2019
Go Nonofela go Tsena mo Tempeleng e Boitshepo
Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Ngwanatsele 2019


Molaetsa wa Boporesidente jwa Ntlha, Ngwanatsele 2019

Go Nonofela go Tsena mo Tempeleng e Boitshepo

Tshwanelo ya motho e batla tshokologo e e feletseng ya tlhaloganyo le pelo go nna jaaka Morena.

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang, jaaka re tla kwa bokhutlong jwa khonferense e ya ditso, re leboga Morena go tlhotlheletsa melaetsa le mmino tse di re nonotshitseng. Ka boammaaruri re itumeletse go ja moletlo wa semowa.

Re itse efangele ya ga Jeso Keresete e e tsosolositsweng e tlaa tlisa tsholofelo le boitumelo mo bathong ba ba tlaa utlwang le go tlhokomela dithuto tsa Gagwe. Re itse le gone gore legae lengwe le lengwe le ka nna lefelo la boitshepo la tumelo la boammaaruri, kwa kagiso, lorato le Mowa wa Morena di ka nna teng.

Jaaka go solofetswe, lentswe le le tlhokegang la serwalo sa Tsosoloso ke tempele e e boitshepo. Ditao le dikgolagano tse di boitshepo tsa yone di botlhokwa mo go etleetseng batho ba ba iketleeditseng go amogela Mmoloki ka go Tla ga Gagwe ga Bobedi. Gompieno re na le ditempele di le 166 tse di tshwaetsweng, mme tse dintsi di etla.

Pulo ya ntlo e tlaa dirwa pele ga tshwaelo ya tempele nngwe le nngwe e e ntshafaditsweng. Ditsala tse dintsi tse e seng tsa tumelo ya rona ba tlaa tsaya karolo mo loetong la rona mo ditempeleng tseo mme ba tlaa ithuta sengwe ka ga ditshegofatso tsa tempele. Mme bangwe ba baeti bao ba tlaa tlhotlhelediwa go itse thata. Bangwe ba tlaa botsa ka thokgamo ka fa ba ka ipaakanyetsang ditshegofatso tsa tempele.

Jaaka maloko a Kereke, re tlhoka go nna re iketleeleditse go araba dipotso tsa bone. Re ka tlhalosa gore ditshegofatso tsa temple ke tsa mongwe le mongwe le batho botlhe ba ba tlaa ipaakanyang. Mme pele fa ba ka tsena mo tempeleng e e tshwaetsweng, ba tshwanetse go ipaakanya. Morena o batla bana ba Gagwe botlhe go nna batsayakarolo ba ditshegofatso tsa bo sa khutleng tse di teng mo tempeleng ya gagwe. O laetse se motho mongwe le mongwe a tshwanetseng go se dira go ipaakanyetsa go tsena mo ntlong ya Gagwe e e Boitshepo.

Lefelo le le re siametseng go simolola lobaka lwa thuto lo lo ntseng jalo ke go nna kelotlhoko mo mafokong a a kwadilweng kwantle ga tempele: “Boitshepo mo go Morena: Ntlo ya Morena.” Molaetsa wa ga Poresidente Henry B. Eyring gompieno le e mengwe e mentsi e re tlhotlheleditse go nna boitshepo. Tempele nngwe le nngwe ke lefelo le le boitshepo, mo tsayakarolo mongwe le mongwe mo tempeleng o leka go nna boitshepo thata.

Ditopo tsotlhe tsa go tsena mo tempeleng di amana le boitshepo jwa motho. Go sekaseka iketleetso eo, motho mongwe le mongwe yo o batlang go itumelela ditshegofatso tsa templele o tlaa nna le dipotsolotso tse pedi: pele le bishopo, mogakolodi wa bobishopo, kgotsa poresidente wa lekala; ya bobedi le poresidente ya lomapo kgotsa ya thomo kgotsa mongwe wa bagakolodi ba gagwe. Mo dipotsolotsong tseo, dipotso di le mmalwa di tlaa bodiwa.

Dingwe tsa dipotso tseo di sa tswa go fetolwa gore ditlhaloganyesege. Ke rata go le di sekasekela:

  1. A o na le tumelo mo Modimong le bopaki jwa Modimo, Rara wa Bosakhutleng, Morwa wa gagwe, Jeso Keresete, le mo Moweng o o Boitshepo?

  2. A o na le bopaki jwa Tetlanyo ya ga Jeso Keresete le ya tiro ya Gagwe jaaka Mmoloki le Morekolodi?

  3. Ao na le bopaki jwa efangele ya ga Jeso Keresete e e tsosoloditsweng?

  4. A o etleetsa Poresidente wa Kereke ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo jaaka moperofeti, molebi, le mosenodi mme e le ene fela motho mo lefatsheng yo o laoletsweng go dirisa dilotlele tsa boperesiti tsotlhe?

