2019
Maikaelelo a a tlaa fetolang tirelo ya rona
Hirikgong 2019


Setshwantsho
ministering

Melawana ya go Direla, Firikgong 2019

Maikaelelo a a tlaa fetolang tirelo ya rona

Fa go na le maikaelelo a mantsi a go direla, maiteko a rona a tshwanetse go laolwa ke keletso ya go thusa ba bangwe go fitlhelela tshokologo e e tseneletseng ya motho ka sebele le go nna fela jaaka Mmoloki.

Fa re rata ba bangwe jaaka Mmoloki a dira, re batla go ba thusa jaaka a dirile. Jaaka Modisa yo o Molemo, ke sekao sa bofelo sa tirelo e e nang le bokao.

Mo go tshwantshanyeng tirelo ya rona ka fa go ene, go botlhokwa gore re gakologelwe gore maiteko a Gagwe a go rata, go tsholetsa, go direla, le go segofatsa a ne a na le maikaelelo a a kwa godimo go na le go kgotsofatso letlhoko la ka potlako. Ka nnete O itse ka matlhoko a bone a letsatsi -le- letsatsi mme o ne a ba tlhomogela pelo mo pogisegong ya bone ya bosheng. Jalo o ne a fodisa, a otla , a itshwarela, le go ruta. Mme o ne a batla go dira go feta go tlhokomela lenyora la gompieno.(bona Johane 4:13–14). O ne a batla bao ba a ne a na le bone go mo sala morago (bona Luke 18:22; Johane 21:22), mo itse (bona Johane 10:14; Dithuto le Dikgolagano 132:22–24), mme ba fitlhelela bokgoni jwa bone jwa selegodimo (bona Mathaio 5:48). Sone seo se boammaaruri le gompieno (bona Dithuto le Dikgolagano 67:13).

Go na le methale e le mentsi e re ka thusang go segofatsa ba bangwe, mme fa maikaelelo a bofelo a go direla ga rona e le go thusa ba bangwe go fitlha mo kitsong ya Mmoloki mme ba tshwana le ene, re tlaa bo re direla letsatsi la mogang re tlaa bo re sa tshwanele go ruta moagisanyi wa rona go itse Morena gonne rotlhe re tlaa bo re mo itse (bona Jeremia 31:34).

Kelelelo ya Mmoloki e ne e feta letlhoko la potlako

  • Batho ba ba mmalwa ba ne ba ya ka boleele jo bogolo go tlisa tsala ya bone mo go Jeso go fodisiwa bolwetse jwa teteselo. Mo pheletsong Mmoloki o ne a fodisa monna, mme o ne a kgatlhegela thata go mo itshwarela dibe tsa gagwe (bona Luke 5:18–26).

  • Fa batho ba ne ba tlisa kwa go Mmoloki mosadi yo o neng a tshwerwe mo boakeng, go gana ga gagwe ka tshekiso go ne ga boloka botshelo jwa gagwe ka namana . Mme o ne a batla go mmoloka semowa le gone, a mmolelela “gore a tsamaye, mme a seka a tlhola a dira sebe” (bona Johane 8:2–11).

  • Maria le Marata ba romela lefoko kwa go Jeso ba mo lopa gore a tle go fodisa tsala ya gagwe, Lasaro. Jeso, yo a neng a fodisitse ba bangwe mo mabakeng a mantsi, a diega go goroga go fitlhelela morago ga Lasaro a sena go swa. Jeso o ne a itse se ba lelwapa la gagwe ba neng ba se batla, mme mo go tsoseng Lasaro mo baswing, o ne a nonotsha ditshupo tsa bone tsa bomodimo jwa Gagwe (bona Johane11:21–27).

Ke dife dikai tse o ka di tsenyang mo nankolong e?

Re Ka Dira Eng?

Fa maikaelelo a rona e le go thusa ba bangwe go nna fela jaaka Mmoloki, go tlaa fetola ka fa re direlang ka gone. Se ke methale mengwe e tlhaloganyo e e ka laolang maiteko a rona a go direla.

Mogopolo 1: amanya Tirelo le Mmoloki

Maiteko otlhe a rona a go dira molemo a ka nna le mosola, mme re ka batla mabaka go godisa tirelo ya rona ka go e amanya le Mmoloki. Sekai, fa ba le lwapa le o le direlang ba lwala, dijo di ka thusa, mme tsela ya gago e e motlhofo ya go supa lerato e ka ntsifadiwa ke tshupo ya gago ya lorato la Mmoloki mo go bone. Thuso ya gago ka ditiro tsa jarata e ka itumelelwa, mme gongwe e ka nna le bokao thata ka go neelwa ga tshegofatso ya boperesiti.

Mogolwane Neil L. Andersen wa khoramo ya Baaposetolo ba ba lesome le bobedi o rutile: “motho yo o nang le pelo e ntle o ka thusa mongwe go baakanya leotwana, a ise mmata wa gagwe ngakeng, a ye dijong tsa motshegare le mongwe yo o hutsafetseng, kgotsa a nyenye mme a dumedise go natetsha letsatsi.

