2019
Go direla ke go bona ba bangwe jaaka Mmoloki a Dira
Seetebosigo 2019


Setshwantsho
ministering

Melawana ya go Direla, Seetebosigo 2019

Go direla ke go Bona Ba Bangwe jaaka Mmoloki a Dira

Jeso Keresete o ne a tsaya nako ya Gagwe e ntsi le bao ba ba neng ba bonwa ba le pharologanyo; O ne a lemoga bokgoni jwa bone jwa selegodimo.

Mo maitekong a rona a go direla jaaka Mmoloki, re ka kopiwa go direla mongwe yo o sa tshwaneng le rona. Se se re neela lobaka lwa go ithuta le go gola.

Tsa ngwao, thuto, semorafe, itsholelo, dingwaga, maitsholo a a fetileng kana a gone jaana kgotsa dipharologanyo tse dingwe di ka re tlhofofaletsa go atlhola motho le pele fela re ka mo itse. Go atlhola mo pele go mo boteng jwa kgethelolo, mme Mmoloki o ne a tlhagisa kgatlhanong le gone (Bona 1 Samuele 16:7; Johane 7:24).

A re ka fetisa matlho dipharologanyo mme ra bona ba bangwe jaaka Mmoloki a dira? Re ka ithuta jang go rata ba bangwe ka se ba leng sone le se ba ka nnang sone?

Go bona le go Rata

Baebele e bolela ka polelo e e tlwaelesegileng ya lekawana le le humileng le le neng la botsa gore go ka dirwa jang go bona botshelo jo bo sa khutleng. “Ke gone Jeso a mo leba a mo rata, mme a mo raya a re o tlhoka selo se le sengwe fela: tsamaya o rekise tsotlhe tse o nang natso o abele bahumanegi mme o tla nna le lehumo kwa legodimong; o bo o tle o sikare sefapaano, mme o ntshale morago” (Mareko 10:21).

Fa Mogolwane S. Mark Palmer wa ba ba masome a supa a ne a ithuta mafoko a a boitshepo a dingwaga tse di fitileng, bontlha bongwe jo bosha jwa polelo ka tshoganetso jwa itshupa mo go ene.

‘Ke gone Jeso a mo leba a mo rata.’

“E rile ke utlwa mafoko a, setshwantsho se se bonalang sa tlala ka tlhaloganyo ya me sa Morena a ema ka nakwana mme a leba lekawana le. A leba—jaaka go leba thata le mo go tseneletseng mo moweng wa gagwe, a lemoga bomolemo jwa gagwe mme le gone le bokgoni jwa gagwe, mme le gone go lemoga letlhoko la gagwe le legolo.

“Ke gone mafoko a a motlhofo—Jeso a mo rata. O nnile le maikutlo a a fekeetsang thata a lorato le a bopelotlhomogi mo lekawaneng le le molemo le ka ntlha ya lorato le ka lorato le, Jeso a botsa thata ka ga ene. Ke ne ka akanya gore go tshwanetse go ne ga utlwala jang mo lekawaneng le go phuthelwa ke lorato le le ntseng jalo go lopiwa go dira selo se se thata thata jaana jaaka go rekisa tsotlhe tse a neng a na le tsone le go abela bahumanegi.

“[Ke ne ka ipotsa] ‘Ke ka tlala jang ka Lorato la ga Keresete gore [ba bangwe] ba ka utlwa lorato lwa Modimo ka nna mme ba eletsa go fetoga?’ Nka bona jang [batho ka bo bone ba ba gautshwane le nna] ka tsela e e tshwanang le e Morena a boneng lekawana le le humileng, ke ba bona ka se ba leng sone tota le se ba ka nnang sona, bogolo go na le fela se ba se dirang kgotsa se ba sa se direng? Ke ka nna jang thata jaaka Mmoloki?”1

Go ithuta go Bona ba Bangwe

Go ithuta go bona ba bangwe jaaka Mmoloki a ba bona go tlisa maduo ka botlalo. Fa ke megopolo mengwe e e ka re thusang jaaka re dirisa lenaneo le.

  • Dira Gore o Ba Itse
    Dira maiteko a gore o itse batho go feta ntlha e e fa godimo fela. Itemogele gore go aga botsalano go tsaya nako le maiteko a boammaaruri. (Bona Melawana ya go Direla ya Phatwe 2018 “Go aga Botsalano jo bo nang le bokao” Thuso.)

  • Itshekatsheke
    Ela tlhoko dikatlholo tse o ka tswang o di dira ka bomo kgotsa e seng ka bomo. Elatlhoko dikabelelo tse o di di dirang ka ga ba bangwe mme o leke go tlhaloganya gore ke eng o ikutlwa ka ga bone ka mokgwa o o ikutlwang ka one.

