“Ruth le Naomi,” Friend, Lwetse 2026, 46–48.
Molaetsa wa Kgwedi le Kgwedi wa Friend, Lwetse 2026
Ruthe le Naomi
Lelwapa la ga Naomi le ne le nna kwa Juta. Ba ne ba se na dijo tse di lekaneng ka ntlha ya leuba, ka jalo ba ne ba fudugela kwa Moabe.
Kwa Moabe, monna wa ga Naomi o ne a swa mme barwa ba gagwe ba nyala basadi ba ba bidiwang Orepa le Ruthe. Ba ne ba tlhokomela Naomi dingwaga di le 10. Mme ke gone banna ba ga Orepa le Ruthe ba ne ba swa. Jaanong basadi ba ne ba le nosi.
Orepa a boela gae. Mme Ruthe o ne a batla go sala le go tlhokomela Naomi. Ruthe le Naomi ba ne ba utlwa gore lefatshe la Juta le na le dijalo gape, ka jalo ba ne ba tsamaya go ya koo.
Ba ne ba goroga ka nako ya thobo. Boase wa losika lwa ga Naomi o ne a na le masimo. O ne a letla Ruthe gore a tseye dijo tsa ditlhaka tse di setseng. E ne e le tiro e e bokete.
Boase o ne a tlotla Ruthe ka gonne o ne a dira ka natla e bile a ikanyega mo go Naomi le Morena.
Ruthe o ne a kopa Boase gore a mo nyale. Boase o ne a itse gore Ruthe ke mosadi yo o ikanyegang le yo o nang le mekgwa e e siameng. A dumela.
Ruthe le Boase ba ne ba nyalana mme ba nna le ngwana wa mosimane. Dingwaga di le dintsi moragonyana, Jeso Keresete o ne a tsholelwa mo losikeng lono lwa lelapa.
Tsebe ya go taka
Ka ntlha ya ga Jeso Keresete, Keka Ikwatlhaya le go Nna Phepa.
Ditshwantsho ka Audrey Day. E ka Kopololelwa tiriso ya Kereke fela.
Ke eng se se go thusang go gakologelwa go dira ditlhopho tse di siameng?
© 2026 by Intellectual Reserve, Inc. All rights reserved. E Gatisitswe mo USA. Sekgoa se se Letleletsweng: 6/19. Thanolo e e Letleletsweng: 6/19. Thanolo ya Monthly Friend Message, September 2026.Setswana. 20073 763