    A o etleetsa maloko a Boporesidente jwa Ntlha le Khoramo ya Baaposetole ba ba lesome le bobedi jaaka baperofeti, balebi, le basenodi?

    A o etleetsa balaodi kakaretso ba bangwe le baeteledi pele ba mogae ba Kereke?

  5. Morena o buile gore dilo tsotlhe di tshwanetse go direlwa mo boitshekong fa pele ga Gagwe (Doctrine and Covenants 42:41).

    A o leka go nna le maitsholo a a itshekileng mo dikakanyong tsa gago le mo boitshwarong jwa gago?

    A o obamela molao wa boitsholo jo bo itshekileng?

  6. A o sala morago dithutontsho tsa Kereke ya ga Jeso Keresete mo maitsholong a gago mo sephiring le mo pontsheng le maloko a lelwapa la gago le ba bangwe?

  7. A o tshegetsa le go tsholetsa dithutontsho dipe, ditsamaiso dipe, kgotsa dithuto dipe tse di kgatlhanong le tseo tsa Kereke ya ga Jeso Keresete ya Baitshepi ba Malatsi a Bofelo?

  8. A o kgaratlela go tshegetsa letsatsi la Sabata le itshekile, gotlhe kwa lwapeng le kwa kerekeng; o tsena diphuthego; o iketleeletsa le go ja sakaramente ka tshwanelo; le go tshela botshelo jwa gago go tsamaelana le melao le ditaelo tsa efangele?

  9. A o kgaratlela le go nna boammaaruri mo go tsotlhe tse o di dirang?

  10. A o mo duela tsabolesome o o feletseng?

  11. A o tlhaloganya le go obamela lefoko la tlhalefo?

  12. A o na le maikarabelo a madi kgotsa a mangwe mo mosading/monneng wa gago wa pele kgotsa mo baneng?

    Fa e le ee, a o diragatsa maikarabelo ao?

  13. A o tshegetsa dikgolagano tse o di dirileng mo tempeleng, go akaretsa go apara seaparo sa tempele jaaka o kaetswe mo endaomenteng?

  14. A go na le dibe tse di tseneletseng mo botshelong jwa gago tse di tlhokang go rarabololwa le balaodi ba boperesiti e le karolo ya boikotlhao jwa gago?

  15. A o ikaya o tshwanetse go tsena mo ntlong ya Morena le go tsaya karolo mo ditaong tsa tempele?

Kamoso, dipotso tse di fetotsweng tse tsa teseletso ya tempele di tlaa anamisiwa mo baeteleding pele ba Kereke go ralala lefatshe.

Go tlaleletsa mo go arabeng ga bone dipotso ka boammaaruri, go tlhalogangwa gore mogolo mongwe le mongwe wa mo tsaya karolo mo tempeleng o tlaa apara seaparo se se boitshepo sa boperesiti mo teng ga diaparo tsa bone tsa gale. Se ke sekao sa maikemisetso a semowa a go kgaratlela letsatsi lengwe le lengwe go nna jaaka Morena. Le gone go re gakolola go nna boikanyego letsatsi le letsatsi mo dikgolaganong tse di dirilweng le go tsamaya mo tseleng ya dikgolagano letsatsi lengwe le lengwe ka mokgwa o kwa godimodimo le o o boitshepo.

Jaanong, motsotswana fela, ke rata go bua le banana. Re le kgothatsa go ipaakanyetsa diteseletso tsa tempele tsa tiriso e e lekanyeditsweng. O tlaa bodiwa dipotso tseo tse e leng fela tsa iketleeletso ya gago ya ditao tsa go kolobediwa mo boemong jwa yo mongwe le tlhomamiso. Re leboga thata ka tshwanelo ya lona le go rata go tsaya karolo mo tirong e e boitshepo eo ya tempele. Re a le leboga!

Tshwanelo ya motho go tsena mo ntlong ya Morena e batla motho a ipaakantse semowa. Mme ka thuso ya Morena, ga go na sepe se se retelang. Ka mokgwa mongwe, go motlhofo go aga tempele go na le go aga batho ba ba iketleeleditseng tempele. Tshwanelo ya motho e batla tshokologo e e feletseng ya tlhaloganyo le pelo go nna jaaka Morena, go nna monni yo o tshephegang, go nna sekao se se molemo, le go nna motho yo o boitshepo.

