2018
Go Otlologela mo Bopelonoming
Phukwi 2018


Setshwantsho
Ministering

Melawana ya go Direla, Phukwi 2018

Go Otlologela mo Bopelonoming

Jaaka fa o sala morago sekai sa Mmoloki sa bopelonomi, o tlaa bona gore o ka dira pharologanyo mo matshelong a ba bangwe.

Bopelonomi ke go itse ka tlalelo tsa ba bangwe ka keletso ya go tlhofofatsa kgotsa go thusa. Kgolagano ya go sala Mmoloki morago ke kgolagano ya bopelonomi go “belega mekgweleo ya ba bangwe” (Mosia 18:8). Thomo ya go tlhokomela ba bangwe ke tshono ya go direla jaaka Morena a ka dira: ka “bopelonomi, o dira pharologanyo” (Jute 1:22). Morena o laotse, “Supa mautlwelobotlhoko le bopelonomi motho mongwe le mongwe go mokaulengwe wa gagwe” (Sakaria 7:9).

Bopelonomi jwa Mmoloki

Bopelonomi e ne e le thata e e dirang mo bodireding jwa Mmoloki (bona fa thoko ga mophakarego. “Mmoloki yo o Bopelonomi”). Bopelonomi jwa gagwe go beng ka Ene go mo dirile go otlologela go ba ba mo dikologileng makgetlho a le mmalwa. A lemoga matlhoko le dikeletso tsa batho, O ne a ba segofatsa le go ba ruta ka ditsela tse di botlhokwa mo go bone. Keletso ya Mmoloki go re tsholetsa godimo go tlalelo tsa rona ga gogela mo tirong e kgolo ya bopelonomi: Tetlanyo ya gagwe go dibe le go boga ga sika la motho.

Nonofo ya gagwe go fetola go matlhoko a batho ke sengwe se re ka se itshokelang jaaka re direla. Jaaka re tshela ka tshiamo le go reetsa thotloetso ya Mowa, re tlaa tlhotlhelediwa go otlologela mo ditseleng tse di nang le bokao.

Kgolagano ya Rona ya Bopelonomi

Rara wa Legodimo o batla bana ba Gagwe ba nna le bopelonomi (bona 1 Bakorintha 12:25–27). Go nna barutwana ba boammaaruri, re tshwanetse go tlhabolola le go supa bopelonomi go ba bangwe, bogolo jang go ba ba tlhokang (D&C 52:40).

Re itseela leina la ga Jeso Keresete ka kgolagano ya kolobetso, re supa gore re rata go diragatsa bopelonomi. Moporesidente Henry B. Eyring, Mogakolodi wa Bobedi mo Boporesidenteng jwa Ntlha, o rutile gore neo ya Mowa o o Boitshepo e re thusa go dira jalo: “O leloko la kgolagano la Kereke ya ga Jeso Keresete. …

Ke sone seo o nang le maikutlo a go batla go thusa motho yo o sokolang go tswelela ka fa tlase ga morwalo wa bohutsana le bothata. O solofeditse gore o tlaa thusa Morena go dira mekgweleo ya bone motlhofo le go gomodiwa. O neetswe thata go thusa go tlhofofatsa merwalo eo fa o amogela neo ya Mowa o o Boitshepo.’’1

Ka sekai, kgaitsadi kwa Russia o ne a na le seemo se se thata sa lelwapa se se mo iditseng go tsena kereke go feta ngwaga. Kgaitsadi mongwe mo lekaleng a mo otlologela mo bopelonoming Sontaga mongwe le mongwe ka go mo leletsa go mmolelela ka dipuiso, dithuto, dipitso tsa thomo ya efangele, bana ba ba tshotsweng, le tse dingwe dikgang tsa lekala. Fa kgaitsadi yo a neng a tshwaregile seemo sa lelwapa se rarabologa, o ne a ikutlwa jaaka karolo ya lekala ka ntlha ya go letsa ga tsala ya gagwe beke le beke.

Ntlha

  1. Henry B. Eyring, “Mogomotsi,” Liahona, Motsheganong 2015, 18.