and Anton Kumarasamy ba ne ba ba itumeletse thata. Mme ba ne ba itse gore go goroga kwa Tempeleng ya Manila Philippines go ne go se motlhofo kgotsa go sa ture

Roshan le Sheron ba ne ba bolokile madi a bone le go beeletsa ditulo tsa sefofane dikgwedi pele ga nako go bona sefofane se ba ka se kgonang. La bofelo, letsatsi la fitlha. Le fa gontse jalo, ka nako ya go ema mo Malaysia, ba bona gore go tswelela go ya kwa Phillipines, ba ka tswa ba tlhoka tetla ya pasa kgotsa ba tlhoka go fofa ka sefofane se sele. Go ne go sa kgonege go bona tetla ya pasa, mme ba ne ba sa kgone go reka dithekete mo sefofaneng se sengwe. Mme ba ne ba kgone go itshokela kakanyo ya go boela gae kwantle ga go kanwa.

Ba sa tlhomamise gore ba ka dirang se sele, Roshan a bitsa Anton. Anton le Ann ba ne ba batla ka thata go thusa. E ne le bangwe ba bobedi mo Sri Lanka ba ba neng ba kannwe mo tempeleng, mme ba ne ba itse gore ke tshegofatso e e ntseng jang. Mme ba ne mo bosheng ba dirisitse polokelo ya bone go thusa leloko la lelwapa le le tlhokang, mme ba ne ba sena madi a a lekanang go thusa Roshan le Sheron go reka dithekete tsa sefofane se se sha.

Mo Sri Lanka go tlwaelesegile gore monyadi a rekele monyadiwa sebaga sa gauta gore o ka nna le madi mangwe fa monna wa gagwe a a swa. Ann a tsaya tshwetso go rekisa sebaga sa gagwe go thusa go reka dithekethe tse di sha. Mpho ya gagwe ya lorato ya dira gore Roshan le Sheron ba kgone go dira bokopano jwa bone jwa tempele mo Manila.

“Ke itse botlhokwa jwa go kanwa ga tempele,” Ann a bua. “Ke ne ke itse gore Sheron le Roshan ba tlaa nna thata e kgolo mo lekaleng. Ke ne ke sa batle ba fetwa ke lobaka lo.”3

Megopolo go Thusa Bao ba ba sa Kakeng ba Etela Tempele

O ka bidiwa go direla bao ba ba sa kakeng ba tsena kwa tempeleng gantsi kgotsa gotlhelele ka ntlha ya sekgala kgotsa ditshenyegelo. Mme o santse o ka batla ditsela go ba thusa go lebogela ditshegofatso tsa tempele.

  • Ba rute kgotsa lo tseye karolo mmogo mo tlelaseng ya paakanyetso tempele kgotsa ya polelo ya ditso.

  • Ba neele senepe sa tempele go se lepeletsa mo legaeng la bone.

  • Fa o ntse o le mo tempeleng, abelana maikutlo a gago ka ga maitemogelo a gago le bopaki jwa gago jwa ditao tsa tempele.

  • Ba thuse go ithuta thata ka ga dikgolagano tse ba di dirileng le ka fa ba ka di obamelang. Elatlhoko go dirisa “Understanding Our Covenants with God: An Overview of Our Most Important Promises,” in the July 2012 Liahona

Dintlha

  1. Russell M. Nelson, “Becoming Exemplary Latter-day Saints,” Liahona, Nov. 2018, 114.

  2. Bona LaRene Gaunt,“Finding Joy in Temple Service,”Ensign, Oct. 1994, 8.

  3. Ann le Anton ba ne ba kgona go boelwa ke sebaga sa bone fa ba sena go duelwa ka Church’s General Temple Patron Assistance Fund, e e neelang thuso ya tsa madi ya nako e lengwefela ya maloko a Kereke fa ka tsela nngwe ba sa kakeng ba kgona go tsenelela tempele.