2018
Go Amogela Thuso go Thusa Ba Bangwe
Phalane 2018


Setshwantsho
ministering

Melawana ya go Direla, Phalane 2018

Go Amogela Thuso go Thusa Ba Bangwe

Re ka akaretsa ba bangwe jang fa re tlhoka thuso mo maitekong a rona a go direla? Tsayakarolo mo dipotsotherisanyong tsa go direla le mo dikopanong tsa phuthego ya lekgotla Sontaga wa ntlha.

Fa go thatafala ga mesifa mo gontsi go tsenya Kathy mo kolotsaneng ya banale-bogole, o ne a bona gore o tlhoka thuso bosigo bongwe le bongwe go tswa mo setilong go ya bolaong. Tiro e ne e le tona thata go mongwe le mongwe wa leloko. Jalo bagolwane ba khoramo ba gakololana ka ga seemo sa gagwe mme ba swetsa go dira lenaneo go mo thusa maitseboa mangwe le mangwe.1

Jaaka fa re itse matlhoko le dinonofo tsa bao ba re ba direlang, re ka bona gore re tlhoka thuso go ba thusa go fitlhelela matlhoko a bone. Dipotsotherisanyo tsa go direla le dikopano tsa diphuthego tsa lekgotla Sontaga sa ntlha ke mabaka a mabedi a go buisana sentle ka fa go tshwanetseng gore re ka akaretsa ba bangwe.

Dipotsotherisano tsa go Direla

Dipotsotherisano tse tsa gane fa gare ga bokgaitsadi le boporesidente ba Mokgatlho wa Thuso kgotsa bakaulengwe ba ba direlang le boporesidente ba bagolwane ba khoramo ke tsone fela ya semmuso pego e re e dirang mabapi le bao re ba direlang. Potsotherisanyo ke lobaka gangwe mo kgweding tse tharo go (1) gakololana ka ga dinonofo, matlhoko, le dikgwetlho tsa malwapa le batho ka bongwe re ba filweng; (2) sekaseka gore ke matlhoko a fe a khoramo, Mokgatlho wa Thuso, kgotsa lekgotla la wate le ka thusang mo go one; le (3) ithute mo baeteleding pele mme o rotloetsege mo maitekong a go direla.

Poresidente ya Bagolwane ba khoramo le poresidente ya Mokgatlho wa Thuso ba buisana matlhoko a botlhokwa ka tlhamalalo go bishopo mme ba tlaa amogela kgakololo le kaelo mo go ene.

O ka bona molaetsa o montsi ka ga dipotsotherisano tsa go direla kwa ministering.lds.org

Go Dira Dipotsotherisano tsa go Direla go nna le Bokao

Mo thotloetsong ya polelo ya ga Poresidente Russell M. Nelson gore thulaganyo ya go direla e tlaa nna ntlha ya setshwarisa tsela se Kereke e tlaa itshegeletsang mo go sone Kereke e tlaa bulelang, Mogolwane Gary E. Stevenson wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi o rutile, “ Go lemoga ponatshegelo ya gagwe … e ikaegile mo goreng bakaulengwe le bokgaitsadi ba rutiwa le go rotloediwa mo potsotherisano ya go direla.”2

Dintlha tse tlhano tsa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba direlang:

  • Ya kwa potsotherisanong o batla kgakololo. Ipaakanyetse go ithuta.

  • Ipaakenyetse go buisana ka matlhoko a o ka tlhokang thuso go a rarabolola.

  • Itebaganye le dinonofo tsa motho ka bongwe le bokgoni, e seng fela matlhoko.

  • Gakololana ka maduo a a ka kayang gore go direla ga gago go atlegile.

  • Itshwareganye le boporesidente go gakololana fa gare ga dipotsotherisano jaaka go tlhokega.

Dintlha tse tlhano go baeteledipele:

  • Dipotsotherisano ga ditlhoke go nna ditelele, mme baya nako e e lekaneng go etela mo lefelong le le letlelelang puisano e e nang le bokao.

  • Tsaya sebaka sa go direla mokaulengwe kgotsa kgaitsadi yo o direlang.

  • Se botse dipotso tse di fang mogopolo wa gore o bala maeto kgotsa o tshwaya go kopana (“A o dirile go direla ga gago?”). Botsa dipotso tse di nonotshang mekgwa e e eletsegang (“Ke tlhotlheletso e fe e o e utlwileng fa o rapelela lelwapa? Go diragetseng fa o diragatsa ditlhotlheletso tseo?”).