Mme mo sala morago wa taelo ya ntlha ka tlholego o tlaa oketsa ditiro tse tsa botlhokwa tsa tirelo.”1

Mogopolo 2: Elatlhoko Tsela ya Kgolagano

Mo go bueng le maloko e le lantlha jaaka Poresidente ya Kereke, Poresidente Russell M. Nelson o rile, “Tshegetsang tsela ya kgolagano.” “Go dira le go tshegetsa dikgolagano go tlaa bula kgoro ya tshegofatso ngwe le ngwe ya semowa le tshiamelo tse di teng.”2

Jaaka Baitshepi ba malatsi a bofelo, re a kolobediwa, tlhomamisiwa, le go amogela neo ya Mowa o o Boitshepo. Banna ba ba tshwanetseng ba amogela boperesiti. Re ya tempeleng go dira endaomente ya rona le go kanwa mmogo jaaka malwapa ka bosenang bokhutlo. Ditlhomo tse tse di bolokang le dikgolagano tse di tshwaraganeng le tsone di botlhokwa mo go rona go nna jaaka ene gore re ka nna le ene.

Re ka nna le seabe se re ka se dirang mo go thuseng ba bangwe mo tseleng eo jaaka re ba thusa go tshegetsa dikgolagano tsa bone le go ipaakanyetsa go dira dikgolagano tsa lobaka lo lo tlang.3 O ka thusa motho ka sebele jang kgotsa malwapa a o a direlang go amogela tao e e latelang e ba e tlhokang? Se se ka raya go thusa go baakanyetsa rre go kolobetsa morwadie, o tlhalosa ditshegofatso tsa kgolagano e e latelang e e tshwanetseng go dirwa, kgotsa go abelana tsela ya go nna le maitemogelo a a nang le bokao thata mo go shafatseng dikgolagano tsa rona fa re e ja sakaramente.

Mogopolo 3: Laletsa mme o Kgothatse

Fa go tshwanetse, gakololana le ba o ba tlhokomelang ka ga tshokologo ya bone le maiteko a go nna fela jaaka Keresete. Mma ba itse ka nonofo e o e bonang mo go bone e bile o e rata. Batlisisa gore ba bona ba ka tokafala fa kae mme o bue ka fa o ka thusang ka gone. (Ka ga go gakololana mmogo le bao ba o ba direlang, bona “Counsel about Their Needs,” Liahona, Sept. 2018, 6–9.)

Se boife go ba laletsa go sala morago Mmoloki le go mo letlelela go ba thusa go fitlhelela bokgoni jwa bone jwa semodimo. Taletso e e ka fetola-botshelo, fa e kopangwa le go ba bolelela ka tshepho ya gago mo go bone le tumelo ya gago mo go Ene.

Methale e merataro e re ka thusa ba bangwe go tswelela pele mo go Keresete

Go latela megopolo ya go thusa ba bangwe mo go tokafatseng botshelo le go tswelela mo tseleng ya kgologano. (Bona Preach My Gospel, Preach My Gospel.)

  1. Abelana. O nne boammaaruri le pelokgale fa o abelana ka fa Mmoloki a go thusitseng ka gone jaaka o ne o leka go mo atamela ka go tsela ka melawana ya efangele le ntswa mo dipoelamoragong.

  2. Ditshegofatso tse di solofediwang. Batho ba batla lebaka la go fetoga le le patikang thata go na le lebaka la gore ba seka ba fetoga. Go tlhalosa ditshegofatso tse di amanang le tiro go ka naya thotloetso e e nonofileng (bona Dithuto le Dikgolagano 130:20–21).

  3. Laletsa. Go tshela ka melawana ya efangele go tlisa bopaki gore e boammaaruri (bona John 7:17) mme go gogela mo tshokologong e e tseneletseng.4 Go batlile kamano nngwe le nngwe e ka akaretsa taletso e e motlhofo ya go dira sengwe se se ka ba thusang go tswelela pele.

  4. Dirang leano mmogo. Ka se se tlhokang go dirwa gore ba tlhogonolofale mo go tshegetseng maikemisetso a go fetoga? O ka thusa jang? A go na le nako e e tlamang?

  5. Rotloetsa. Fa o thusa, dira motseletsele wa batho ba ba ka thusang motho ka sebele go nna a kgothetse le go tlhogonolofala. Rotlhe re batla barotloetsi.

  6. Latedisa. Abelanang botswelelopele ka gale. Nna o etse tlhoko leano mme le fetole fa go tlhokega. Nna boitshoko,tsweledisa, mme o kgothatse. Phetogo e ka tsaya nako.

Taletso go Dira

Elatlhoko ka fa methale ya maiteko a gago a go direla—a magolo le a mabotlana—a ka thusang ba bangwe go tsenyeletsa tshokologo ya bone mme ba nna thata jaaka Mmoloki.

Dintlha

  1. Neil L. Andersen, “A Holier Approach to Ministering” (Brigham Young University devotional, Apr. 10, 2018), 3, speeches.byu.edu.

  2. Russell M. Nelson, “As We Go Forward Together,” Liahona, Moranang 2018, 7.

  3. Bona Henry B. Eyring, “Daughters in the Covenant,” Liahona, Motsheganong 2014, 125–28.

  4. Bona David A. Bednar, “Converted unto the Lord,” Liahona, Ngwanatsele 2012, 106-109.