2019
Se polelo ya Keresemose e se re rutang ka ga go direla
Sedimonthole 2019


Melawana ya go Direla, Sedimonthole 2019

Se polelo ya Keresemose e se re rutang ka ga go Direla

“Se ke paka e e rategang ya ngwaga Opela modumo; nako ya Keresemose e tloga e goroga. Bolela polelo ya boammaaruri ya go tsalwa ga ga Jeso, fa, e le ngwana, o ne a tla mo lefatsheng” (“The Nativity Song,” Children’s Songbook, 52)

Setshwantsho
ministering

Ntlha go tswa mo Behold the Lamb of God, ka Walter Rane

Nako ya Keresemose ke nako e e monate fa dinku, badisa, bojelo jwa dipitse, le dinaledi ka ponyo ya leitlho di nna le bokao jo bosha. Di nna karolo e e botlhokwa ya go bolela gape ditiragalo tse di botlhokwa thata mo ditsong tsa batho: go tsalwa ga ga Jeso Keresete. Malwapa a le mantsi a supa tiragalo ya botsalo mo magaeng a bone. Ba bangwe ba elatlhoko go bala polelo ya go Tsalwa ga Gagwe kgotsa ba tsaya karolo mo motshamekong. Jaaka dipolelo tsotlhe tsa ga Keresete, polelo ya go tsalwa ga Gagwe e tletse ka dithuto tse re ka di ithutang ka ga go direla, ka ga go abelana lesedi la Gagwe go bonesa lefatshe. “Polelo ya Keresemose ke polelo ya lorato,” go buile Poresidente Henry B. Eyring, Mogakolodi wa Bobedi mo Boporesidenteng jwa Ntlha.

“… Mo dipolelong tsa go tsalwa ga ga Keresete, re ka bona le go utlwa gore e ne e le mang le gore ke mang. Seo se tlhofofatsa morwalo wa rona ga re tsweletse. Mme go tlaa re gogela gore re itebale mme re tlhofofatse morwalo wa ba bangwe.”1

“Ba ne ba sena bonno mo ntlong ya baeti” Luke 2:7)

Motlhokomedi wa ntlo ya baeti o ne a palelwa ke go beela Mmoloki bonno, mme ga re a tshwanela go dira phoso eo! Re ka direla Mmoloki bonno mo dipelong tsa rona ka go direla bakaulengwe ba rona le bokgaitsadia rona fa majelong a rona, mo magaeng a rona, le mo ngwaong tsa rona. Dingwao tse dintsi tsa malwapa di ka natifisiwa le e leng segopotso thata ka go akaretsa batho ba bangwe. Daiana le ba lolwapa la gagwe ba na le ngwao ya go laletsa mongwe go nna le bone ka Keresemose. Sedimonthole mongwe le mongwe, ba buisana gore ke mang yo ba ka ratang go molaletsa.2 Gongwe ba lolwapa lwa gago ba ka simolola ngwao e e tshwanang leo. Gongwe mongwe yo o mo direlang o ka rata go kopana le balolwapa lwa gago go opela dipina tse di rategang tsa Keresemose. Le gone o ka direla mongwe phatlha mo dijong tsa maitseboa tsa Keresemose yo o ka tswang a sena balolwapa mo lefelong.

Ke tsela efe e e botoka ya go ipelela Mmoloki go na le go sala morago sekao sa Gagwe sa go akaretsa. Gakologelwa gore O laletsa “botlhe go tla kwa go ene mme ba tlhakanele molemo wa gagwe; mme ga a latole ope yoo yo o tlang kwa go ene, bantsho le basweu, bagolegwi le bagolololesegi, nona le tshadi; mme o gakologelwa baheitane; mme botlhe ba a tshwana mo Modimong, gotlhe Bajuta le Baditshaba” (2 Nefi 26:33). Dira patlha le go akaretsa.