  • Se Atlhole
    Lemoga gore diemo ga di kae boleng jwa motho ka boene. Ipeye mo seemong sa bone mme o akanye ka fa o ka batlang mongwe a go bona fa o ne o le mo dieemong tse di tshwanang. Go kgaoganya boitlhopelo jwa mongwe le maitsholo mo boleng jo bo botlhokwa jwa bone le bokgoni jwa selegodimo go ka re thusa go ba leba jaaka Mmoloki a ka dira.

  • Rapela go ba Rata
    Ba rapelele ka gale ka maina a bone le bopelotelele jwa go aga botsala jwa nnete. Sekaseka bodiredi jwa gago ka matlho a thapelo. A go na le pharologanyo fa gare ga se o se dirang le se ba se tlhokang tota?

Jeso Keresete o ne a tsaya nako Ya Gagwe le batho mo ditseleng tse di farologaneng tse dintsi tsa botshelo: bahumi, bahumanegi, babusi, le batho fela. O ne gantsi e le motswa setlhabelo wa katlholo e e sa siamang ka ba bangwe fa ba mo leba le dieemo tsa Gagwe tse di neng di lebega e le tsa bohumanegi kgotsa di se botlhokwa. “Mme fa re mmona ga go bontle jo re ka bong re mo eletsa ka jone. O ne a nyadiwa, mme ra seka ra mo ngoka” (Isaiah 53:2–3).

Go bonelapele ga Sekeresete

Kgaitsadi o abalana polelo ya go ithuta go leba moagisanyi ka matlho a Sekeresete.

“Julia (leina le fetotswe) o ne a nna go bapa le nna mme a lebega a sena ditsala. O ne ka metlha a lebega a utlwile botlhoko e bile a tenegile. Ntswa go le jalo, ke ne ka tsaya tshwetso ya go itsalana le ene. E seng fela tsala ya nakwana, mme tsala ya nnete. Ke ne ke bua le ene nako nngwe le nngwe fa ke mmona mme ke supe kgatlhego mo sengwe le sengweng se a neng a se dira. Ka bonya ka bonya, ke ne ka dira botsalano le ene, ke tlisa boitumelo mo pelong ya me.

“Letsatsi lengwe, ke ne ka tsaya tshwetso go ya go lekola Julia le go mmotsa ka ga tshwetso ya gagwe ya go sa tseneng kerekeng.

“Ke ne ka lemoga fa a sena ba lelwapa kgotsa ba losika gaufi. Motsalwa le ene yo o esi fela, kgaitsadie yo o nnang kgakala, o bua le ene fela gangwe ka ngwaga ka mogala. E rile ke mo reeditse a nthologela ka botlhoko jwa gagwe, bogale, le phelo pelo ka ga lelwapa la gagwe le Kereke, maikutlo a a ka sekang a itatolwa a bopelotlhomogi le a lorato mo mokaulengweng yo a tla mo go nna ka maatla a magolo. Ke ne ka utlwa kutlobotlhoko ya gagwe le phelo pelo ya gagwe. Ke ne ka lemoga ka fa botshelo jwa gagwe bo neng bo le bodutu ka teng. Go ne go ntse jaaka e kete ke utlwile mafoko a a kwa tlase ka fa morago ga me: ‘ke a mo rata le nna. Mo rate mme o mo tlotle.’

“Ke ne ka nna mme ka reetsa go fitlhela a sena se a neng a ka se buang. Ke nnile le maikutlo a lorato le a bopelotlhomogi mo go ene. Yo ke mokaulengwe yo o iseng a bo a itse gore go ratiwa go ntse jang. Ka bofefo ka bo ke setse ke mo tlhalogantse mo go tseneletseng. Ke ne ka mo lebogela go bo a ntetleletse go mo lekola, mme ke ne ka mo tlogela ka katlo le ka lorato lwa me le tlotlo. Ga a kitla a itse gore go mo lekola moo go nkamile go le kae. Rraetsho wa Legodimong o ne a mpula matlho a bo a nthuta gore ke ne ke na le bokgoni jwa go rata ka bopelotlhomogi jo bo totileng. Ka ikaelela mo maikaelelo a me go sa nne fela tsala ya gagwe mme le gone go nna wa lelwapa la gagwe.”

Ke selo se se boitshepo go lalediwa mo botshelong jwa motho yo mongwe. Ka thapelo, bopelotelele, le thuso ya Mowa o o Boitshepo, re ka ithuta go dira tse ka bonelopelo ya sekeresete.

Ntlha

  1. S. Mark Palmer, “Then Jesus Beholding Him Loved Him,” Liahona, May 2017, 115.