2019
Ka fa re Nayang Bopaki re Phuthologile
Mopitlo 2019


Setshwantsho
ministering

Melawana ya go Direla, Mopitlo 2019

Ka fa re Nayang Bopaki re Phuthologile

Go direla ke go paka. Kgololesego ya go direla e ka oketsa ditshono tsa rona go abelana bopaki ka tsela e e tlwaelesegileng le e e sa tlwaelesegang.

Re golagane go “ema jaaka bapaki ba Modimo ka dinako tsotlhe le mo dilong tsotlhe, le mo mafelong otlhe” (Mosia 18:9). Go abelana bopaki jwa rona ke karolo ya go ema jaaka mopaki e bile ke tsela e e nonofileng ya go laletsa Mowa o o Boitshepo go ama pelo ya mongwe le go fetola botshelo jwa bone.

“Bopaki—bopaki jwa tota, jo bo tsalwang ke mowa le go tlhomamisiwa ke Mowa o o Boitshepo—bo fetola matshelo,” President M. Russell Ballard o rile, Poresidente wa nama o tshwere wa lekgotla La Baaposetole ba ba Lesome Le Bobedi.1

Mme go abelana bopaki jwa rona go ka tshosa kgotsa go sa iketlang mo go bangwe ba rona. Seo se ka nna ka ntlha ya gore re akanya go abelana bopaki jwa rona jaaka sengwe se re se dirang mo bokopanong jwa bopaki le go itima dijo kgotsa fa re ruta thuto. Mo mafelong ao a a tlhomameng gantsi re dirisa mafoko mangwe le diele tseo di lebegang di sa tshwanela mo puisanong e e tlwaelesegileng.

Go abelana Bopaki jwa rona go ka nna masego a ka metlha mo matshelong a rona le mo matshelong a ba bangwe fa re tlhaloganya ka fa go ka nnang motlhofo go abelana se re dumelang mo go sone go mafelong a malatsi otlhe. Fa ke maele a sekae go go thusa go simolola.

Tlhofofatsa

Bopaki ga bo tlhoke go simolola ka seele, “Ke eletsa go abelana bopaki,” mme ga bo tlhoke go wetsa ka, “Mo leineng la ga Jeso Keresete, amen.” Bopaki ke maikutlo a se re se dumelang mme re itse se le boammaruri. Ka jalo go etela moagisanyi wa gago mo mmileng ka ga mathata a a nang le one le gore, “Ke a itse gore Modimo o araba dithapelo,” go ka nonofa thata jaaka bopaki bongwe le bongwe jo bo abelwanang go tswa kwa pulpiting kwa kereke. Thata ga e tswe mo puong ee kgabisitsweng; e tswa mo Moweng o o Boitshepo o netefatsa boammaruri (bona Doctrine and Covenants 100:7–8).

Tlhamaganya Puisano ya Tlhago ee Elelang

Fa re batla go abelana, go na le ditshono tse di re dikaganyeditseng go tlhamaganya dipuisano tsa malatsi otlhe. Sekai:

  • Mongwe o go botsa ka ga mafelo a beke a gago. “A ne a siame,”o araba. “Kereke e ne e le yone e ke neng ke e tlhoka tota tota.”

  • Mongwe one a supa kutlwelo-botlhoko fa a se na go itse ka ga kgwetlho mo botshelong jwa gago: “ke maswabi.” O a araba: “Ke lebogela matshwenyego a gago. Ke a itse gore Modimo o tlaa ntshegetsa. O ntse a ntshegeditse.”

  • Mongwe a akgela: “Ke solofela gore maemo a a boitshegang a lewapi a fetoga ka bonako.” kgotsa “base e thari e le ruri ,” kgotsa “Leba pharakano e.” O ka araba: “Ke tlhomamisa gore Modimo o tla siamisa sengwe le sengwe.”

Abelana Maitemogelo a Gago

Gantsi re buisana ka ga dikgwetlho tsa rona. Fa mongwe a go bolelela ka ga seo ba lebaganeng le sona, o ka abelana ka nako eo Modimo a go thusitseng mo ditekong tsa gago mme wa paka gore oa itse gore O ka ba thusa le bone. Morena o rile O a re nonotsha mo ditekong tsa rona gore “lo tle lo eme lo le basupi ba me morago ga fa, le gore lo tle lo itse tota gore Nna, Morena Modimo, ke etela batho ba me mo dipogisegong tsa bone” (Mosia 24:14). Re ka ema jaaka basupi ba Gagwe fa re paka ka fa A re thusitseng ka gona mo ditekong tsa rona.

Nnang lo Ipaakantse

Go ba bangwe ba rona, go abelana bopaki kwantle le thulaganyo go ka tshosa. Go na le ditsela tse re ka rulaganyetsang kwa pele le “lo iketleeditse ka metlha go fetola motho mongwe le mongwe yo o botsang [rona] ka ga lebaka la tsholofelo e e mo go [rona]” (1 Petere 3:15).