Ke paka gore tiro ya iketleetso e e ntseng jalo e tlisa ditshegofatso tse dintsintsi mo botshelong jo le ditshegofatso tse di sa gopolesegang mo botshelong jo bo tlaa tlang, go akaretsa tswelediso ya lelwapa go ya ka bosakhutleng jotlhe “mo seemong sa boitumelo jo bo senang phelelo.”1

Jaanong ke rata go bua ka setlhogo se sengwe: ditogamaano tsa ngwaga o o tlang. Mo dikgakologong tsa ngwaga wa 2020, e tlaa bo e le di ngwaga di le 200 e sale Joseph Smith a itemogela ponatshego eo re e itseng jaaka Ponatshegelo ya Ntlha. Modimo Rara le Morwa wa gagwe yo o Rategang, Jeso Keresete, ba bonala mo go Joseph, monana wa dingwaga di le 14. Tiragalo eo e kaile tshimologo ya Tsosoloso ya efangele ya ga Jeso Keresete mo botlalong jwa yone, tota jaaka go boletswe pele mo Baebeleng e e Boitshepo.2

Ke gone ga tla tatelano ya ditekolo go tswa mo barongweng ba selegodimo, ba akaretsa Moroni, Johane wa Mokolobetsi, le Baaposetole ba pele Petere, Jakobe le Johane. Ba bangwe ba ne ba latela, ba akaretsa Moshe, Eliase le Elija Mongwe le mongwe o ne a tlisa taolo ya selegodimo go segofatsa bana ba Modimo mo lefatsheng gape.

Ka kgakgamatso, re amogetse le gone Buka ya ga Momone: Kgolagano Engwe ya ga Jeso Keresete, lekwalo le le boitshepo le le patang Baebele e e Boitshepo. Ditshenolo tse di anamisitsweng mo Dithutong le Dikgolagano le Pelera e e Tlhwatlhwa Kgolo le tsone di tokafaditse thata go tlhaloganya ga rona ga ditaelo tsa Modimo le boammaaruri jo bo sa khutleng.

Dilotlele le diofisi tsa boperesiti di tsosolositswe, go akaretsa diofisi tsa Baaposetole, ba ba Lesome le Bosupa, Mopatiriaka, moperesiti yo mogolo, mogolwane, bishopo, moperesiti, moruti, le motiakone. Mme basadi ba ba ratang Morena ba direla ka natla mo Mokgatlhong wa Thuso, Poremari, Basadi ba ba Potlana, Sekolo sa Sabata le dipitso tse dingwe mo Kerekeng—dikaralo tse di botlhokwa tsotlhe tsa Tsosoloso ya efangele ya ga Jeso Keresete mo botlalong jwa yone.

Jaana, ngwaga 2020 o tlaa kaiwa jaaka ngwaga wa ipelelo dingwaga tse di makgolo a mabedi. Khonferense ya kakaretso ka Moranang o o latelang ya go nna pharologanyo mo khoferenseng epe e e fitileng. Mo dikgweding tse thataro tse di latelang, ke solofela gore leloko lengwe le lengwe le lelwapa lengwe le lengwe le tlaa ipaakanyetsa khoference e e pharologanyo e e tlaa ipelelang motheo tota wa efangele e e tsosolositsweng.

Lo ka rata go simolola di paakanyetso tsa lona ka go bala sesha polelo ya ga Joseph Smith ya Ponatshegelo ya Ntlha jaaka e kwadilweng mo Perela e e Tlhwatlhwa kgolo. Tatelano ya rona ya go ithuta mo ngwageng o o latelang mo Tlayang, Ntshaleng Morago ke Buka ya ga Momone. Lo ka rata go tlhatlhanya ka botlhokwa jwa dipotso jaaka, “botshelo jwa me bo ka fetoga jang fa kitso ya me e ke e amogetseng mo Bukeng ya ga Momone e ne e ka tlosiwa ka tshoganetso?” kgotsa “Ka fa ditiragalo tse di setseng morago Ponatshegelo ya Ntlha di ntiretse pharologanyo le ba ke ba ratang?” Le gone, ka ditshwantsho tsa motshikinyego tsa Buka ya ga Momone jaanong di nna teng, lo ka rata go di akaretsa mo go ithuteng ga lona le ba lelwapa.

Tlhopha dipotso tsa gago. Itirele lenaneo la gago. Inwetse mo leseding le le galalelang la Tsosoloso. Jaaka lo dira, khonferense ka Moranang o o latelang ga e tle go nna segopotso fela; e tlaa se lebalesege.

Jaanong mo go wetseng, ke lo tlogelela lorato lwa me le tshegofatso ya me gore mongwe le mongwe wa lona o ka nna le boitumelo le boitshepo letsatsi lengwe le lengwe le le fetang. Go sa le jalo, tswee-tswee le tlhomamisediwa gore tshenolo e tsweletse mo Kerekeng mme e tlaa tswelela ka fa tlase ga kaelo ya Morena go fitlhelela “maikaelelo a Modimo a diragadiwa, mme Jehofa o Mogolo o tlaa re tiro e weditswe.”3

Ke le segofatsa jalo, ke netefatsa lorato lwa me mo go lona, ka bopaki jwa me gore Modimo o tshedile! Jeso ke Keresete! Se ke Kereke ya Gagwe mme re batho ba Gagwe. Mo leineng le le boitshepo la ga Jeso Keresete, amene.