2019
Go Dira go re go Direla go Itumedise
Moranang 2018


Setshwantsho
ministering

Melawana ya go Direla, Moranang 2019

Go dira go re go Direla go Itumedise

Go direla ka lorato go tlisa boitumelo mo go botlhe moneedi le moamogedi.

Dinako dingwe go batla ga rona ga boitumelo mo botshelong jo go ka lebega jaaka e kete o tabogile mo motshineng wa itshidilo. Re taboga re bo re taboga mme go ntse go utlwala ekete ga re a goroga felo gongwe. Ka ga bangwe, kakanyo ya go direla ba bangwe e utlwala fela jaaka go oketsega thata mo o go dirang.

Mme Rraetsho wa Legodimo o batla re itemogela boitumelo mme o re boleletse “batho ba dirilwe, gore ba ka nna le boitumelo” (2 Nephi 2:25). Mme Mmoloki o rutile gore go direla ba bangwe ke karolo ya botlhokwa ya ka fa re ka tlisang boitumelo mo matshelong a rona le matshelo a ba bangwe.

Boitumelo ke eng?

Boitumelo bo tlhalositswe jaaka “maikutlo a boipelo jo bogolo le boitumelo.”1 Baperofeti ba Malatsi a Bofelo ba neela tlhaloso ya mo boitumelong bo tswang teng le ka fa bo bonwang ka gone. “Boitumelo jo re bo utlwang ga bo amane gope le diemo tsa matshelo a rona mme le sengwe le sengwe se se dirang le go itebaganya le matshelo a rona,” President Russell M. Nelson o rile. “… Boitumelo bo tswa le ka ntlha ya ga [Jeso Keresete]. Ke Motswedi wa Boitumelo jotlhe.”2

Go direla go Tlisa Boitumelo

Fa Lehi a ja leungo la setlhare sa botshelo, mowa wa gagwe o ne wa tlala “ka boitumelo jo bogolo thata” (1 Nephi 8:12). Keletso ya gagwe ya ntlha e ne e le go abelana leungo le le bao ba a neng a ba rata.

Go rata ga rona go direla ba bangwe go ka tlisa mofuta o wa boitumelo mo go rona le mo go bone. Mmoloki o rutile Barutwana ba Gagwe gore leungo le re le tlisang fa re golaganye le Ene le thusa go re tlisetsa botlalo jwa boitumelo (bona John 15:1–11). Go dira tiro ya Gagwe ka go direla le go senka go tlisa ba bangwe mo go Ene go ka nna maitemogelo a a itumedisang thata (bona Luke 15:7; Alema 29:9; Dithuto le Dikgolagano 18:16; 50:22). Re ka itemogela boitumelo jo le e leng mo tebaganong ya kganetso le pogisego (bona 2 Bakorintha 7:4; Bakolosa 1:11).

Mmoloki o re supegeditse sekao se se siameng gore mongwe wa metswedi e megolo thata ya boitumelo jwa boammaaruri mo botshelong jo jwa go swa o bonwa ka go direla. Fa re direla bakaulengwe ba rona le bokgaitsadi jaaka Mmoloki, ka bopelonomi le lorato mo dipelong tsa rona, re ka itemogela boitumelo jo bo fetang boitumelo fela.

“Jaaka re amogela [go direla] ka dipelo tse di ratang, re tlaa … nna gaufi le go nna batho ba Sione mme re tlaa utlwa boitumelo jo bo feteletseng le bao ba re ba thusitseng mo tseleng ya borutwana,” go rutile Sister Jean B. Bingham, Poresident ya Mokgatlho wa Thuso wa Kakaretso.3

Re ka dira jang go re go direla go itumedise thata?

Go na le methale e mentsi ya go tlisa boitumelo jo bogolo mo go direleng ga rona. Fa megopolo e se kae:

  1. Tlhaloganyo maikaelelo a gago mo go dirileng. Go na le mabaka a mantsi a go direla. Kwa bofelong, maiteko a rona a tshwanetse go ikamanya le maikaelelo a Modimo “go diragatsa bosasweng le botshelo jo bosakhutleng jwa motho” Moses 1:39 Jaaka re amogela taletso ya ga Poresidente Russell M. Nelson go thusa ba bangwe mo tseleng ya kgolagano, re ka bona boitumelo mo go tseyeng karolo mo tirong ya Modimo.4 (“Ka ga bogolo jwa Melawana ya Tirelo: bona The Purpose That Will Change Our Ministering,” ya Firikgong 2018 mo Liahona.)

  2. Dira go direla ka ga batho e seng tiro Poresidente Thomas S. Monson gantsi o re gakolotse gore: “re seka ka gope ra letlelela mathata a tshwanetseng go rarabololwa go nna botlhokwa go na le motho yo o tshwanetseng go fiwa lorato.”5 Go direla ke ka ga go rata batho, e seng ka ga dilo tse o tshwanetseng go di dira. Jaaka re gola mo go rateng jaaka Mmoloki a dirile, re tlaa amogela thata boitumelo jo bo tlang ka go direla ba bangwe.

  3. Dira gore go direla go nne motlhofo. Poresidente M. Russell Ballard, motshwarelela Poresidente ya Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o re bolelela gore: “Dilo tse dikgolo di dirwa ka dilo tse di motlhofo le tse dinnye. … Ditiro tsa rona tse dinnye le tse di motlhofo tsa bopelonomi le tirelo di tlaa kgobokanela mo botshelong jo bo tletseng ka lorato la ga Rraetsho wa Legodimo, boineelo mo tirong ya Morena Jeso Keresete, le tlhaloganyo ya kagiso le boitumelo nako nngwe le nngwe e re fitlhelelang mongwe go yo mongwe.”6

  4. Ntsha mathata a mantsi mo go direleng Ga se maikarabelo a gago go dira poloko ya motho yo mongwe. Moo go fa gare ga motho ka boene le Morena. Maikarabelo a rona ke go ba rata le go ba thusa go sokologela ko go Jeso Keresete, yo e leng Mmoloki wa bone.