Lwantlha, go ipakaanya go ka raya go leba ka fa re tshelang ka teng. A re laletsa Mowa o o Boitshepo mo matshelong a rona le go nonotsha bopaki jwa rona letsatsi lengwe le lengwe ka go tshela ka tshiamo ? A re naya Mowa ditshono tsa go bua le rona le gore naya mafoko a re a tlhokang ka thapelo le go ithuta mafoko a a boitshepo? Jaaka Morena a gakolotse Hyrum Smith, “Se batle go bolelela lefoko a me, mme batla pele go amogela lefoko la me ,mme ke gone loleme lwa gago lo tlaa gololwa” (Doctrine and Covenants 11:21).

Lwa Bobedi, go ipakaanya go ka raya go lebelela pele le go elatlhoko ditshono tse o ka nnang le tsone letsatsi leo kgotsa mo bekeng eo go abelana bopaki jwa gago. O ka ipaakanyetsa ditshono tseo ka go akanya ka fa di ka go nayang sebaka go abelana se o se dumelang.

Nna o tsepame mo go Mmoloki le Thuto ya Gagwe

Poresidente Ballard o rutile,”Le ntswa re ka nna le bopaki jwa dilo di le dintsi jaaka maloko a Kereke, go na le boammaruri jo bo botlhokwa jo re tlhokang go bo rutana le go bo abelana.” Jaaka dikai, a kwadile: “Modimo ke Rara wa rona mme Jeso ke Keresete. Thulaganyo ya poloko e tsepame mo tetlanyong ya Mmoloki. Joseph Smith o tsolositse botlalo jwa efangele e e sa khutleng ya ga Jeso Keresete, mme Buka ya ga Momone ke bosupi jwa gore bopaki jwa rona bo boammaruri.” Jaaka re bolela boammaaruri joo jo bo tswang mo boteng jwa pelo, re laletsa Mowa go supa tshupo gore se re se buileng ke boammaruri. Poresidente Ballard o ne a gatelela gore “Mowa ga o ka ke wa kganelwa fa go newa bopaki jo bo itshekileng jwa ga Keresete.”2

Sekao sa Mmoloki

Letsapa go tswa mo leotong go ralala Samaria, Mmoloki a ema go ikhutsa kwa sedibeng mme a kopana le mosadi koo. A simolola puisano ka ga go ga metsi mo sedibeng. Go dirisa tiro e ya malatsi otlhe eo mosadi o ne a e dira go naya Jeso tshono go paka metsi a a tshedileng le botshelo jo bo sa khutleng tse di le teng mo go bao ba ba dumelang mo go Ene (bona Johane 4:13–15, 25–26).

Bopaki jo bo Motlhofo bo ka Fetola Matshelo

Poresidente Russell M. Nelson o ne a bolela ka mooki yo o kileng a botsa-Dr. Nelson potso morago ga tsamaiso ya learo le le thata. “Ke ka ntlha ya eng o sa tshwane le dingaka tse dingwe?” Dingaka tse dingwe tse a neng a itse di ka nna pelokhutswane mme tsa tlhapatsa fa ba dira tiro ya tsamaiso e e kgatelelo e e kwa godimo e e ntseng jalo.

Dr. Nelson o ka bo a ne a fetola ka ditsela di le dintsi. Mme a araba motlhofo, “Ka gore Ke itse gore Buka ya ga Momone e boammaaruri.”

Karabo ya Gagwe e ne ya tlhotlheletsa mooki le monna wa gagwe go ithuta Buka ya ga Momone. Poresidente Nelson o ne kwa morago a kolobetsa mooki. Morago ga masomesome a dingwaga, fa a okametse khonferense ya Lomapo kwa Tennessee, USA, jaaka Moaposetolo yo o sa tswang go tlhomamisiwa, Poresidente Nelson o ne a itumelela kopano e e sa solofelwang le mooki ene yoo . O ne a kakanya gore tshokologo ya gagwe, e ne ya tliswa ke bopaki jwa gagwe jo bo motlhofo le tlhotleletso ya Buka ya ga Momone,di thusitse go isa kwa tshokologong ya batho ba bangwe ba le 80.3

Taletso go Dira

O se ka wa boifa go abelana bopaki jwa gago. Bo ka segofatsa bao ba o ba direlang. O ka dirisang jang maele a kgotsa a gago go abelana bopaki jwa gago gompieno?

Dintlha

  1. M. Russell Ballard, “Pure Testimony,” Liahona, Nov. 2004, 40.

  2. M. Russell Ballard, “Pure Testimony, “41.

  3. Go Jason Swensen, “Ikemisetse go Tlhalosa Bopaki jwa gago o Dirisa Buka ya ga Momone, Poresidente Nelson A re,” Church News section of LDS. org, Feb. 6, 2018, news.lds.org.