2019
A o Tlhaela Ntlha E ya Botlhokwa ya Karolo ya go Direla?
Phalane 2019


Melawana ya go Direla, Phalane 2019

A o Tlhaela Karolo e e botlhokwa e ya go Direla?

Go Direla ke go “itumela le ba ba itumelang” fela jaaka go “lela le ba ba lelang” (Baroma 12:15).

Setshwantsho
ministering

Illustrations by Augusto Zambonato

Fa re akanya ka go direla, go motlhofo go akanya ka go thusa botlhe ba ba tlhokang. Re bua ka go lemela motlholagadi tshingwana, go isetsa balwetsi dijo tsa maitseboa, kgotsa go abela bao ba ba sokolang. Re gakologelwa kgakololo ya ga Paulo go “lela le ba ba lelang,” mme a re elatlhoko mo go lekaneng lantlha karolo ya temana eo—go “itumela le ba ba itumelang”? (Baroma 12:15). Go itumela le ba re ba direlang—le fa go raya gore re ipelele katlego ya bone kgotsa go ba thusa go bona boitumelo ka dinako tse di thata—ke karolo e e botlhokwa ya go direla jaaka Mmoloki a ka dira.

Fa ke megopolo e meraro e e ka thusang (le mongwe go o ikgatholosa) jaaka re leba go elatlhoko tshiamo e Modimo a e tsenyang mo matshelong a rona.

1. Ela tlhoko

Bonnie H. Cordon, Young Women President, o re thusa go tlhaloganya gore re tlhoka go bona ba re ba direlang—eseng go bona fela merwalo ya bone le ditshokolo mme le gone maatla a bone, ditalente tsa bone, le dikatlego tsa bone. O buile gore re tlhoka go nna “bagaka le baikanyegi—mongwe yo o itseng ka ga diemo tsa bone le yo o ba tshegetsa mo ditsholofelong tsa bone le maikaelelo.”1

Mo setshwantshong sa dinku le dipodi, Mmoloki o rile bao ba ba tlaa fitlhelwang ka fa seatleng sa gagwe sa moja ba tlaa botsa gore: “Morena re go bone leng o tshwere ke tlala mme ra go fepa? kgotsa o nyorile mme ra go nosa?

“Re go bone leng o le moeng, mme ra go amogela?” (Mathaio 25:37–38).

“Bakaulengwe le bokgaitsadi, lefoko la konokono ke bone,” Sister Cordon o rile. “Basiami ba bone bao ba ba tlhokang ka ntlha ya gore ba ne ba lebeletse le go lemoga. Le rona re ka nna leitlho le le disitseng go thusa le go gomotsa, go ipela le e leng go lora.”2

2. Batla Mabaka a go Ipela

Ipelele dikatlego tse dikgolo kgotsa tse dinnye. E ka nna go nna le kankere kgotsa kgaogano, go bona tiro e ntsha kgotsa go bona setlhako se se latlhegileng, go kgona go tshela kgwedi morago ga go latlhegelwa ke yo re mo ratang kgotsa go kgona go tshela beke go sena sukiri.

Letsa go akgola, romela karata kgotsa tswayang go ya go ja dijo tsa motshegare. Ka go arogana ditshegofatso tsa rona le go tshela ka tebogo, le go ipelela ditshegofatso le dikatlego tsa ba bangwe, re “na le go ipela mo boitumelo jwa bakaulengwe ba rona” (Alema 30:34).

3. Bona Seatla sa Morena

Dinako dingwe go ipela le ba bangwe go raya go ba thusa go bona mabaka a go ipela—go sa re sepe mathata kgotsa dikgatlhego tse di tlang mo matshelong a rona. Boammaruri fela jwa gore Rara wa Legodimong o a re itse e bile o ipaakanyeditse go re tsholetsa e ka nna motswedi o mogolo wa boitumelo jwa rona.

O ka thusa ba bangwe go bona seatla sa Morena mo matshelong a bone ka go abelana ka fa o se boneng ka teng mo botshelong jwa gago. Utlwa botlhoko mo go lekaneng go abelana ka fa Rara wa Legodimo a go thusitseng ka teng mo dikgwetlhong tsa gago. Bopaki jo bo ka thusa ba bangwe go lemoga le go amogela ka fa A ba thusitseng ka teng (bona Mosia 24:14).

4. O seka wa Lekanyetsa Bokgoni jwa Gago jwa go Itumela

Ka maswabi, ka dinako dingwe re ka lekanyetsa bokgoni jwa rona jwa go itumela le ba bangwe, bogolo jang fa re ikutlwa re sa sireletsega ka ga se re ka se nayang kgotsa fa re le teng mo botshelong. Mo boemong jwa go batla boitumelo mo boitumelong jwa yo mongwe, re wela mo seraing sa go tshwantshanya. Fela jaaka Mogolwane Quentin L Cook wa Khoramo ya Baaposetolo ba ba Lesome le bobedi: “Go tshwantshanya ditshegofatso go tlile go ntsha boitumelo. Ga re ka ke ra leboga le go fufega ka nako e le nngwe.”3

Re ka fenya jang mokgwa o o tlwaelegileng jaana go batlile mo mongweng le mongwe?” go botsa Mogolwane Jeffrey R. Holland wa Khoramo ya Baaposetolo ba ba Lesome le bobedi. “… Re ka bala ditshegofatso tsa rona le go akgola diphitlhelelo tsa ba bangwe. Go gaisa tsotlhe, re ka direla ba bangwe, itshidilo e e siameng thata ya pelo e e ka kaelwang.”4 Mo boemong jwa go tshwantshanya, re ka akgola ba re ba direlang. Abelana ka tshosologo se o se lebogelang ka bone kgotsa maloko a lelwapa la bone.

Jaaka Paulo a re gakolola, Rotlhe re ditokololo tsa mmele wa ga Keresete “mme fa tokololo nngwe e tlotlwa, ditokololo tsotlhe di itumela nayo” (1 Bakorintha 12:26). Ka thuso ya Rara wa Legodimo re ka itse ka maitemogelo a ba bangwe, ra ipelela dikatlego tse di tona le tse dinnye, ra ba thusa go lemoga seatla sa Morena, le go fenya lefufa gore rotlhe re ka itumela ka boammaaruri mo ditshegofatsong le ditalente le boitumelo jwa ba bangwe.

Dintlha

  1. Bonnie H. Cordon, “Becoming a Shepherd,” Liahona, Nov. 2018, 75.

  2. Bonnie H. Cordon, “Becoming a Shepherd,” 75.

  3. Quentin L. Cook “Rejoice!” Ensign,Nov. 1996, 30.

  4. Jeffrey R. Holland, “The Other Prodigal,” Liahona, Nov. 2002, 64.