Se kganele boitumelo jwa Tirelo

Dinako dingwe batho ba itsemeletsa go botsa ka ga thuso e e tlhokegang, ke gone go neela tirelo ya rona e ka nna fela se ba se batlang. Mme go ipateletsa batho ga se karabo, le e seng. Go kopa tetlelelo pele ga go direla ke mogopolo o o siameng.

Mogolwane Dieter F. Uchtdorf wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le bobedi o re boleletse ka ga mme yo o godisang bana a le esi yo o neng a tswa thutlwa—mme morago ga foo bana ba lwala le bone. Ntlo e ka nako tsotlhe e neng e le phepha ya nna maragaraga le makgaphila. Dijana le diaparo tse di tlhatswiwang tsa kokotlegela.

Ka sebakanyana fa a ikutlwa a fekeetsegile thata, bakaulengwe ba Mokgatlo wa Thuso ba kokota mo lebating la gagwe. Ba ne ba seka ba re, “re itsise fa re ka go thusa.” Fa ba bona seemo, ba ne ba simolola go dira.

Ba phepafatsa tlhakatlhakano, ba tlisa lesedi le tlhamalolo mo lwapeng, mme ba bitsa tsala go tlisa dilwana tse di rekisiwang mo lebentleleng tse di neng di tlhokega thata. Fa kwa bofelong ba weditse tiro ya bone le go laela, ba ne ba tlogela mme yo mmotlana mo dikeleding—dikeledi tsa go leboga le lorato.”7

Botlhe moneedi le moamogedi ba ne ba utlwa mofutho wa boitumelo.

Rotloetsa boitumelo mo botshelong jwa gago.

Boitumelo jo bogolo, kagiso, go itshetlela tse re ka di rotloetsang mo matshelong a rona, re ka kgona bogolo go abelana le ba bangwe jaaka re direla. Boitumelo bo tla ka Mowa o o Boitshepho (bona Bagalatia 5:22 le Dithuto le Dikgolagano 11:13). Ke sengwe se re ka se rapelelang (bona Dithuto le Dikgolagano 136:29) mme ra se tlisa mo matshelong a rona. Fa ke megopolo e se kae ya go rotloetsa boitumelo mo matshelong a rona:

  1. Bala ditshegofatso tsa gago; Jaaka o sekaseka botshelo jwa gago, kwala mo jenaleng ya gago dilo tse Modimo a go segofaditseng ka tsone.8 Ela tlhoko molemo o o go dikaganyeditseng.9 Tsa ya tsia se se ka tswang se go kganela go utlwa boitumelo mme o kwale methale ya go se rarabolola kgotsa botoka go se tlhaloganya. Ka nako ya paka ya Paseka, tsaya nako go batla tsalano e kgolo le Mmoloki (bona Dithuto le Dikgolagano 101:36).

  2. dirisa kelelelo O ka bona boitumelo motlhofo thata mo sebakeng sa go akanya thata ka tidimalo.10 Reetsa ka kelelelo ka se se go tlisetsang boitumelo (bona 1 Ditiragalo 16:15 Go nna kgakala le bobega dikgang ka dinako dingwe go ka tlhokega.11

  3. Iphapha mo go itshwantshweng. Go builwe gore tshwantshanyo ke legodu la boitumelo. Paulo o ne a tlhagisa gore bao“ba ba itekanyang ka bo josi jwa bone, le go itshwantsha le bo josi jwa bone, ga ba na tlhaloganyo” (2 Bakorintha 10:12).

  4. Batla tshenolo ya motho ka bo ene. Morena o rutile: “Fa o ka lopa, o tlaa amogela tshenolo mo tshenolong,kitso mo kitsong, gore o tle o itse masaitsiweng le dilo tsa kagiso— tseo tse di tlisa boitumelo, tse di tlisang botshelo jo bosakhutleng” (Dithuto le Dikgolagano 42:61).

Taletso go Dira

O ka oketsa jang boitumelo jo o bo bonang mo botshelong jwa gago ka go direla?

Dintlha

  1. “Joy,” en.oxforddictionaries.com

  2. Russell M. Nelson, “Joy and Spiritual Survival,” Liahona, Ngwanatsele. 2016, 82

  3. Jean B. Bingham, “Ministering as the Savior Does,” Liahona, Motsheganong 2018, 107.

  4. Russell M. Nelson, “As We Go Forward Together,” Liahona, Moranang 2018,4–7.

  5. “Thomas S. Monson, “Finding Joy in the Journey,” Liahona, Nov. 2008, 86.

  6. M. Russell Ballard, “Finding Joy through Loving Service,” Liahona, Motsheganong 2011, 49.

  7. Bona Dieter F. Uchtdorf, “Living the Gospel Joyful,” Liahona, Nov. 2014, 120–123.

  8. Bona Henry B. Eyring, “O Remember, Remember,” Liahona, Ngwanatsele. 2007, 67.

  9. Bona Jean B. Bingham, “That Your Joy Might Be Full,” Liahona, Ngwanatsele 2017, 87.

  10. Bona Dieter F. Uchtdorf, “Of Things That Matter Most,” Liahona, Ngwanatsele. 2010, 21

  11. Bona See Gary E. Stevenson, “Spiritual Eclipse,” Liahona, Ngwanatsele 2017, 46.