  • Reetsa ka tlhwaafalo mme o dire dintlha.

  • Gakololanang Balekane ba ba direlang ba na le tshwanelo ya tshenolo ya bao ba ba abetsweng go ba direla.

Dipotso le Dikarabo ka ga Dipotsotherisano tsa go Direla

Potsotherisano ya go direla ke eng?

Ke puisano fa gare ga bakaulengwe ba ba direlang le leloko la boporesidente jwa bagolwane ba khoramo kgotsa fa gare ga bokgaitsadi ba ba direlang le leloko la boporesidente jwa Mokgatlho wa Thuso mo seemong se se ba letlang go batla le go amogela thotloetso mo Moweng o o Boitshepo. Ka ntlha e, bakaulengwe ba ba direlang le bokgaitsadi ba ka rotloediwa go lebelela, go rata, go ruta, le go gomotsa ka tsela ya Mmoloki.

A dipotsotherisano tse di tlhoka go nna go lebanwe?

Ka tlwaelo di dirwa go nna ka sebele, mme di ka dirwa ka mogala kgotsa ka maranyane fa go kopana go lebanwe difatlhogo go sa kgonagale. Ka kakaretso, balekane boo babedi ba ka tsayakarolo mo potsotherisano fa go le maleba.

Maikaelelo a potsotherisano ya go direla ke eng?

Dipotsotherisano tsa go direla ke lobaka la bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba direlang go sekaseka diemo tsa bosheng, go dira ditogaamano tsa lobaka lo lo tlang, le go bona thuso e e tlhokafalang go batho ka bongwe kgotsa malwapa a ba a direlang. Ke monyetla wa go bua ka ga di dirisiwa tse khoramo le Mokgatlho wa Thuso o ka di tlamelang.

Ke ka dira jang ka dikgang tsa sephiri le tse di tlhokang go tshwara ka matsetseleko?

Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba direlang ba abelana kgang e e sephiri fela le poresidente wa bagolwane ba khoramo kgotsa Mokgatho wa Thuso—kgotsa le bishopo ka tlhamalalo . Kgang e e sephiri kgotsa e e tlhokang go tshwarwa ka matsetseleko ga ya tshwanela go abelwana mo dikopanong tsa phuthego ya lekgotla Sontaga sa ntlha.

Diphuthego tsa Lekgotla Sontaga wa Ntlha

Mo go tlalaletseng dipotsotherisano tsa go direla, diphuthego tsa lekgotla Sontaga wa ntlha ke tsela nngwe ya go akaretsa ba bangwe mo go direleng. Mo diphuthego tsa Mokgatlho wa Thuso le tsa bagolwane ba khoramo, tlhotlheletso e ka tla mo go bao ba ba leng teng ka Mowa le go tswa mo go ba bangwe mo setlhopheng.

Maikaeleleo a phuthego ya lekgotla ke go:

  • “Gakololanang ka ga maikarabelo a selegae, mabaka, le dikgwetlho;

  • “Ithute mo mabakeng le maitemogelo a ba bangwe; le

  • “Rulaganya ditsela tsa go dira mo dithotloetsong tse di amogetsweng go tswa mo Moweng.”3

Diphuthego tsa lekgotla di feta puisanyo: diphuthego di re gogela go dira ka bongwe kgotsa jaaka setlhopha jaaka re tlhotlheletswa ke Mowa. Maloko a ka nna le keletso go fitlhelela tiro ya Morena e le maduo a diphuthego tse.

Taletso go Dira

“Thapelo ya rona gompieno,” ga buile Mogolwane Jeffrey R. Holland wa Khoramo ya Baaposetole ba ba Lesome le Bobedi, “ke gore monna mongwe le mongwe le mosadi—le makawana a rona a a godileng le makgarejwana—ba tlaa ineela thata ka boteng jwa maikutlo a pelo ka go tlhokomelana, ba kgothadiwa fela ke lorato le le itshekileng la ga Keresete go dira jalo.”4

Dintlha

  • Bona Mormon Messages video “Lift,” lds.org/media-library.

  • Gary E. Stevenson, in “Ministering Interviews” (video), ministering,lds.org.

  • Come, Follow Me—For Melchizedek Priesthood and Relief Society, in Ensign or Liahona, Nov. 2017, 140; also available at comefollowme.lds.org.

  • Jeffrey R. Holland, “Be With and Strengthen Them,” Ensign or Liahona, May 2018, 103.