“Mme go ne go na le badisa mo nageng mo lefatsheng lone leo, ba disitse letsomane la bone bosigo” (Luke 2:8)

Go lebega go tshwanela gore badisa ba ka nna mo gare ga ba ntlha go dumedisa losea Mmoloki. Baperofeti ba bogologolo ba ne ba bua ka Jeso Keresete e le Modisa wa Iseraele” (Pesalema 80:1) le Modisa mo lefatsheng lotlhe” (1 Nefi 13:41). Mme Keresete ka sebele o rile, “Ke modisa yo o molemo, mme ke itse dinku tsa me” (Johane 10:14). Go itse dinku tsa rona le go di tlhokomela ke karolo ya konokono ya go disa le go direla jaaka Mmoloki a dira.

Ka dipone tse di tsabakelang le mekgabisa e e kgabisitsweng thata, go na le go le gontsi mo o ka go lebelelang ka nako ya Keresemose. Mme gongwe bontle jo bogolo jwa paka bo ka bonwa fa re gakologelwa go faposetsa kelelelo ya rona mo go bao re ba direlang le go disa matsomane a rona. Go disa go ka nna go elatlhoko sengwe se se faphegileng se se itumedisang mongwe kgotsa go botsa ka mananeo a mongwe a malatsi a boitapoloso. Re disa fa re bona le go thusa matlhoko a ba bangwe—otlhe a a bonalang le a a sa bonaleng thata.

Fa Cheryl ka ponyo ya leitlho a latlhegelwa ke monna wa gagwe, Mick, o ne a utlwa botlhoko thata. Fa Keresemose ya gagwe ya ntlha a sena le ene e atamela, bodutu jwa oketsega. Ka malebogo, mokaulengwe wa gagwe yo o mo direlang Shauna o ne a le teng. Shauna le monna wa gagwe, Jim, ba laletsa Cheryl mo maetong a bone a monate a malatsi a boitapoloso a le mantsi. Ba lemoga jase ya gagwe e e onetseng mme ba akanya go dira sengwe ka yone. Malatsi a se kae pele ga Keresemose, Shauna le Jim ba tlisetsa Cheryl mpho ya Keresemose: jase e ntsha e ntle. Ba ne ba lemoga letlhoko le le bonalang la ga Cheryl la jase e e bothitho mme le gone le ya matlhoko a gagwe a maikutlo go gomodiwa le go nna le batho. Ba gatela pele go diragatsa matlhoko ao ka bo jotlhe jo ba neng ba bo kgona mme ba tlhoma sekao se sentle sa ka fa le rona re ka disang matsomane a rona.3

Badisa ba raana ba re, A jaanong re tsamaeleng le e leng kwa Bethelehema” (Luke 2:15)

“A jaanong re tsamayeng” ke taletso e e kgolo! Badisa ga ba tseela gore ditsala tsa bone di tlaa bo di lapile thata go tsamaya. Ga ba a ka ba tsamaela fela kwa Bethelehema ka bo bone. Ba ne ka boitumelo ba lebana mme ba re, “A jaanong re tsamaeng!”

Fa re ka tswa re sa kgone go laletsa ditsala tsa rona go tla go bona losea Mmoloki, re ka ba laletsa go utlwa mowa wa Keresemose (kgotsa mowa wa ga Keresete) ka go direla le rona. “Mokgwa wa go oketsa mowa wa Keresemose ke go fitlhelela ka bopeloetshweu go bao ba ba mo tikologong ya rona le go ineela,” go buile Bonnie L. Oscarson, former Young Women General President.4 Akanya gore o tshwere kerese. Ba bangwe e le ruri ba ka bona le go thusiwa ke lesedi la kerese ya gago, mme akanya mofutho o ba ka o utlwang fa o dirisa kerese ya gago go tshuba kerese tsa bone le go ba letlelela go itshwarela lesedi.

Keresete ka sebele o rutile gore bao ba ba mo salang morago ba tlaa nna le lesedi la botshelo (bonaJohane 8:12 Go direla jaaka a diretse ke tsela nngwe e re ka mo salang morago mme ra itumelela lesedi leo le le solofeditsweng. Ke gone abelanang lesedi ka go laletsa ba bangwe go direla le wena! O ka direla mmogo jang le ba o ba direlang? Mmogo le ka dira dijo tse lo di ratang kgotsa la tshoganetsa mongwe ka mphonyana kgotsa mokwalo. Mmogo lo ka utlwa lotlhe lesedi le le tlang ka go sala morago sekao sa ga Keresete sa go direla.

