2019
Ka fa Mowa o ka (mme o tlaa) GoThusa Go Direla
Lwetse 2019


Melawana ya go Direla, Lwetse 2019

Ka fa Mowa o ka (mme o tlaa) Go Thusa go Direla

Thomo ya boperesiti ya go direla, e e neetsweng botlhe borre le bomme, e akaretsa tshwanelo ya go amogela tshenolo.

Setshwantsho
ministering

Di supisiwa go tswa mo ditshwantshong tsa Getty

Pitso ya go direla le e leng go rata jaaka Mmoloki a dirile ka dinako dingwe e ka lebega e le kgwetlho—bogolo jang fa e akaretsa go fitlhelela go bao ba re ka tswang re sa ba itse sentle. Ka ditsela tse dintsintsi tsa go direla, re makala gore re ka itse jang ditsela tse di molemo go fitlhelela ko go bao re romilweng ko go bone.

Ga re a tshwanelwa go makala ka lobaka gonne maiteko a rona a boammaruri a ka kaelwa ke Mowa o o Boitshepo.

“Thomo ya gago ya Go direla thomo e e faphegileng e go tetla e e molemo ya kgothatso,” ga bua Sister Bonnie H. Cordon, Young Women General President. “O ka batla kgothatso e o sena poifo.”1

Fa re batla go dira jaaka mmoloki a ne a dira, re ka kaelwa ke one Mowa o o Boitshepo o neng o mo kaela. Se ke thatathata e leng nnete fa o dira mo dithomong, jaaka go direla, go irilweng ka fa tlase ga taolo ya mookami yo o nang le dilotlolo tsa boperesiti. Tse ke dikakanyetso tse thataro tsa go direla ka Mowa o o Boitshepo.

Ke ka nna jang le Mowa o o Boitshepo fa ke direla?

  • Kopa Kgakololo. Rara o o kwa Legodimong o batla gore re bue le ene ka thapelo. Thapelo ga se gore e re letlelela fela go atumalana le ene, mme gape e tshwarela ruri ditshegofatso tse Modimo a ikeelelang go re di fa mme di dirilwe ka mabaka a go di kopa ga rona.”2 “Jaaka re rapela re kopa go tlhaloganya dipelo tsa bone,”go bua Kgaitsadie Cordon, ke netefatsa gore Rara o o kwa Legodimong o tla re kaela le Mowa wa gagwe o o Boitshepo o tla tsamaya le rona.”3

  • Lo seka lwa Letela Tshedimoso. Nna matlhagatlhaga. Nna le “tlalelo mo go direng” (Doctrine and Covenants 58:27), mme o tla bona gore maiteko a ka kaelwa le go godisiwa. “Go ya kwa pele ka tirelo ya rona le tiro ke tsela e e botoka go fitlhelela tshenolo,” ga bua Moporesidente Dallin H. Oaks, Mogakolodi wa ntlha mo Boporesidente jwa Ntlha. “Mo go ithuteng dikwalo tse di boitshepo ke tsere ntlha ya gore bontsi jwa tshenolo mo baneng ba Modimo e tla fa ba suta, e seng fa ba nnetse kwa morago mo mannong a bone ba emetse gore Modimo a ba bolelele legato la ntlha gore ba le tseye.”4

Nka Lemoga Jang Ditshedimoso go Direla?

  • Tsaya Kgakololo ya ga Momone. Ga re a tshwanela go akgega mo re itshwenyang gore a kakanyo e ne e le e le segakolodi kana nnyaa. E seng re na le selotlolo se se motlhofo sa ga Momone go itse: Fa o na le kakanyo e e go gakololang go dira bo molemo le go thusa ba bangwe go dumela mo go Keresete,o ka itse fa e le ga Modimo (bona Moroni 7:16).

  • O seka wa Tshwenyega ka Seo. “Tlolela fela mo lekadibeng o thume,’’ ga bua Mogolwane Jefferey R. Holland wa Khoramo ya ba ba Lesome le Bobedi. “Ikatumetse ba ba nang le letlhoko. O seka wa etsaetsega gore a o ka dira ka sa mma morago kgotsa o shapa jaaka ntsha. Fa re sala melao ya konokono e e rutilweng, re nna re ipapisitse le dilotlolo tsa boperesiti, e bile re batla Mowa o o Boitshepo go re kaela, ga re kake ra palelwa.”5

Ke Tsela efe e Tseneletseng ya go Sala Tshedimoso Morago?

  • Ka bonako. Sister Susan Bednar (mosadi wa ga Mogolwane David A. Bednar o o mo barutwaneng ba ba lesome le bobedi) ke sekai se segolo sa go sala ditshedimoso morago. Morago ga go rapelela “matlho a semoya go bona ba ba mo letlhokong” o dikolosa matho mo phuthegong gantsintsi e bile o tla a utlwa kgothatso e e boitshepo go etela kgotsa go leletsa mongwe,”ga abelana Mogolwane Bednar. Mme fa Sister Bednar a amogela bokao jwa go tshwana le boo o gwetlhega go araba a bo a obamela. Ke gangwe le gape e le seemo sa gore e re ka bonako ‘amen’ a sena go buiwa mo tshegofatsong, o tla a bo a bua le mmotlana kgotsa a tlamparela mokaulengwe kgotsa, go gorogeng ko lwapeng ka bonako o tla a bo a tsaya mogala wa letheka go letsa.”6

  • Ka thokgamo. Go tshaba go ganwa le go ikutlwa o tshaba, go tlhoka go lekana, kgotsa go nna sekgoreletsi go ka re itsa go sala tshedimoso ya go direla morago. “Ka dinako dingwe le dingwe le ditsela, re ikutlwa re sa lekana, re belaela, kana re sa tshwanela,” ga buwa Mogolwane Gerrit W. Gong wa Khoramo ya Baaposetolo ba ba Lesome le Bobedi. “Mo boikanyegong jwa maiteko a go rata Modimo le go direla moagisanyi, re ka utlwa lerato la Modimo e bile re tlhoka tlhotlheletso ya bone mo matshelong a rona ka ditsela tse disha tse di boitshepo.”7

    Mongwe wa morwarre o abelane ka fa a neng a tshaba go fitlhelela ko monneng wa mosadi yo o neng a lekile go ikgapela botshelo. Mme o ne a feletsa a kopile monna go ya go ja dijo tsa motshegare. Fa ke re, ‘Mosadi wa gago o ne a leka go ikgapela botshelo. Se se ka tswa se go gogomotse. A o batla go bua ka gone?’ o ne a lela,” a abelana. “Re nnile le puisano e e nolo ya botsalano re godisa tshwaragano le tshepho mo metsotsong.”8

Dintlha

  1. Bonnie H. Cordon, “Becoming a Shepherd,” Liahona, Nov. 2018, 76.

  2. Thanolo ya Baebele, “Thapelo”.

  3. Bonnie H. Cordon, “Becoming a Shepherd,” 76.

  4. Dallin H. Oaks, “In His Own Time, in His Own Way,” Liahona, Aug. 2013, 24

  5. Jeffrey R. Holland, “The Ministry of Reconciliation,” Liahona, Nov. 2018, 77.

  6. David A. Bednar, “Quick to Observe,” Liahona, Dec. 2006, 17.

  7. Gerrit W. Gong, “Our Campfire of Faith,” Liahona, Nov. 2018, 42.

  8. Bona Bonnie H. Cordon,”Becoming a Shepherd,” 76