Tsala
Moperofeti Isaia
Sedimonthole 2026


“Moperofeti Isaia,” Friend, Sed. 2026, 46–47.

Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa Friend, Sedimonthole 2026

Moperofeti Isaia

Setshwantsho sa ga Isaia a bona Morena mo ponatshegelong

Letsatsi lengwe mo tempeleng, Morena a bitsa Isaia go nna moperofeti. Isaia o ne a rata batho mme a ba ruta ka ga go tla ga ga Jeso Keresete.

Setshwantsho sa ga Isaia a perofesa ka ga botsalo jwa ga Jeso Keresete

Isaia o ithutile gore Jeso Keresete o tlaa tla letsatsi lengwe go boloka batho ba Gagwe go tswa mo sebeng. Mme ga se mongwe le mongwe yo o tlaa mo lemogang jaaka Mmoloki wa bone. Isaia o ne a utlwa botlhoko gonne o ne a itse gore batho ba bantsi ga ba na go dumela mo go Jeso.

Setshwantsho sa ga Isaia a kwala ka ga Go Tla ga Bobedi ga ga Jeso Keresete

Isaia gape o ne a perofesa ka Go Tla ga Bobedi ga ga Jeso Keresete. Letsatsi lengwe O tlaa boa le go nna Kgosi ya lefatshe lotlhe. O tlaa diragatsa togamaano ya ga Rara wa Gagwe ka go tlisa bopelontle le kagiso ka bosenang bokhutlo. Isaia o ne a re mongwe le mongwe o tlaa itse gore Jeso Keresete ke Mmoloki wa bone.

Tsebe ya go taka

Jeso Keresete O Tsholetswe mo Bethelehema

Tsebe ya go Taka PDF ya ga Josefa a eteletse tonki pele e Marea a e palame

Ditshwantsho ka Audrey Day. E ka Kopololelwa tiriso ya Kereke fela.

O ipelela jang botsalo jwa Mmoloki?