“Ba ne ba itsise kwa ntle lefoko le ba neng ba le boleletswe mabapi le ngwana yoo” (Luke 2:17)

Go motlhofo go akanya matlhagatlhaga a a tletseng boitumelo a badisa jaaka ba ne ba abelana dikgang tse dimatsakang tsa go tsalwa ga ga Keresete le bontsi jwa batho jaaka ba ne ba ka kgona. Ba eteletswe pele ke baengele, Mesia yo a neng a perofesitswe o ne a tlile! O ne a le fa! Le gale, go abelana dikgang tse di molemo tsa Mmoloki ke molaetsa o mogolo wa polelo ya Botsalo. Baengele ba opela. Dinaledi tsa supa tsela. Mme badisa ba itsise ka bophara.

Re ka tsenya mantswe a rona mo polelong ya Keresemose ka go abelana dikgang tse di molemo le go paka ka Mmoloki. Jaaka o na le tshiamelo ya go emela Mmoloki mo maitekong a gago a go direla, ipotse, ‘Ke ka abelana jang lesedi la efangele le motho yo kgotsa lolwapa?’” ga ruta Sister Jean B. Bingham, Relief Society General President. Mowa o ntlhotlheletsa go dira eng?5

Fa ke megopolo e se kae gore o e eletlhoko jaaka o senka go itse ka fa o ka abelanang bopaki jwa gago jwa Mmoloki le efangele ya Gagwe:

  • Batla lefoko le le boitshepo le le gapang maikutlo a gago ka ga Mmoloki kgotsa go bua gore ke ka ntlha ya eng o mo leboga. Go abelane le ba o ba direlang.

  • Romela mokwalo kgotsa molaetsa wa enthanete ka setshwantsho sa motshikinyego sa Keresemose. Go na le dingwe tse di makatsang mo ChurchofJesusChrist.org!

  • Bolelela tsala ka ga segopotso se se faphegileng kgotsa ngwao e e go gakololang Keresete.

Nna le tumelo gore Mowa o o Boitshepo o tlaa supa tshupo ya boammaaruri jwa bopaki jwa gago, fela jaaka O supile tshupo mo go Simeone le Ana gore ngwana Jeso e ne e le Mmoloki (Bona Luke 2:26, 38)

“Go tlotla ka boammaaruri [Jeso Keresete] go tla ga gagwe mo lefatsheng, re tshwanetse ra dira fela jaaka a dirile mme ra fitlhelela go ba bangwe ka bopelonomi le boutlwelobotlhoko mo go beng ka rona,” ga bua Mogolwane Dieter F. Uchtdorf wa Khoramo ya Baaaposetole ba ba Lesome le Bobedi. Se re ka se dira letsatsi le letsatsi, ka lefoko le ka tiro. A se e nne ngwao ya rona ya Keresemose, go sa re sepe gore re kae—go nna pelontle, go itshwarela thata, re sa atlhole, re leboga thata, le go nna pelotshweu thata mo go abelaneng letlotlo la rona le bao ba ba tlhokang.”6

Dintlha

  1. Henry B. Eyring, “Christmas Stories” (First Presidency Christmas devotional, Dec. 6, 2009), broadcasts.ChurchofJesusChrist.org

  2. Bona Daiana Melina Albornoz Díaz, “Sharing Christmas,” Liahona, Dec. 2007, 17.

  3. Bona Cheryl Boyle, “He Would Have Bought It for You,” Ensign, Dec. 2001, 57.

  4. Bonnie L. Oscarson, “Christmas Is Christlike Love” (First Presidency Christmas devotional, Dec. 7, 2014), broadcasts.ChurchofJesusChrist.org.

  5. Jean B. Bingham, “Ministering as the Savior Does,” Liahona,May 2018, 104.

  6. Dieter F. Uchtdorf, “Scatter Your Crumbs” (First Presidency Christmas devotional, Dec. 3, 2017), broadcasts.ChurchofJesusChrist.org.