“Safe in the Fire,” Friend, Oct. 2026, 46–48.
Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa Friend, Phalane 2026
Sireletsegile mo Molelong
Kgosi Nebukadenesare o ne a dira setshwantsho se segolo sa gouta mme a pateletsa batho ba gagwe gore ba se obamele. Fa ba ne ba gana, ba ne ba tlaa tsenngwa mo bokepisong jwa molelo.
Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba rata Modimo mme ba ne ba ka se obamele modimo wa disetwa wa kgosi.
Ditsala tse tharo di ne tsa bolelela kgosi gore di ne di tlaa obamela Modimo fela. Ba ne ba dumela gore Modimo o tlaa ba sireletsa. Mme le fa a ne a ka seka a ba sireletsa, ba ne ba tlaa emela se ba se dumelang.
Kgosi o ne a galefile O ne a dira gore ditsala di latlhelwe mo bokepisong jwa molelo. Mme fa kgosi e leba mo bokepisong, e ne ya gakgamadiwa ke go bona sebopiwa sa selegodimo se le mo molelong le banna ba bararo.
Kgosi e ne ya bitsa Shaderake, Meshake le Abedenego, mme ba tswa mo bokepisong. Molelo o ne o sa ba gobatsa e bile o ne o sa fisa diaparo tsa bone.
Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba ikobela ditaelo tsa Modimo, le e leng fa matshelo a bone a ne a le mo diphatseng. Sekai sa bone se thusitse kgosi go dumela mo Modimong.
Tsebe ya go taka
Baperofeti Ba Bilediwa go Bua Mafoko a Morena
Ditshwantsho ka Audrey Day. E ka Kopololelwa tiriso ya Kereke fela.
O sala morago jang Moperofeti?
© 2026 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E Gatisitswe mo USA. Sekgoa se se Letleletsweng: 6/19. Thanolo e e Letleletsweng: 6/19. Thanolo ya Monthly Friend Message, Phalane 2026. Setswana. 20061 763